Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgakgamatso ka Nako ya Moletlo wa Pentekosete!

Kgakgamatso ka Nako ya Moletlo wa Pentekosete!

Tsa Basha

Kgakgamatso ka Nako ya Moletlo wa Pentekosete!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo!

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA DITIRO 2:1-21, 38-41.

O gopola eng fa o bala pego e e kaga “phefonyana e e maatla e e tsubutlang” le “diteme tse e keteng tsa molelo”?

․․․․․

O akanya gore batho ba ne ba reng fa ba ne ba gakgamaletse go utlwa barutwa ba bua ka diteme di sele?

․․․․․

O akanya gore difatlhego tsa batho ba ba neng ba belaela ba ba tlhalositsweng mo temaneng ya 13 di ne di lebega jang?

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Pentekosete e ne e le moletlo o o ntseng jang, mme o ka tswa o ne wa ama jang boidiidi jo bo neng bo kokoane kwa Jerusalema? (Duteronome 16:10-12)

․․․․․

Petere o ne a bontsha jang gore o tlotla batho ba ba neng ba mo reeditse fa a ne a bua le bone, mme o ne a kgona jang go tlotla ka kgang e ba neng ba e kgatlhegela? (Ditiro 2:29)

․․․․․

Bopelokgale jwa ga Petere ka Pentekosete bo ne bo farologane thata jang le se se mo diragaletseng pelenyana kwa lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo? (Mathaio 26:69-75)

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Lebaka la go bo re tshwanetse go bua le bareetsi ba rona ka dilo tse re dumalanang le bone ka tsone le go bua le bone ka tlotlo fa re ba bolelela dilo tse re di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng.

․․․․․

Kafa o ka nnang ka gone Mosupi yo o pelokgale wa ga Jehofa, le fa gone jaanong o le ditlhong kgotsa o boifa.

․․․․․

KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Go dira dipatlisiso tse di oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya September 15, 1996, tsebe 8-9.