Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Nna le Kagiso mo Lefatsheng Leno le le Tletseng Matshwenyego?

A o Ka Nna le Kagiso mo Lefatsheng Leno le le Tletseng Matshwenyego?

A o Ka Nna le Kagiso mo Lefatsheng Leno le le Tletseng Matshwenyego?

A O TSHELA ka kagiso? Batho ba le bantsi ba araba ka gore nnyaa. Ba nna mo mafelong a a tletseng dintwa, dikhuduego tsa dipolotiki, ntwa ya bomorafe kgotsa borukhutlhi. Tota le fa o sa diragalelwe ke masetlapelo ao, o ka tswa o tshwenngwa ke bokebekwa, go tlhaselwa le go ngangisana le batho ba o dirang kgwebo le bone kgotsa baagelani. Gantsi maloko a lelapa a a lwantshana go na le gore a nne ka kagiso.

Batho ba le bantsi ba eletsa go nna le kagiso ya mogopolo. Ba ka nna ba e batla mo bodumeding, mo ditlelaseng tsa go ithuta go tlhatlhanya kgotsa ka go dira yoga. Ba bangwe ba solofela gore ba tla e bona mo dilong tsa tlholego—go tsaya maeto a boikhutso, go tsamaya mo dithabeng le mo sekgweng kgotsa go etela mafelo a a nang le metswedi ya metsi a a bothitho. Le fa go bonala batho bano ba nna le kagiso e e rileng ya mogopolo, go ise go ye kae ba lemoga gore kagiso eo ga e kgotsofatse e bile ke ya nakwana fela.

Ka jalo, o ka bona kae kagiso ya mmatota? Re ka e bona mo Mmoping wa rona, Jehofa Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne ke “Modimo yo o nayang kagiso.” (Baroma 15:33) Mo Bogosing jwa gagwe jo bo tla tlogang bo tla, go tla nna le “letlotlo la kagiso.” (Pesalema 72:7; Mathaio 6:9, 10) Eno ke kagiso e e gaisang e e ka tlisiwang ke go dira ditumalano tsa go dira kagiso tse di dirwang ke batho. Gantsi ditumalano tseo di dira gore dintwa di khutle ka nakwana fela. Mme kagiso ya Modimo e tla fedisa dilo tsotlhe tse di bakang ntwa le dikgotlhang. Tota e bile, ga go na ope yo o tla tlholang a ithuta ntwa gape. (Pesalema 46:8, 9) Kwa bofelong re tla nna le kagiso ya mmatota!

Le fa tsholofetso eno e le e e itumedisang, o ka tswa o eletsa go nna le kagiso gone jaanong. A go na le tsela ya go nna le kagiso ya mogopolo e e ka go thusang mo metlheng ya rona e e tletseng ka matshwenyego? Se se itumedisang ke gore Baebele e re bontsha gore re ka nna le yone jang. Ela tlhoko dikaelo dingwe tse di mo kgaolong ya bonè ya lokwalo lwa ga moaposetoloi Paulo le a le kwaletseng Bafilipi. Re kopa gore o bale temana 4 go ya go 13 mo Baebeleng ya gago.

“Kagiso ya Modimo”

Re bala jaana mo go temana 7: “Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Kagiso eno ga e nne gone fela ka go tlhatlhanya kgotsa ka go tokafatsa botho jwa rona. Go na le moo, e tswa kwa Modimong. Kagiso eno e maatla thata mo e leng gore e ‘gaisa kakanyo yotlhe.’ Ruri e gaisa poifo ya rona, kitso ya rona e e lekanyeditsweng le dikakanyo tsa rona tse di phoso. Re ka bona mathata a rona a se na tharabololo mme kagiso ya Modimo e ka re naya tsholofelo e e tswang mo Baebeleng ya gore mo isagweng mathata otlhe a rona a tla bo a seyo.

A seno ga se kgonege? Ee, mo bathong go ka lebega go le jalo; mme “dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mareko 10:27) Go nna le tumelo mo Modimong le go mo ikanya go ka re thusa go laola dikakanyo tsa rona gore re se ka ra tshwenyega mo go feteletseng. Akanya ka ngwana yo o timetseng mo lebenkeleng le legolo. O itse fela gore se a tshwanetseng go se dira ke go batla mmaagwe mme dilo di tla boa di siama gape. Fela jaaka mmè yono a ka tlamparela ngwana wa gagwe fa a mmona, le rona re ka tlhomamisega gore Modimo o tla re amogela. O tla re nametsa mme o tla tlosa dilo tsotlhe tse re tlhobaelang ka tsone.

Baobamedi ba le bantsi ba ga Jehofa ba ne ba nna le kagiso ya Modimo fa ba ne ba lebane le diteko tse di botlhoko. Ka sekai, akanya ka Nadine, yo o neng a swelwa ke ngwana yo o neng a ise a tsholwe. O tlhalosa jaana: “Ke fitlhela go le thata go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka gone, mme ke leka go dira e kete tiragalo eno ga e ntshwenye. Mme pelo ya me e ne e le botlhoko. Letsatsi le letsatsi, ke ne ke rapela Jehofa ke mmolelela kafa ke ikutlwang ka gone mme ke mo kopa gore a nthuse. Ke ne ka bona kafa thapelo e leng maatla ka gone ka gonne ka nako ya fa ke ne ke tshwenyegile thata, ke akanya gore ‘nka se tlhole ke kgona go tswelela ke itshokile,’ ke ne ka nna le kagiso ya mogopolo. Ke ne ka ikutlwa ke sireletsegile.”

Go Sireletsa Pelo ya Gago le Tlhaloganyo

Mma re boele kwa go Bafilipi 4:7. Ya re kagiso ya Modimo e tla disa dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo. Fela jaaka masole a disa kampa ya one, kagiso ya Modimo e disa dipelo tsa rona gore dikakanyo tsa go rata dikhumo, go tlhobaela mo go sa tlhokegeng le mekgwa e e sa siamang di se ka tsa re itaya tsebe. Akanya ka sekai seno.

Batho ba le bantsi mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego ba dumela gore ba tshwanetse go nna le madi a mantsi le dithoto gore ba itumele le go babalesega. Baitseanape ba ka ba naya kgakololo ya gore ba beeletse madi a bone mo dimmarakeng. A seo se dira gore ba nne le kagiso? Tota ga go jalo. Ba ka nna ba leba tlhwatlhwa ya dishere letsatsi le letsatsi, ba ipotsa gore a ba di rekise, ba di reke kgotsa ba di tlogele. Ba ka tlalelwa fa mmaraka wa go beeletsa dishere o latlhegelwa ke madi. Tota Baebele ga e kgale go dira dipeeletso, mme e naya kgakololo eno e e molemo: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno. Seno le sone ke lefela. Boroko jwa yo o direlang bo monate, go sa kgathalesege gore a o ja mo gonnye kgotsa mo gontsi; mme letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.”—Moreri 5:10, 12.

Bafilipi 4:7 e konela ka go re kagiso ya Modimo e disa dipelo le maatla a mogopolo “ka Keresete Jesu.” Kagiso ya Modimo e amana jang le Jesu Keresete? Jesu o na le seabe se segolo mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo. Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore re gololwe mo boleong le mo losong. (Johane 3:16) Gape ke Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi jwa Modimo. Go itse seabe sa ga Jesu go ka re thusa thata go nna le kagiso ya mogopolo le ya pelo. Jang?

Fa ruri re ikotlhaela maleo a rona re bo re kopa go itshwarelwa mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, Modimo o tla re itshwarela mme seo se tla dira gore re nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. (Ditiro 3:19) Fa re lemoga gore re ka se itumele ka botlalo go fitlha Bogosi jwa ga Keresete bo tla, re tila go tshela jaaka e kete ga go na isagwe. (1 Timotheo 6:19) Gone ke boammaaruri gore re ka se tshele re se na mathata, mme re gomodiwa ke tsholofelo e e tlhomameng ya gore go tla nna le botshelo jo bo molemo mo bogautshwaneng.

Kafa o ka Bonang Kagiso ya Modimo ka Gone

O ka bona jang kagiso ya Modimo? Re bona dintlha dingwe mo go Bafilipi 4:4, 5, e e balegang jaana: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng! A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe. Morena o gaufi.” Fa Paulo a ne a kwala mafoko ano, o ne a tsentswe mo kgolegelong ka mabaka a e seng one. (Bafilipi 1:13) Go na le gore a hutsafale ka ntlha ya go tshwarwa jalo, o ne a kgothaletsa badumedi ka ene go ipela ka metlha mo Moreneng. Go bonala sentle gore boipelo jwa gagwe bo ne bo sa ikaega ka maemo a a neng a le mo go one, mme bo ne bo ikaegile ka kamano ya gagwe le Modimo. Le rona re tlhoka go ithuta go itumelela go direla Modimo le fa re ka tswa re lebana le maemo afe. Fa re itse Jehofa botoka mme re dira thato ya gagwe, re tla itumelela go mo direla. Mme seo se tla dira gore re kgotsofale le go nna le kagiso ya mogopolo.

Mo godimo ga moo, re kgothalediwa go nna tekatekano. Fa re leka ka natla go nna tekatekano, re ka se batle go dira dilo tse re ka se di kgoneng. Re a itse gore ga re a itekanela; re ka se kgone go dira sengwe le sengwe sentle. Ka jalo, ke eng fa o tshwenyega ka go dira dilo ka tsela e e itekanetseng kgotsa o batla go gaisa batho ba bangwe? E bile re ka se lebelele gore batho ba bangwe ba dire dilo ka tsela e e itekanetseng. Ka jalo, re ka nna re ritibetse fa ba dira dilo tse di re kgopisang. Thanolo e nngwe ya lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng e le “tekatekano” ke “go ineela.” Fa re dumela gore dilo di dirwe ka tsela ya ba bangwe e seng ya rona fela, re tla tila dikgotlhang tse di ka dirang gore re se ka ra tshedisana sentle le batho ba bangwe mme tsa dira gore re se ka ra nna le kagiso ya mogopolo.

Polelo e e latelang mo go Bafilipi 4:5 e e reng “Morena o gaufi,” e ka lebega e sa dumalane le se go buiwang ka sone. Mo bogautshwaneng Modimo o tla emisetsa tsamaiso eno ya bogologolo ya dilo ka e ntšha mo Bogosing jwa gagwe. Mme le gompieno a ka nna gaufi le mongwe le mongwe yo o batlang go atamalana le ene. (Ditiro 17:27; Jakobe 4:8) Go itse gore o gaufi le rona go dira gore re ipele, re nne tekatekano le gore re se ka ra tlhobaela ka mathata a gompieno kgotsa ka isagwe fela jaaka temana 6 e tlhalosa.

Fa re bala temana 6 le 7, re lemoga gore re ka nna le kagiso ya Modimo fa re e rapelela. Batho bangwe ba leba thapelo e le tsela ya go tlhatlhanya, ba akanya gore mofuta mongwe le mongwe wa thapelo o ka dira gore ba ritibale. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa thapelo e le go bua le Jehofa go tswa pelong, puisano e e tshwanang le fa ngwana a bolelela motsadi yo o lorato dilo tse di mo ipedisang le tse di mo tshwenyang. A bo go gomotsa jang ne go itse gore re ka kgona go bua le Modimo “ka sengwe le sengwe.” Re ka bolelela Rraarona yo o kwa legodimong sengwe le sengwe se se mo megopolong ya rona kgotsa se se mo dipelong tsa rona.

Temana 8 e re kgothaletsa go akanya ka dilo tse di siameng. Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go akanya fela ka dilo tse di siameng. Jaaka temana 9 e tlhalosa, gape re tshwanetse go dirisa kgakololo e e molemo ya Baebele. Go dira jalo go tla dira gore re nne le segakolodi se se molemo. A bo seane seno se le boammaaruri jang ne: Segakolodi se se molemo ke mosamo o o botobetobe!

Ee, o ka nna le kagiso ya mogopolo. E tswa kwa go Jehofa Modimo, yo o e nayang ba ba mo atamelang le ba ba batlang go latela kaelo ya gagwe. Fa o tlhatlhoba Lefoko la gagwe, Baebele, o ka itse dikakanyo tsa gagwe. Ga go motlhofo go dirisa kaelo ya gagwe. Mme o tla solegelwa molemo fa o leka ka natla go e dirisa ka gonne ‘Modimo wa kagiso o tla nna le wena.’—Bafilipi 4:9.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

“Kagiso ya Modimo . . . e tla disa dipelo tsa lona.”—BAFILIPI 4:7

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

A bo go gomotsa jang ne go itse gore re ka kgona go bua le Modimo “ka sengwe le sengwe”