Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikhumo Tse di Tswang Kwa Modimong

Dikhumo Tse di Tswang Kwa Modimong

Dikhumo Tse di Tswang Kwa Modimong

FA O ikanyega mo Modimong, a o tla go segofatsa ka dikhumo? Go ka direga, mme e seng ka mofuta wa dikhumo tse o di lebeletseng. Akanya ka Marea mmaagwe Jesu. Moengele Gabariele o ne a bonala kwa go ene mme a mo raya a re o ne a ‘ratilwe segolo’ ke Modimo le gore o ne a tla tshola Morwa Modimo. (Luke 1:28, 30-32) Le fa go ntse jalo, o ne a sa huma. Fa Marea a ne a ntsha setlhabelo morago ga gore Jesu a tsholwe, o ne a ntsha “maeba a mabedi kgotsa maphoi a mannye a mabedi,” a e neng e le setlhabelo se go neng go tlwaelegile gore bahumanegi ba se ntshetse Jehofa.—Luke 2:24; Lefitiko 12:8.

A lebaka la go bo Marea a ne a humanegile le ne le kaya gore Modimo o ne a sa mo segofatsa? Go farologana le seo, fa a ne a etetse Elisabetha yo e neng e le wa losika lwa gagwe, “Elisabetha a tlala moya o o boitshepo, mme a tlhaeletsa ka mokgosi o o kwa godimo a re: ‘O sego [Marea] gareng ga basadi, le leungo la sebopelo sa gago le sego!’” (Luke 1:41, 42) Marea o ne a nna le tshiamelo ya go nna mmè wa mo lefatsheng wa Morwa yo o rategang wa Modimo.

Jesu ka boene o ne a sa huma. O ne a sa tsholelwa le go godisediwa mo legaeng le le humanegileng fela mme gape o ne a humanegile botshelo jotlhe jwa gagwe mo lefatsheng. Nako nngwe o ne a raya monna yo o neng a batla go nna morutwa wa gagwe a re: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Luke 9:57, 58) Le fa go ntse jalo, se Jesu Keresete a se dirileng ka go tla mo lefatsheng se dirile gore barutwa ba gagwe ba nne le dikhumo tse dintsi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “O ne a humanega ka ntlha ya lona, gore lo tle lo hume ka lehuma la gagwe.” (2 Bakorintha 8:9) Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe dikhumo tsa mofuta ofe? Mme rona re na le dikhumo tsa mofuta ofe gompieno?

Dikhumo Tsa Mofuta Ofe?

Gantsi go nna le dikhumo go ka dira gore motho a se ka a nna le tumelo ka gonne motho yo o humileng a ka ikanya madi a a nang le one go na le go ikanya Modimo. Jesu o ne a re: “A bo e tla nna selo se se thata jang ne gore ba ba nang le madi ba tsene mo bogosing jwa Modimo!” (Mareko 10:23) Ka jalo, go bonala sentle gore dikhumo tse Jesu a neng a di naya balatedi ba gagwe di ne di sa amane le dilo tse di bonalang.

Tota e bile, bontsi jwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba humanegile. Fa monna yo o neng a tshotswe e le segole a ne a kopa madi, Petere o ne a mo araba a re: “Selefera le gouta ga ke a di tshola, mme se ruri ke nang le sone ke se ke se go nayang: Mo leineng la ga Jesu Keresete Monasaretha, tsamaya!”—Ditiro 3:6.

Mafoko a ga morutwa Jakobe le one a bontsha gore bontsi jwa batho bo ne bo humanegile mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a kwala jaana: “Reetsang, bakaulengwe ba me ba ba rategang. Modimo o ne a tlhopha bone ba ba humanegileng mabapi le lefatshe gore ba nne bahumi mo tumelong le baruaboswa ba bogosi, jo a neng a bo solofetsa ba ba mo ratang, a ga a dira jalo?” (Jakobe 2:5) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo le ene o ne a re ga se ba bantsi “ba ba botlhale ka tsela ya senama” kgotsa “ba ba nang le maatla” kgotsa “ba ba tshotsweng ke batlotlegi” ba ba biditsweng go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete.—1 Bakorintha 1:26.

Fa e le gore dikhumo tse Jesu a di neileng balatedi ba gagwe e ne e se tsa dilo tse di bonalang, o ba neile tsa mofuta ofe? Mo lekwalong le Jesu a neng a le romelela phuthego ya Semerena, o ne a re: “Ke itse pitlagano ya gago le lehuma—mme o humile.” (Tshenolo 2:8, 9) Le fa Bakeresete ba kwa Semerena ba ne ba humanegile, ba ne ba na le dikhumo tse di botlhokwa thata go feta selefera kgotsa gouta. Ba ne ba humile ka gonne ba ne ba na le tumelo e bile ba ikanyega mo Modimong. Tumelo ka boyone e botlhokwatlhokwa ka gonne “ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathesalonika 3:2) Tota e bile, Modimo o leba batho ba ba se nang tumelo ba humanegile.—Tshenolo 3:17, 18.

Dikhumo Tse di Nnang Gone ka Ntlha ya Tumelo

Tumelo e botlhokwa ka ditsela dife? Batho ba ba nang le tumelo mo Modimong ba solegelwa molemo ke “dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe le boiphapaanyo le go itshwara ka bopelotelele.” (Baroma 2:4) Gape ba nna le “boitshwarelo jwa ditlolo [tsa bone]” ka gonne ba dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. (Baefeso 1:7) Mo godimo ga moo, ba na le botlhale jo “lefoko la ga Keresete” le bo nayang ba ba nang le tumelo. (Bakolosa 3:16) Fa ba ntse ba rapela Modimo ka tumelo, “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe” e disa dipelo le megopolo ya bone, e ba tlisetsa kgotsofalo le boitumelo.—Bafilipi 4:7.

Mo godimo ga melemo eno yotlhe, batho ba ba dumelang mo Modimong ka Morwawe, Jesu Keresete, ba na le tsholofelo e e molemo ya go tshelela ruri. Ano ke mafoko a a itsegeng a ga Jesu Keresete: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Tsholofelo eo e e botlhokwatlhokwa e nonotshiwa ke fa motho a nna le kitso e e boammaaruri ka Rara le Morwa, ka gonne Jesu gape o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo  romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Le fa masego a Modimo a re nayang one e le a semoya, gape o re naya a a re solegelang molemo mo maikutlong le mo mmeleng. Ka sekai, akanya ka Dalídio wa kwa Brazil. Pele a nna le kitso e e boammaaruri ka boikaelelo jwa Modimo, o ne a nwa bojalwa bobe. Seno se ne sa dira gore go se ka ga nna le kagiso mo lapeng la gagwe. Mo godimo ga moo, o ne a nna a se na madi. O ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a fetola tsela e a neng a tshela ka yone.

Se Dalídio a se ithutileng mo Baebeleng se ne sa dira gore a tlogele mekgwa ya gagwe e e kotsi. O ne a gatela pele semoyeng mo a neng a re, “Ke ne ke ya kwa dibareng; mme gone jaanong ke tsamaya ka ntlo le ntlo.” O ne a nna modiredi wa nako e e tletseng a ruta batho Lefoko la Modimo. Phetogo eno ga e a tokafatsa fela botsogo jwa gagwe mme gape le maemo a gagwe a tsa madi. Dalídio a re: “Madi a ke neng ke a tle ke a dirisetse go nwa bojalwa, gone jaanong ke a dirisetsa go thusa batho ba bangwe ba ba tlhokang kgotsa go reka dilo tse ke di tlhokang.” Gape o ne a nna le ditsala tse dintsi tsa mmatota ka go itsalanya le batho ba ba lebang dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Gone jaanong Dalídio o na le kagiso ya mogopolo le kgotsofalo e e fetang epe fela e a neng a ka e bona pele a itse ka Modimo.

Renato ke mongwe wa batho ba botshelo jwa bone bo neng jwa fetoga ka ntlha ya go nna le tumelo mo go Jehofa Modimo. Fa o mmona a itumetse a nyenya, go thata go dumela se se mo diragaletseng mo botshelong. O ne a latlhwa ke mmaagwe fa a sena go tsholwa. O ne a mo tsenya mo kgetsaneng mme a mo tlogela mo tlase ga setulo, a ngapegile e bile a gobetse a sa ntse a na le mogala wa khubu. Basadi ba babedi ba ba neng ba feta ba ne ba bona kgetsana e tshikinyega mo tlase ga setulo. La ntlha ba ne ba akanya gore mongwe o tlogetse katsana ya gagwe moo. Fa ba fitlhela e le losea lo lo sa tswang go tsholwa ba ne ba lo potlakisetsa kwa bookelong jo bo gaufi gore lo alafiwe.

Mongwe wa basadi bao e ne e le Mosupi wa ga Jehofa mme o ne a bolelela Mosupi yo mongwe e bong Rita ka ga losea loo. Ka makgetlo a le mmalwa Rita o ne a tshola bana ba tla ba tlhokafetse mme o ne a na le morwadi a le mongwe fela. O ne a batla ngwana wa mosimane fela thata, ka jalo a swetsa gore a itseele Renato a mo ikgodisetse.

Rita o ne a tlhalosetsa Renato a sa ntse a le mmotlana gore ga se mmaagwe. Mme o ne a mo godisa ka lorato a bo a dira ka natla go mo ruta melaometheo ya Baebele. Fa a ntse a gola, o ne a simolola go kgatlhegela Baebele. Go anaanela ga gagwe kafa a neng a bolokiwa ka tsela e e gakgamatsang ka gone go ne ga gola. Matlho a gagwe a tlala dikeledi nako le nako fa a bala mafoko a ga mopesalema Dafide a a reng: “Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.”—Pesalema 27:10.

Renato o ne a bontsha gore o anaanela sotlhe se Jehofa a mo diretseng sone ka go kolobediwa ka 2002 mme ngwaga o o latelang a nna modiredi wa nako e e tletseng wa Mokeresete. Le gompieno ga a itse batsadi ba gagwe ba mmatota mme go ka direga gore a ka se ka a ba itse. Le fa go ntse jalo, Renato o akanya gore mpho ya botlhokwatlhokwa e a kileng a e amogela ke go itse le go dumela mo go Jehofa jaaka Rraagwe yo o lorato le yo o amegang ka ene.

Gongwe le wena o eletsa go nna le kamano e e gaufi le e e lorato le Modimo, e e ka tokafatsang botshelo jwa gago ka tsela ya mmatota. Tshono ya go nna le kamano e e ntseng jalo le Jehofa le Morwawe e bong Jesu Keresete e ka bonwa ke batho botlhe—bahumi le bahumanegi. Kamano eo e ka nna ya dira gore o se nne le madi a mantsi mme e ka dira gore o nne le kagiso ya mogopolo o bo o kgotsofale e leng dilo tse di ka se rekweng ka madi. Eleruri mafoko a a mo go Diane 10:22 a boammaaruri: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”

Jehofa Modimo o kgatlhegela thata batho ba ba mo atamelang: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:18) E bile o solofetsa go duela ka botlalo ba ba tlang mo go ene ka maitlhomo a a siameng le boikutlo jo bo siameng: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.”—Diane 22:4.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Go nna le tumelo mo Modimong go tlisa kagiso, kgotsofalo le boitumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Le fa lelapa la gaabo Jesu la mo lefatsheng le ne le humanegile, Modimo o ne a le segofatsa thata