Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moatlhodi yo o Atlholang Go ya Ka se Se Siameng

Moatlhodi yo o Atlholang Go ya Ka se Se Siameng

Atamalana le Modimo

Moatlhodi yo o Atlholang Go ya Ka se Se Siameng

Dipalo 20:2-13

BAATLHODI ba batho ba ka atlhola batho ka tsela e e sa siamang kgotsa e e setlhogo mme ga go a nna jalo ka Jehofa Modimo—“morati wa tshiamiso.” (Pesalema 37:28) Le fa a le pelotelele ga a letlelele sengwe le sengwe. O atlhola go ya ka se se siameng. Ela tlhoko se a neng a se dira fa batho ba ne ba omana e bile ba tsuologa jaaka go begilwe mo go Dipalo kgaolo 20.

Baiseraele ba ne ba tlhoka metsi fa ba ne ba le gaufi le go wetsa loeto lwa bone mo nageng. * Batho ba ne ba simolola go omanya Moshe le Arone, ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo tlisitse phuthego ya ga Jehofa mo nageng eno gore rona le dipelesa tsa rona re tle go swela mo go yone?” (Temana 4) Batho ba ne ba simolola go ngongorega ba re naga e ne e le ‘lefelo le le bosula’ le le se nang “difeige le mefine le digaranata”—maungo a ditlhola tsa Baiseraele di neng tsa tla ka one kwa Nageng e e Solofeditsweng mo dingwageng tse di fetileng—le gore “ga go na metsi a go nwa.” (Temana 5; Dipalo 13:23) Tota ba ne ba pega Moshe le Arone molato ka gonne naga e ne e se lefatshe le le ungwang le kokomana ya bangongoregi e neng ya gana go tsena mo go lone!

Jehofa o ne a naya bangongoregi bano se ba neng ba se kopa. O ne a laela Moshe go dira dilo tseno tse tharo: go tsaya thobane ya gagwe, go phutha batho mme a “bue le lefika le legolo fa pele ga matlho a bone gore le [tle le] ntshe metsi a lone.” (Temana 8) Moshe o ne a ikobela ditaelo tsa ntlha tse pedi mme a palelwa ke go ikobela ya boraro. Go na le gore a bue le lefika a bontsha gore o na le tumelo mo go Jehofa, o ne a bua le batho a galefile, a re: “Utlwang jaanong, batsuolodi ke lona! A re tla lo ntshetsa metsi mo lefikeng le legolo le?” (Temana 10; Pesalema 106:32, 33) Go tswa foo, Moshe a itaya lefika gabedi, “mme metsi a mantsi a simolola go tswa.”—Temana 11.

Ka go dira jalo, Moshe le Arone ba ne ba dira boleo jo bo masisi. Modimo a ba raya a re: ‘Lo tsuologetse taelo ya me.’ (Dipalo 20:24) Ka go dira kgatlhanong le taelo eno ya Modimo, Moshe le Arone ba ne ba nna se ba neng ba latofatsa batho ka sone—batsuolodi. Katlholo ya Modimo e ne e utlwala sentle: Moshe le Arone ba ne ba se kitla ba etelela Baiseraele pele fa ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng. A katlholo eno e ne e le setlhogo? Nnyaa ka ntlha ya mabaka a le mmalwa.

Sa ntlha, Modimo o ne a sa laela Moshe gore a bue le batho e bile o ne a sa mo laela go atlhola batho a re ke batsuolodi. Sa bobedi, Moshe le Arone ba ne ba palelwa ke go galaletsa Modimo. Modimo o ne a re: ‘Ga lo a ka lwa . . . intshepisa.’ (Temana 12) Fa Moshe a ne a re “re tla lo ntshetsa metsi,” o ne a bua e kete ene le Arone—e seng Modimo—ba ne ba tla ba ntshetsa metsi ka kgakgamatso. Sa boraro, katlholo eno e ne e tshwana le tse Modimo a di dirileng mo nakong e e fetileng. Modimo o ne a se ka a letlelela kokomana ya batsuolodi go tsena kwa Kanana, ka jalo o ne a dira se se tshwanang ka Moshe le Arone. (Dipalo 14:22, 23) Sa bonè, Moshe le Arone e ne e le baeteledipele ba Baiseraele. Batho ba ba nang le maikarabelo a magolo ba ikarabelela mo Modimong.—Luke 12:48.

Jehofa o atlhola go ya ka se se siameng. E re ka a rata tshiamiso, ga a atlhole batho ka tsela e e sa siamang. Tota re tshwanetse go ikanya le go tlotla Moatlhodi yono.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Morago ga go fuduga kwa Egepeto, Baiseraele ba ne ba ipaakanyeditse go tsena mo Kanana, naga e Modimo a neng a e solofeditse Aborahame. Mme batho ba ne ba simolola go ngongoregela Moshe fa ditlhola tse di lesome di ne di tla ka pego e e bosula. Ka jalo, Jehofa o ne a dira gore ba fetse dingwaga tse 40 mo nageng—nako e e neng e lekane gore kokomana ya batsuolodi e swe.