Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Masetlapelo A Botshelo Ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?

A Masetlapelo A Botshelo Ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?

Babadi ba a Botsa

A Masetlapelo A Botshelo Ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?

A tiragalo nngwe e e utlwisang botlhoko mo botshelong jwa gago e dirile gore o ipotse gore a Modimo o ikaeletse gore o diragalelwe ke masetlapelo? Go lwala ka tshoganyetso, go tlhagelwa ke kotsi kgotsa go swelwa ke mongwe mo lapeng ka tshoganyetso go ka dira gore re ikutlwe e kete Modimo o re tlhophile gore a re otlhaye.

Go na le gore o akanye jalo, o tshwanetse go gomodiwa ke gore Modimo o batla gore batho ba itumele le gore ba se ka ba utlwa botlhoko. Re bona seno mo kgannyeng ya gore fa Modimo a ne a bopa batho ba ntlha, o ne a ba baya mo “tshingwaneng ya Edene,” paradaise e e tshwanang le paraka, mo botshelo bo neng bo se na masetlapelo ape.—Genesise 2:15.

Ka maswabi, banyalani ba ntlha ba ne ba tlhopha go gana tsholofetso eno e e itumedisang mme ba se ka ba ikobela Modimo ka boomo. Matswela a a botlhoko a ne a se ka a ama bone fela mme le ditlogolwana tsotlhe tsa bone, go akaretsa le rona. Ka ntlha yang? Boemo jono bo ka tshwantshiwa le se se diregang fa tlhogo ya lelapa e sa duele rente ya ntlo—lelapa lotlhe le tla ntshiwa mo go yone mme ba tla tshela boima. Ka tsela e e tshwanang, batho botlhe ba lebana le masetlapelo ka ntlha ya go tsuologa ga batho ba ntlha. (Baroma 5:12) Dingwaga di le dintsi morago ga moo, monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a bua a hutsafetse gore fa botlhoko le go boga ga gagwe di ne di ka ‘bewa mo sekaleng,’ di ne di ka nna “boima go feta le moshawa wa mawatle.”—Jobe 6:2, 3.

Selo se sengwe se se bakang masetlapelo ke go sa kgone ga rona go bonela dilo kwa pele. Ka sekai, akanya ka moagi yo o agang matlo mo lefelong le gantsi go nnang le molelo wa naga mo go lone, a bo a a rekisa. E re ka o sa itse seno, o reka ntlo nngwe mo matlong ano o bo o nna mo go yone. A o ne o tla bo o sa beye wena le ba lelapa la gago mo masetlapelong a magolo? Mathata ape a a neng a ka nna gone a ne a se kitla a lebiwa e le katlholo e e tswang kwa Modimong, a ga go jalo? Baebele e tlhalosa seno jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Le fa go ntse jalo, go a gomotsa go itse gore le fa rotlhe re lebana le masetlapelo, Modimo o ikaeletse gore go ise go ye kae o tla golola batho mo go one. Fa nako eo e goroga, ga o kitla o tlhola o diragalelwa ke masetlapelo, o a bona kgotsa o utlwela ka one. Dikeledi tsa bohutsana, kutlobotlhoko, loso le khutsafalo di tla bo di “fetile.” (Tshenolo 21:4) Selo se sengwe gape se se itumedisang ke tsholofetso ya gore batho ga ba kitla ba tlhola ba aga matlo le go jala dijalo mme di bo di senngwa ke dintwa kgotsa masetlapelo. Go na le moo, ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone “ka botlalo.”—Isaia 65:21-25.

Fa o ntse o letetse Modimo go fedisa masetlapelo ano otlhe, o ka dira eng gone jaanong gore a se ka a go ama thata? Selo sa ntlha le sa konokono se Baebele e re gakololang ka sone ke gore ‘re se ka ra ikaega ka tlhaloganyo ya rona’ go na le moo re ‘ikanye Jehofa ka pelo ya rona yotlhe.’ (Diane 3:5) Leba kwa go ene gore a go kaele le go go gomotsa. Dirisa botlhale jwa Modimo jo bo mo Baebeleng. Bo tla go thusa go dira ditshwetso tse di botlhale le go go sireletsa mo masetlapelong ao a a ka tilwang.—Diane 22:3.