Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Letlotlo la Baebele

Go Bona Letlotlo la Baebele

Go Bona Letlotlo la Baebele

MO MAKGOLONG a dingwaga a a fetileng, go ne go se motlhofo go bona dilo tse go kwalelwang mo go tsone jaaka gompieno. Matlalo le dilo tse dingwe tsa go kwalela di ne di dirisiwa gape ka gore di gotlhiwe kgotsa di phimolwe mokwalo wa enke o o neng o sa tlhole o tlhokega. Tota le mekwalo ya Baebele e e neng e kwadilwe mo matlalong e ne ya phimolwa gore a dirisiwe gape gore go kwalwe tshedimosetso e nngwe.

Sekwalelo sengwe sa botlhokwa se go neng go kwaletswe Baebele mo go sone ke Codex Ephraemi Syri rescriptus, mme rescriptus e kaya “go kwalela mo godimo ga mokwalo o mongwe.” Sekwalelo seno se botlhokwa thata ka gonne ke nngwe ya dikhopi tsa bogologolo tsa dikarolo tse di leng teng tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Ka jalo, ke nngwe ya dikwalelo tsa botlhokwa thata tse di neng di dirisiwa go tlhomamisa gore dikarolo tseno tsa Lefoko la Modimo di boammaaruri.

Mokwalo wa Dikwalo o o neng o kwadilwe mo mekwalong eno ya bogologolo ya mo lekgolong la botlhano la dingwaga o ne wa phimolwa mo lekgolong la bo12 la dingwaga C.E., mme ga kwalwa dithero di le 38 tsa thanolo ya Segerika ya moithuti wa Moasiria e bong Ephraem. Kwa bofelong jwa lekgolo la bo17 la dingwaga, baitse ba ne ba lemoga mokwalo wa Baebele o go neng go kwadilwe mo godimo ga one. Mo dingwageng di le mmalwa tse di neng tsa latela, baitse bano ba ne ba kgona go bona mekwalo ya ntlhantlha e e neng e kwadilwe. Le fa go ntse jalo, go ne go le thata go e bala yotlhe ka ntlha ya gore mokwalo wa enke e e neng e phimotswe o ne o sa bonale sentle kgotsa ka ntlha ya ditsebe tse di neng di gagogile le ka go bo mekwalo ya yone e ne e tlhatlaganye. Go ne ga dirisiwa dikhemikale gore ditemana tsa Baebele di bonale le go balwa mme seno ga se a ka sa thusa go le kalo. Baitse ba le bantsi ba ne ba lemoga gore mokwalo o o phimotsweng o ne o ka se kgone go bonala gape.

Mo masimologong a bo1840, Mojeremane mongwe yo o nang le bokgoni jwa go bua dipuo tse dintsi e bong Konstantin von Tischendorf o ne a leka ka natla go ithuta mekwalo ya bogologolo. Tischendorf o ne a fetsa dingwaga tse pedi a ithuta mekwalo eo ya bogologolo. Ke eng se se mo thusitseng gore a atlege fa ba bangwe bone ba paletswe?

Tischendorf o ne a tlhaloganya sentle mekwalo ya Segerika e e neng e kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo tse di kgaogantsweng. * E re ka a ne a bona sentle, o ne a lemoga gore fa a ne a lebaganya letlalo le go neng go kwaletswe mo go lone le lesedi o ne a kgona go bala mokwalo o o neng o kwadilwe la ntlha. Gompieno baitse ba dirisa mokgwa o o tshwanang ka go dirisa lesedi la marang a letsatsi, la ultraviolet le la polarize.

Tischendorf o ne a gatisa se a neng a se fitlheletse kgotsa a se ithutile mo go Codex Ephraemi ka 1843 le ka 1845. Seno se ne sa dira gore a itsege e le ene a di gogang kwa pele mo go ithuteng mekwalo ya bogologolo ya Segerika.

Codex Ephraemi e boleele jwa disentimetara di le 31 le bophara jwa disentimetara di le 23 mme ke sekai sa bogologolo sa mekwalo ya seatla e tsebe nngwe le nngwe ya yone e nang le kholomo e le nngwe fela. Mo ditsebeng di le 209 tse di bonweng, di le 145 tsa tsone ke dikarolo tsa dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika kwantle ga Bathesalonika wa Bobedi le Johane wa Bobedi. Ditsebe tse dingwe tsone ke tsa thanolo ya Segerika ya dikarolo tsa Dikwalo Tsa Sehebera.

Gompieno mokwalo ono wa bogologolo o bolokilwe kwa Laeboraring ya Setšhaba kwa Paris, kwa Fora. Ga go itsege gore mekwalo eno ya bogologolo e simologile kae le fa gone Tischendorf a akanya gore e tswa kwa Egepeto. Baitse ba tsaya Codex Ephraemi e le mongwe wa mekwalo ya botlhokwa mo go e le menè ya seatla ya Baebele ya Segerika e e kwadilweng ka ditlhaka tse dikgolo, e mengwe ke ya Sinaitic, ya Alexandrine le ya Vatican 1209 mme mekwalo eno yotlhe ke ya lekgolo la bonè le la botlhano la dingwaga C.E.

Re boloketswe molaetsa o o mo Dikwalong Tse di Boitshepo ka mefuta e e farologaneng e e neng e dirisiwa go kwala, go akaretsa le mo matlalong a a neng a phimolwa gore go kwalwe gape mo go one. Le fa motho mongwe yo o se nang kanaanelo a ile a leka go phimola mokwalo wa Baebele, molaetsa wa yone o ne wa tswelela o le gone. Seno se re tlhomamisetsa boammaaruri jwa mafoko a ga moaposetoloi Petere a a reng: “Lefoko la ga Jehofa lone le nnela ruri.”—1 Petere 1:25.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Tischendorf o itsege thata ka go bona thanolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera e leng nngwe ya mekwalo ya bogologolo e a ileng a e fitlhela kwa Ntlong ya Baitlami ya St. Catherine e e neng e le kwa mhapheng wa Thaba ya Sinai. Mokwalo oo wa seatla o itsege e le Codex Sinaiticus.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Codex Ephraemi Syri rescriptus, e leng sekwalelo sa botlhokwa se Tischendorf a neng a ithuta mokwalo wa sone (1815-1874)

MOKWALO WA NTLHANTLHA WA BAEBELE

MEKWALO YA DITHERO TSA SEGERIKA E E KWADILWENG MO GODIMO GA MEKWALO E MENGWE

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Bibliothèque nationale de France

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Codex Sinaiticus, e e bonweng kwa Ntlong ya Baitlami ya St. Catherine

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Tischendorf