Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mosadi yo o Itumetseng Le yo O Nang le Tsholofelo Le fa A Humanegile

Mosadi yo o Itumetseng Le yo O Nang le Tsholofelo Le fa A Humanegile

Lekwalo le le Tswang Kwa Bolivia

Mosadi yo o Itumetseng Le yo O Nang le Tsholofelo Le fa A Humanegile

E RE ka ke ne ke le morongwa mo nageng e e tlhabologang, ke ne ke sa tlwaele go bona batho ba humanegile e bile ba se na tsholofelo. Nka rata go bona batho botlhe ba gololwa mo pogong. Mme ke itse gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo ka rarabololang mathata ano. Le fa go ntse jalo, gantsi ke ne ke lemoga gore batho ba ba dirisang kgakololo ya Lefoko la Modimo ba kgona go itumela le fa ba lebane le mathata. Sabina ke mongwe wa bone.

Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, Sabina yo o neng a tshotse masea a gagwe a mabedi a basetsana o ne a bona monna wa gagwe a palama bese a ya go batla tiro e e duelang madi a a botoka kwa nageng e sele. Go ne ga feta dikgwedi le dingwaga a ntse a mo letetse gore a boe mme ga a ka a boela gae. Fa e sa le monna wa gagwe a tsamaile, Sabina o ne a tshwanelwa ke go bereka ka thata letsatsi le letsatsi e le gore a tlamele ene le bomorwadie e bong Milena le Ghelian.

Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke kopana le Sabina e ne e le ka thapama fa a ne a rekisetsa batho ba ba neng ba reka kwa lebenkeleng la ga kgaitsadie. Matlho a gagwe a ne a bontsha gore o ne a tlhotse a bereka. Ke ne ka kopa go ithuta Baebele le ene le bomorwadie. O ne a re: “Nka rata, ke fela gore ke tshwaregile thata. Le fa go ntse jalo, nka rata gore bomorwadiake ba ithute le wena.” Ke ne ka dumela. Fa ke ntse ke tsweletse go ithuta le basetsana ke ne ka simolola go itse Sabina le go tlhaloganya botshelo jwa gagwe jo bo boima.

Sabina o simolola tiro ka 4:00 a.m. Fa bomorwadie ba sa ntse ba robetse mo ntlong ya phaposi e le nngwe e ba nnang mo go yone, Sabina o tshuba molelo a bo a baya pitsa e kgolo ya aluminiamo e e sa bolong go dirisiwa. O apaya nama e a tla e tsenyang mo diphaeng tse a di rekisang gore a nne le madi a go tlhokomela lelapa la gagwe. Sabina o ne a duba bupi jwa diphae tseo bosigo.

Dilo tsotlhe tse Sabina a tlileng go di dirisa mo letsatsing leo o di pega ka kelotlhoko mo kolotsaneng e a e adimileng—sekhukhu, setofo se sennye, botlolo ya gase, tafole, ditulo, dipitsa le mafura mmogo le nama le bupi jo bo dubilweng jwa diphae le senotsididi se se itiretsweng.

Ka 6:00 a.m., Sabina le bomorwadie ba babedi ba a tsamaya. Ba tswala setswalo ba bo ba se lotlela ka seloto. Ba tlhoname; ga go na ope yo o buang kgotsa yo o tshegang. Maatla a ba nang le one ke a go dira fela tiro e ba tshwanetseng go e dira. Gantsi mo mosong ke ne ke leba ka fensetere ke le mo legaeng la rona la barongwa mme ke bo ke bona batho ba tswa mo magaeng a bone ba tlhoname jalo ba ya tirong. Ee, Sabina ke mongwe wa basadi ba bantsi ba ba tswang mo magaeng a bone letsatsi le ise le tlhabe ba ya go rekisa dijo le dino mo mebileng ya Bolivia.

Ka 6:30 a.m., fa letsatsi le simolola go bonala mo dithabeng, Sabina le bomorwadie ba goroga mo lefelong le ba rekisetsang mo go lone. Ka tidimalo ba pagolola dilo mo kolotsaneng ba bo ba tlhoma lefelo la bone la boapeelo. O tsenya phae ya ntlha mo mafureng a a fisang. Mo mosong o o tsiditsana monko o o monate o simolola go tlala mo moyeng, mme ka bonako o ngoka batho ba ba tshwerweng ke tlala go tla go reka.

Sabina o botsa moreki wa ntlha jaana: “O batla tse kae?” Monna yo go lebegang a sa ntse a tshwerwe ke boroko o tsholetsa menwana ya gagwe e mebedi ntle le go tsholetsa tlhogo, mme a bo a mo naya diphae tsa gagwe tse pedi tse di bolelo tse di mmala o o borokwa. Morago ga moo o tsaya madi a tsone a mannye. O tla nna a rekisa jalo makgetlo a le mantsi mo letsatsing lotlhe. Fa ba sena go rekisa phae ya bofelo, ba paka dilo tsa bone mme ba boela gae. Tota le fa maoto a ga Sabina a opa ka ntlha ya tiro e a e dirileng go tloga mo mosong, o ya kwa tirong ya gagwe ya bobedi kwa lebenkeleng la ga kgaitsadie.

Fa ke ne ke fitlha kwa lebenkeleng go tla go ithuta Baebele lekgetlo la ntlha le bomorwadie, ke ne ka fitlhela go setse go beilwe dibanka tse pedi mo khoneng. Go tloga kwa tshimologong, Melina le Ghelian ba ka nako eo ba neng ba na le dingwaga tse 9 le 7 ba ne ba itumeletse go simolola thuto ya bone e bile ba baakanyeditse sentle. Fa nako e ntse e ile, basetsana bano ba ba ditlhong ba ne ba simolola go phuthologa mme ba ntetla gore ke nne tsala ya bone. Sabina o ne a amega fa a bona seno. Mme go ise go ye kae le ene o ne a swetsa ka gore o batla go ithuta Baebele le nna le fa ditiro tsa gagwe di ne di dira gore a nne a lapile.

Fa kitso ya ga Sabina e ntse e oketsega, lorato lo a ratang Jehofa Modimo ka lone le lone lo ne lwa oketsega. O ne a simolola go itumela e leng selo se a neng a sa se itse. Sabina yo e neng e le motho yo ka metlha a lebegang a lapile e bile a hutsafetse, jaanong o ne a sa tlhole a ntse jalo. O ne a sa tlhole a tsamaya a tsentse tlhogo le matlho a gagwe a ne a bontsha gore o itumetse. Kgaitsadie o ne a re: “Sabina o nna a nyenya, o ne a sa nna jalo.” Batho ba bangwe le bone ba ne ba lemoga gore Sabina le bomorwadie ba fetogile thata. O ne a bone selo se a neng a sa bolo go se tlhoka, go itse boammaaruri ka Modimo le boikaelelo jwa gagwe.

Sabina o ne a itumelela go ithuta Baebele, le fa go ntse jalo ditiro tsa gagwe tse di boima tse a neng a di dira letsatsi le letsatsi di ne di dira gore a se ka a nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Kgabagare o ne a dumela fa ke ne ke mo laletsa go ya kwa Holong ya Bogosi. Morago ga moo, ga a ka a kgaotsa go tlhola a tla. Sabina o ne a nna le ditsala tsa boammaaruri mo phuthegong. Gape Sabina o ne a lemoga gore tota Jehofa o tlhokomela batho ba ba mo ratang le ba ba ithontshang dilo dingwe e le gore ba kgone go mo direla.—Luke 12:22-24; 1 Timotheo 6:8.

Sabina o ne a rata se a neng a se ithuta mme o ne a batla go se bolelela ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke tshoga tota fa ke akanya ka go rerela batho.” O ne a akanya jaana: ‘Nka kgona jang go ruta motho yo mongwe ke le ditlhong e bile ke sa rutega jaana?’ Le fa a ne a ikutlwa jalo, bopelonomi jo a bo bontshitsweng le tsela e a ileng a tokafatsa botshelo jwa gagwe ka yone di ne tsa mo tlhotlheletsa go tsaya kgato eno ya botlhokwa. Gape o ne a lemoga gore bomorwadie ba ne ba lebile ene gore a ba tlhomele sekao. Ka jalo o ne a simolola go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo. Bomorwadie le bone ba ne ba simolola go dira jalo ka matlhagatlhaga.

Gompieno Sabina ga e sa tlhole e le mosadi mongwe yo o humanegileng yo o dirang tiro e e lapisang letsatsi le letsatsi. Maemo a gagwe a itsholelo ga a fetoga go le kalo. Se se fetogileng ke tsela e a lebang botshelo ka yone. Gone jaanong, e re ka e le Mokeresete yo o kolobeditsweng, o bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo—jo e leng jone fela tharabololo ya leruri ya khumanego le tlalelo e e aparetseng lefatshe.—Mathaio 6:10.

Ke 5:00 a.m., mme Sabina o ipaakanyeditse gape go tswa mo ntlong ya gagwe ya phaposi e le nngwe. Mme mo mosong ono ga a ye go rekisa diphae. O ya go kopana le setlhopha sa Bakeresete ka ene go ya go rerela batho mo mmileng. Go ithaopela go dirisa nako e e rileng ya gagwe beke le beke go thusa batho ba bangwe, go okeditse go itumela ga gagwe mo botshelong. O lotlela setswalo a bo a tsamaya a nyenya. Go na le gore a kgorometse kolotsana, o tsaya kgetsana e kgolo. O tsentse Baebele le dikgatiso tsa Baebele tse a tlileng go di dirisa go anamisa molaetsa wa tsholofelo mo bathong ba bangwe. Sabina o ne a bua jaana a nyenya e bile a na le tsholofelo: “Ke ne ke sa dumele gore ke tla kgona go bua le batho ba bangwe ka Baebele.” O oketsa ka go re, “Ke a go rata!”