Loeto go ya Kwa “Lefelong le le Kwa Kgakala”
Lekwalo le le Tswang Kwa Russia
Loeto go ya Kwa “Lefelong le le Kwa Kgakala”
SEFOFANE sa rona se sennye se ne sa tloga mo Yakutsk mme sa tlhatlogela kwa godimo ka iketlo go fitlha se kgabaganya Mokgatšha wa Tuymaada. Re ne ra tswa mo lefelong le le nang le makadiba a a tsididitsididi a a sa tshwaneng ka popego le bogolo, ra kgabaganya Verkhoyanskiy, lefelo le le nang le ditlhoa tse dintsi tse di apesitsweng ke kapoko mme letsatsi le phatsima mo go tsone. Fa re sena go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 900 ka sefofane, kgabagare re ne ra fitlha kwa motseng wa Deputatskiy.
Leno e ne e le loeto lwa ntlha mo go a le mantsi a ke a tsereng kwa Repaboliking ya Sakha, e gape e bidiwang Yakutia, naga e ntle e e fetang Yuropa Bophirima yotlhe mme maemo a yone a bosa a sa itumedise. Ke lefelo le themperetšha ya lone e ka fitlhang go didikirii di le 40 ka selemo go ya go di le -70 ka mariga e bile mo mmung go na le masalela a diphologolo tse dikgolo tse di suleng bogologolo. Le fa go fetile dingwaga di le mmalwa fa e sa le ke etetse lefelo leno, ke sa ntse ke gakologelwa sentle torotswana eo e khurumeditswe ke mouwane, lesedi la kafa bokone le phatsima sentle le batho ba ba itumetseng ba kwa Yakut.
Motse wa Deputatskiy e ne e se one wa bofelo o re neng ra o etela. Nna le motho yo ke neng ke tsamaya le ene, re ne re tshwanetse go etela metse e mengwe. Motse wa ntlha e ne e le wa Khayyr, o o sekgala sa dikilometara di le 300 go ela kwa bokone, gaufi le Lewatle la Laptev, kwa bokone jwa Siberia. Ke eng fa re sweditse go etela koo? Pelenyana ga moo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tlile mo metseng eno mme a fitlhela batho ba le bantsi ba ba neng ba batla go ithuta go le gontsi ka Baebele. Go ne ga fitlhelwa gore rona ba re neng re nna mo Yakutsk, dikilometara di ka nna 1 000 go tswa kwa motseng oo, re ne re le gaufi le bone! Re ne re na le boikutlo jwa gore batho bano ba ne ba tlhoka go kgothadiwa le go thusiwa.
Fa re goroga mo Deputatskiy, re ile ra fitlhela monna mongwe yo o neng a kgweetsa koloi a ya kwa Khayyr, mme o ne a ithaopela go re pagamisa ka madi a mannye. Re ne re okaoka fa re bona koloi ya gagwe—e e dirilweng ka nako ya puso ya Soviet mme e se mo boemong jo bontle. Le fa go ntse jalo, re ne ra e palama mme ra tsamaya le ene mo maitseboeng ao. Re ne re sa itse gore re tla diragalelwa ke eng.
Ditulo tsa koloi di ne di le tsididi tota go gaisa ka kwa ntle, mme re ne ra lemoga ka bonako gore di ne di ka se thuthafale. Re ne ra kopa go ema gore re ntshe diaparo tsa boboa mo dikgetsaneng tsa rona tse re neng ra di apara mo godimo ga diaparo tse re neng re di apere. Re ne re ntse re gatsela le fa re ne re di apere.
Mokgweetsi yo o nang le maitemogelo wa kwa Bokone, e ne e le motho yo o nnang a itumetse. Ka bonako fela o ne a re botsa jaana, “A lo kile lwa bona dipone tsa kwa bokone?” Ke ne ke ise ke di bone, ka jalo o ne a emisa koloi mme ra tswela kwa
ntle. Ka nakwana, re ne ra lebala gore re ne re gatsetse. Ke ne ke kgatlhegile, ke gakgamaditswe ke phatsimo ya dipone tsa mebalabala tse di neng di lebega e kete ke digaretene tse di neng di bulega le go tswalega mo godimo ga rona—pono eno e e gakgamatsang e ne e lebega e le gaufi thata le rona.Mo mosong mongwe, go le tsididi e bile go le lefitshwana, koloi e re neng re e palame e ne ya gaelelwa mo kapokong. Re ne ra thusa mokgweetsi go ntsha koloi ya gagwe mo kapokong—mme ra dira seno makgetlo a le mmalwa morago ga moo—fa re ntse re lebile kwa Khayyr mo ditseleng tse di bipilweng ke kapoko. Ke ne ka lemoga motshegare gore “ditsela” tseno e ne e le dinoka tse metsi a tsone a neng a gatsetse! Kgabagare, motshegare morago ga diura di le 16 re sena go tloga kwa Deputatskiy re ne ra goroga kwa Khayyr. Le fa ke ne ke lebeletse gore ke tla bobola morago ga go nna lobaka lo loleele jaana mo serameng, re ne ra tsoga mo mosong o o latelang re sa lwale. Ke menwana ya me ya maoto fela e e neng e sule bogatsu ka ntlha ya serame. Baagi ba motse ba ne ba nnaya mafura a bera gore ke a tshase.
Gantsi re ne re tle re ye kwa magaeng a batho gore re bue le bone ka dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, mono mo Khayyr, ka bonako fela fa baagi ba itse gore re gorogile, ba tla go re batla! Letsatsi le letsatsi mo dikgweding di le pedi le sephatlo, re ne re ithuta Baebele le batho ba mo motseng mme ka dinako tse dingwe go simolola phakela mo mosong go fitlha bosigo. Go ne go kgatlha tota go kopana le batho ba le bantsi jalo ba ba ratang go amogela baeng le ba ba kgatlhegelang dilo tsa semoya. Basadibagolo ba le mmalwa ba kwa Yakut ba ne ba re bolelela jaana: “Re dumela mo Modimong. Lebaka la go bo lo tlile fano mo lefelong le le kgakala jaana ke sesupo sa gore Modimo o teng!”
Re ne re kgatlhwa thata ke dilo tse batho ba lefelo leno ba neng ba tlwaetse go di dira. Ka sekai, batho ba ne ba paka ditena tsa aese jaaka dikgong gaufi le matlo a bone. Fa ba batla metsi ba ne ba tsaya setena se le sengwe ba bo ba se tsenya mo ketleleng e kgolo e e mo molelong gore se gakologe. Baagi ba motse ba ne ba re apeela tlhapi ya kwa Arctic e e bidiwang chir, e ne e le monate fa e ne e apeilwe e le stroganina e leng dijo tse di rategang mo motseng ono. Fa tlhapi e sena go tshwarwa e a gatsediwa e bo e kgabetlelelwa bosesane, e tsenngwa mo motswakong wa letswai le pepere e bo e jewa ka yone nako eo. Baagi ba motse ba ne ba re bolelela ka masalela a a omeletseng a diphologolo tsa bogologolo, jaaka dinaka le ditlhare tse di omeletseng tse gantsi ba neng ba di fitlhela mo lefelong leno.
Ke ne ke tsamaya dikilometara di le makgolo go tswa kwa Khayyr mme gantsi ka sefofane go etela batho ba ba kgatlhegelang Baebele ba mo metseng e mengwe ya kwa Yakutia. Batho ba fano ba rata batho! Nako nngwe ke ne ka kopana le mosimanyana mongwe yo o neng a lemoga gore ke tshaba go palama sefofane. O ne a nkgothatsa ka go ntirela karata. O ne a teroile dithaga di le pedi le sefofane mme a nkwalela jaana: “Sasha, fa o tsamaya ka sefofane o se ka wa boifa gore o tla wa. Mathaio 10:29.” Ke ne ka amega maikutlo tota fa ke ne ke leba lekwalo leno! Ke ne ka bala mafoko a ga Jesu a a kaga dithaga: “Ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona.”
Ke anetse ka dilo di le mmalwa fela tse di nkgatlhileng kwa Yakutia. Lefelo leo le le tsididi le tla nna le nkgopotsa batho ba ba lorato ba ba nnang “kwa lefelong le le kwa kgakala.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Batho ba kwa Yakut ba rata go amogela baeng