A Madumedi Otlhe a Siame?
RE TSHELA mo lefatsheng le le nang le madumedi a le mantsi. Patlisiso nngwe ya bosheng ya re go na le madumedi a magolo a le 19 le a mannye a ka nna 10 000 mo lefatsheng lotlhe. Seno se dira gore batho ba itlhophele gore ba rata bofe. Ka jalo, a go botlhokwa gore o tlhopha bodumedi bofe?
Batho bangwe ba re madumedi a a farologaneng a tshwana le ditsela tse di sa tshwaneng tse di yang kwa thabeng. Mo go bone, ga go re sepe gore ba tlhopha tsela efe, e re ka ditsela tsotlhe di ya kwa lefelong le le tshwanang. Ba re e re ka Modimo Mothatayotlhe a le mongwe fela, madumedi otlhe a tshwanetse a bo a isa batho botlhe kwa go ene.
A Madumedi Otlhe a Lebisa Batho Kwa Modimong?
Ke eng se Jesu Keresete, mongwe wa barutisi ba bodumedi ba ba tlotlegang thata mo hisitoring a ileng a se bua ka kgang eno? O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane.” Ka ntlha yang? “Gonne kgoro e bulegile le tsela e e isang tshenyegong e atlhame, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Mme kgoro e tshesane le tsela e e isang botshelong e pitlagane, mme ba ba e bonang ba mmalwa.”—Mathaio 7:13, 14, The Holy Bible—New International Version.
A tota Jesu o ne a raya gore madumedi mangwe a isa batho “tshenyegong”? Kgotsa o ne a ruta gore batho ba ba sa dumeleng mo Modimong ke bone fela ba ba mo tseleng e e atlhameng, mme ba ba dumelang mo Modimong—le fa bodumedi jwa bone e ka tswa e le bofe—ba mo tseleng e tshesane e e isang botshelong?
Fa Jesu a sena go tlhalosa gore go na le ditsela di le pedi fela, o ne a re: “Itiseng mo baporofeting ba maaka. Ba tla mo go lona ba le bonolo jaaka dinku, mme tota ba kotsi jaaka diphiri.” (Mathaio 7:15, New Century Version) Moragonyana o ne a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa legodimo, mme go tla tsena fela ba ba dirang se Rre yo o kwa legodimong a batlang ba se dira.” (Mathaio 7:21, Today’s English Version) Fa mongwe a bidiwa moporofeti kgotsa a re Jesu ke “Morena” wa gagwe, go a utlwala gore re re motho yoo o rata bodumedi e seng gore ga a dumele mo Modimong. Ka jalo, go bonala sentle gore Jesu o ne a tlhagisa gore ga se madumedi otlhe a a siameng le gore ga se barutisi botlhe ba bodumedi ba ba tshwanetseng go ikanngwa.
A o Ka Kgona go Lemoga Tsela e Tshesane?
E re ka e se madumedi otlhe a a isang kwa Modimong, o ka bona jang bodumedi jo bo siameng jo bo isang kwa botshelong mo go a le mantsi a a leng gone? Akanya ka setshwantsho seno: A re re o latlhegile mo toropong e kgolo. O swetsa ka gore o kope thuso. Motho yo mongwe yo o tsayang gore o itse toropo eo botoka o go raya a re o ye kwa botlhaba. Yo mongwe o go raya a re o ye kwa bophirima. Mme yo mongwe ene a re o tlhophe tsela e wena o tsayang gore e siame. La bofelo, yo mongwe o ntsha mmapa o o ka ikanngwang a bo a go bontsha tsela e e siameng. Morago ga moo o go naya mmapa gore o tle o o leba fa o ntse o tsamaya. A o ne o se kitla o ikutlwa o tlhomamisegile gore o tla fitlha kwa o yang gone?
Ka tsela e e tshwanang fa re batla go itse gore ke bodumedi bofe jo bo siameng jo re tshwanetseng go bo tlhopha, re tlhoka mmapa wa tshwantshetso o o ikanyegang o o tla re kaelang. A o teng? Ee. Mmapa oo ke Baebele, e e reng: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go otlhayeng, mo go kaeleng ka tshiamo.”—2 Timotheo 3:16, King James Version.
Gongwe o ka tswa o na le Baebele e o ka e dirisang jaaka mmapa wa tshwantshetso go go kaela kwa kobamelong ya boammaaruri. Bagatisi ba makasine ono, Basupi ba ga Jehofa, ba gatisa thanolo e e ikanyegang ya Baebele e e itsegeng e le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Le fa go ntse jalo, fa o se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ka rata go dirisa dithanolo tse dingwe fa o sekaseka kafa o ka lemogang ka gone bodumedi jo bo siameng le jo bo sa siamang. Ka jalo, ditlhogo tseno di nopola go tswa mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele tse di tlotliwang thata ke madumedi a mangwe.
Fa o ntse o bala ditlhogo tse di latelang, bapisa se o se itseng le se Baebele e se buang. Gakologelwa mafoko a ga Jesu malebana le kafa re ka lemogang ka gone bodumedi jo bo siameng le jo bo sa siamang. O ne a re: “Setlhare se se molemo se tlhagisa loungo lo lo molemo, mme setlhare se se sa siamang se tlhagisa loungo lo lo sa siamang. Setlhare se se molemo ga se ka ke sa tlhagisa loungo lo lo sa siamang e bile setlhare se se sa siamang ga se ka ke sa tlhagisa loungo lo lo molemo.” (Mathaio 7:17, 18, Contemporary English Version) Akanya ka maungo a mararo a a molemo a Baebele e reng “setlhare se se molemo” se tla lemogiwa ka one.