Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matlotlo a Amerika Bogare a Letsha le Legolo

Matlotlo a Amerika Bogare a Letsha le Legolo

Matlotlo a Amerika Bogare a Letsha le Legolo

LE FA Nicaragua e le naga e nnye, e na le metsi a le mantsi thata kwa Amerika Bogare—Letsha la Nicaragua. Se se kgatlhang ke gore Letsha la Nicaragua gongwe ke lone fela le nang le metsi a a phepa a go nang le mefuta ya ditlhapi tsa lewatle tse di jaaka dishaka, tlhapi e e bidiwang swordfish le tarpon. Baitsesaense ba dumela gore metsi ano a mantsi e kile ya bo e le kgogometso e e isang kwa lewatleng la Pacific mme go thunya ga lekgwamolelo go ne ga e kgaoganya le lewatle. Fa metsi a ne a fokotsega letswai, ditlhapi di ne tsa a tlwaela.

Letsha leo, le le boeleele jwa dikilometara di ka nna 160 le bophara jwa dikilometara di le 70, le dimetara di ka nna 30 go feta bogodimo jwa lewatle. Go na le ditlhaketlhake di feta 400 mo Letsheng la Nicaragua, mme tse 300 tsa tsone di fa thoko ga Sekasetlhake sa Asese, gaufi le toropo ya Granada kwa ntlheng e e kwa bokone jwa letsha leo. Di bidiwa Ditlhaketlhake Tse Dinnye Tsa Granada.

Setlhaketlhake se segolo mo letsheng leo se mo bogareng jwa Setlhaketlhake sa Ometepe. Setlhaketlhake seo se se boleele jwa dikilometara di ka nna 25 le bophara jwa dikilometara di le 13 se ne sa nna teng fa dithaba tse pedi tse di kopantsweng ke sebata se sennye sa lefatshe di sena go thunya lekgwamolelo. Thaba e telele e e bidiwang Concepción e e neng ya thunya lekgwamolelo e e tshwanang le khoune e tlhageletse dimetara di le 1 610 mo bogodimong jwa lewatle. E bonala thata mo ntlheng e e kwa bokone jwa setlhaketlhake seo. Thaba e nngwe ya lekgwamolelo e e bidiwang Madera e bogodimo jwa dimetara di le 1 394 mme ga e bonale thata. Madera e e khurumeditsweng ke dimela tse di kitlaneng, e na le letsha le lennye le le nang le mouwane.

Sengwe sa dilo tse di ngokelang bajanala mo lefelong leno ke Letsha la Nicaragua. Ba tla go bona bontle jwa lone jwa tlhago le masalela a dilo tse dintsi tse di ribolotsweng tsa metlha ya bogologolo. Mme go na le matlotlo a mangwe a Letsha la Nicaragua a go leng botlhokwa go ithuta ka one.

Batho ba ba Nnang mo Metsing

Ditlhaketlhake tse dinnye tsa kwa Granada di na le dimela di le dintsi tsa boboatsatsi le diphologolo tsa naga. Dithunya tse di mebalabala tse di ntle di mela mo dikgweng tse di apesitseng bontsi jwa ditlhaketlhake tseno tsa makgwamolelo. Dinonyane tse dintle tsa metsi tse di jaaka bokokolohutwe ba ba pududu, bomamoleane, ospreys, anhingas le cormorants di nna gaufi le lotshitshi lwa lewatle. Mo sekgwa seno se felelang teng, pheswana e e tswang mo letsheng e dira gore dintlhaga tse di mo ditlhareng tse dikgolo tse di agilweng ke dinonyane tse dikgolo tsa mmala o o bohibidu le borokwa tse di bidiwang Montezuma oropendolas di akgege.

Go na le batho ba ba nnang mo go dingwe tsa ditlhakatlhake tseno tse dinnye. Go na le matlo a batshwaraditlhapi le a bahumi ba nnang mo go one fa ba tlile go ikhutsa. Gape mo ditlhaketlhakeng tseo go na le dikolo, mabitla, diresetšhurente le dibara. Setlhopha sa ditlhaketlhake tseo se ntse jaaka motse o baagi ba one ba nnang mo metsing.

Moso mongwe le mongwe mokoro wa mmala o o pududu le bosweu o tswa kwa setlhaketlhakeng se sengwe go ya kwa go se sengwe go ya go tsaya bana ba sekolo. Mokoro o mongwe o batho ba rekisang maungo le merogo mo go one o tsamaya go tswa kwa setlhakatlhakeng se sengwe go ya kwa go se sengwe. Letsatsi le letsatsi o ka bona banna ba baakanya matloa a bone gore ba tshware ditlhapi le basadi ba tlhatswa diaparo mo letsheng.

Basupi ba ga Jehofa le bone ba tshwaregile mo ditlhaketlhakeng tseno. Ba dirisa mokoro go etela batho go buisana le bone ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Tsela e lefelo leno le bopegileng ka yone le ne le baka bothata: Dipokano tsa go ithuta Lefoko la Modimo e leng Baebele di ne di tla tshwarelwa kae? E re ka Baebele e re ‘re se lese go phuthega mmogo,’ Basupi ba ne ba tla ka leano le le botlhale—la go aga Holo ya ntlha ya Bogosi e e kokobalang mo metsing!—Bahebera 10:25.

Holo ya Bogosi e e Kokobalang mo Metsing

Banyalani bangwe ba e leng badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fudugela kwa Ditlhaketlhakeng tse dinnye tsa Granada ka November 2005. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, fa ba ne ba laletsa batho ba lefelo leo kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete, ba ne ba gakgamadiwa ke go bona batho ba le 76 ba le gone. Seno se ne sa dira gore banyalani bano ba bone go le botlhokwa gore ba simolole go tshwara dipokano tsa Bokeresete ka metlha mo lefelong leno. E re ka go ne go le thata go bona lefelo le le tshwanetseng go tshwarela dipokano mo go lone, banyalani bao ba ne ba loga leano le lengwe. Ba ne ba swetsa ka gore ba age Holo ya Bogosi e e kokobalang mo metsing e ba neng ba ka e isa kwa mafelong a a farologaneng a batho ba neng ba ka kgona go ya kwa go one.

Banyalani bano ba ba tlhagafetseng, ba ba iseng ba ko ba tlhame sepe kgotsa go aga sengwe se se kokobalang mo metsing, ba ne ba simolola tiro ya go aga. Bone le batho ba bangwe ba le barataro ba ne ba dira tiro eo mo nakong ya kgwedi e le nngwe. Lefelo le lesha la dipokano e ne e tla nna sekepe se se dirilweng ka dipolanka. Se ne se tla dirwa ka diforeimi tsa diphaepe tsa tshipi tse di lomagantsweng tse di kgonang go pega ditanka di le 12 tsa dilitara di le 150 tse di tladitsweng moya gore se kgone go kokobala. Se ne se tla dirwa ka legong fa fatshe se bo se rulelwa ka seile. Badiri ba ne ba rapela bosigo bongwe le bongwe malebana le tiro eo ka gonne ba ne ba sa itse gore holo eo e ne e tla kokobala. Mme e ne ya kokobala!

Holo e ntšha ya Bogosi e ne ya dirisiwa lekgetlo la ntlha go tshwara Dipokano Tsa Phatlalatsa ka June 10, 2006. Mo letsatsing le le latelang, e ne ya isiwa kwa letlhakoreng le lengwe la ditlhaketlhake gore e dirisediwe go tshwarela batho ba koo pokano e e tshwanang. Palo ya batho ba ba neng ba nna teng mo dipokanong tseo tse pedi e ne e le 48, le fa batho bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya halofo ya ura mo sekgweng. Botlhe ba ne ba itumelela go nna le lefelo la bone la kobamelo!

Go tshwarela dipokano mo Holong eno ya Bogosi go dira gore o utlwe se se diregang mo tikologong. Fa sebui se ntse se neela puo ya sone, bareetsi ba kgona go utlwa modumo wa metsi a ntse a itaagana mo matlapeng kgotsa ba utlwa tshwene e bokolela e le kwa kgakala. Go ise go ye kae, holo eo e ne ya nna selo se batho ba ba nnang mo setlhaketlhakeng seo ba tlwaetseng go se bona. Ba ne ba dumedisa fa ba bona e ntshiwa kwa lefelong le lengwe mme e isiwa kwa go le lengwe. Beke le beke, batho ba feta 20 ba ne ba tla mo Holong ya Bogosi e e kokobalang go tla go kopana le Bakeresete ka bone le go ithuta Baebele. A bo Holo eno ya Bogosi e le letlotlo la mmatota jang ne!

Setlhaketlhake sa Ometepe

Setlhaketlhake sa Ometepe se dikilometara di ka nna 50 go ya kwa borwa jwa Granada. Bontle jwa setlhaketlhake seo le mmu wa sone o o nonneng ga di bolo go dira gore e nne lefelo le batho ba ratang go nna mo go lone. Tota e bile, ke lone lefelo le go neng ga fitlhelwa bosupi jwa gore bogologolo go ne go lemiwa kwa Nicaragua. Gompieno, Ometepe e na le batho ba ka nna 42 000, ba tiro ya bone e leng go tshwara ditlhapi le go lema mmidi, dipanana, kofi le dijalo tse dingwe. Diphologolo tsa naga le tsone di dintsi. Go na le dipapalagae di le dintsi tse di tsosang modumo, dinonyane tse ditona tse go bonalang mmala o o pududu le o mosweu fa di ntse di fofa mo ditlhareng mme gape go na le dikgabo tse di nang le sefatlhego se sesweu, phologolo e batho ba le bantsi ba e ratang.

Gape baagi ba Ometepe ba etelwa ke baboledi ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ka 1966, go ne ga kolobediwa banna ba le barataro le basadi ba le babedi mme palo ya Basupi mo Ometepe e ne ya oketsega go nna 183, mo diphuthegong di le nnè tse di ntseng di gola. Phuthego nngwe le nngwe e na le Holo ya yone ya Bogosi e e leng gaufi le batho botlhe. Gompieno, Mosupi a le mongwe o tshwanetse go rerela batho ba le 230 mo setlhaketlhakeng seo.

Basupi ba ga Jehofa kwa Ometepe ba ne ba lebana le mathata mo dingwageng tse di fetileng. Ka sekai, baganetsi ba ne ba fisa Holo ya Bogosi kwa Mérida ka 1980. Holo e nngwe e ne ya agiwa ka 1984. E ne ya dirisiwa go fitlha ka 2003 mme maloko a le 60 a phuthego ya mo lefelong leo a ile a itumela fela thata fa go ne go agiwa Holo e ntšha e ntle ya Bogosi.

Kwa Moyogalpa, go ne ga agiwa Holo ya Bogosi e go lekanang batho ba le bantsi mo go yone fa go na le dikokoano tse dikgolo. Basupi ba mono le ditsala tsa bone tse di nnang gaufi le letsha leo ba phuthega mmogo nako le nako go tshwarela dikopano tse dikgolo gone. Mo dikokoanong tseno, Letsha la Nicaragua le siametse go kolobetsa barutwa ba basha ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 28:19.

A Matlotlo Ano a Tla Sirelediwa?

Letsha la Nicaragua ga le bolo go bonala e kete ga le kitla le kgotlelega, gongwe ka ntlha ya bogolo jwa lone. Mme gompieno le tlhoka go sirelediwa. Metsi a lone a kgotlelwa ke leswe le le tswang kwa go lemiwang teng le kwa madirelong, le le le tswang kwa mafelong a dikgwa di remilweng kwa go one.

Ga go itsege gore a puso le batho ba ba nnang mo lefelong leo ba tla kgona go emisa go kgotlelwa ga letsha leo. Tota le fa ba ka se kgone, Mmopi o tla tlhomamisa gore matlotlo otlhe a lefatshe, go akaretsa le matsha a a tsabakelang, ditlhaketlhake tse dintle le diphologolo tsa naga di a sireletsega gore e nne boswa jwa batho ba ba kutlo. Baebele ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Holo ya Bogosi e e kokobalang mo metsing e go tshwarelwang dipokano tsa Baebele mo go yone