Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moya o o Boitshepo—Maatla A o A Tlhokang mo Botshelong

Moya o o Boitshepo—Maatla A o A Tlhokang mo Botshelong

Moya o o Boitshepo—Maatla A o A Tlhokang mo Botshelong

“O SE ka wa ntatlha wa ntlosa fa pele ga sefatlhego sa gago; mme, tsweetswee, o se ka wa tlosa moya wa gago o o boitshepo mo go nna.” (Pesalema 51:11) Eno ke thapelo e Kgosi Dafide a neng a e rapela ka tlhoafalo morago ga gore a dire phoso e e masisi.

Dafide o ne a bone maatla a moya o o boitshepo o nang le one mo botshelong jwa gagwe. Fa a ne a sa le mosha, o ne wa mo thusa go fenya Goliathe—lesole la mokaloba. (1 Samuele 17:45-50) Gape o ne wa mo tlhotlheletsa go kwala dingwe tsa dipesalema tse di molemo go gaisa tse di kileng tsa tlhangwa. Dafide o ne a tlhalosa jaana: “Moya wa ga Jehofa ke one o neng wa bua ka nna, le lefoko la gagwe le ne le le mo lolemeng lwa me.”—2 Samuele 23:2.

Jesu Keresete ka boene o ne a tlhomamisa gore moya o o boitshepo o ne o dira mo botshelong jwa ga Dafide. Nako nngwe Jesu o ne a raya bareetsi ba gagwe jaana: “Ka moya o o boitshepo Dafide ka boene o ne a re, ‘Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: “Nna kafa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago kafa tlase ga dinao tsa gago.”’” (Mareko 12:36; Pesalema 110:1) Jesu o ne a itse gore Dafide o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo fa a ne a kwala dipesalema tsa gagwe. A moya oo o o boitshepo o sa ntse o le gone gompieno go re thusa?

“Nnang lo Kope, Mme lo Tla Newa”

O ka nna wa se kwale pesalema. Mme o ka kopana le mathata a magolo fela jaaka Goliathe wa mokaloba. Ka sekai, akanya ka Isabel. * Monna wa gagwe o ne a mo tlogela mme a ya go nna le lekgarebe lengwe. O ne a mo tlogela ka sekoloto se segolo e bile ga a ka a mo naya madi gore a mo thuse go tlamela bomorwadiabone ba babedi. A re: “Ke ne ka ikutlwa ke tsieditswe e bile ke sa tshwarwa sentle. Le fa go ntse jalo, fa e sa le a ntlogetse, ke lemogile gore moya o o boitshepo wa Modimo o ile wa ntshegetsa.”

A Isabel o ne a lebeletse go amogela moya o o boitshepo kwa ntle ga go o kopa? Nnyaa, o ne a kopa Modimo letsatsi le letsatsi gore a mo neye moya wa gagwe. O ne a itse gore o ne a tlhoka maatla a Modimo gore a mo thuse go lebana le isagwe ka bopelokgale, go tlhokomela bana ba gagwe sentle le gore a boe a itlotle. O ne a dirisa mafoko ano a ga Jesu: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.”—Mathaio 7:7.

Roberto le ene o ne a lemoga gore o tlhoka moya wa Modimo mme ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. O ne a tshwakgotswe ke motsoko le seokobatsi se se bidiwang hashish, tse a neng a di goga ka metlha. O ne a leka dingwaga tsotlhe tse pedi go di tlogela mme o ne a palelwa ka makgetlo a le mmalwa. Roberto o tlhalosa jaana: “Fa o kgaotsa go dirisa diokobatsi o a tlhobaela. Mmele o nna o batla diokobatsi letsatsi le letsatsi.”

Roberto o tswelela jaana: “Le fa go ntse jalo, ke ne ke ikaeletse go fetola botshelo jwa me e le gore ke direle Modimo ka tsela e a e amogelang. Ke ne ka leka go tlatsa mogopolo wa me ka dilo tse di agang tse di tswang mo Baebeleng. Ke ne ke rapela Modimo ka tlhoafalo letsatsi le letsatsi ke mo kopa gore a nneye maatla a go dumalanya botshelo jwa me le Baebele. Ke ne ke itse gore nka se kgone go dira jalo ke le esi. Mme ke ne ka bona kafa Jehofa a neng a araba dithapelo tsa me ka gone, segolobogolo fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo morago ga go boela kwa mekgweng ya me e e sa siamang. Ke dumela gore moya o o boitshepo wa Modimo o nneile maatla a masha; ntle le one nkabo ke sa kgona go fenya go tshwakgolwa ke diokobatsi.”—Bafilipi 4:6-8.

Go Tlhatlogela Kwa Godimo “ka Diphuka Jaaka Bontsu”

Fela jaaka Isabel le Roberto, dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba bone kafa moya o o boitshepo o leng maatla ka gone mo matshelong a bone. Maatla a ga Jehofa a a dirang—a a a dirisitseng go bopa lobopo—o ka nna le one fa o a batla. Modimo o ikeetleeditse e bile o tlhoafaletse go go abela moya wa gagwe fa o o kopa ka tlhoafalo. Mme gore o amogele moya oo, o tshwanetse go ithuta boammaaruri ka ene le go batla go dira thato ya gagwe ka bopeloephepa.—Isaia 55:6; Bahebera 11:6.

Fa o thusiwa ke maatla a a nonotshang a Modimo, o ka nna le maatla a go direla Modimo ka katlego le go lebana le mathata ape fela a a ka tlhagang mo botshelong jwa gago. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “[Jehofa] o naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng. . . . Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.”—Isaia 40:28-31.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Maina mangwe a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

‘Ke ne ke rapela Modimo ka tlhoafalo letsatsi le letsatsi ke mo kopa gore a nneye maatla. Ke ne ke itse gore nka se kgone go dira jalo ke le esi. Mme ke ne ka bona kafa a neng a araba dithapelo tsa me ka gone’

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Kafa Moya O O Boitshepo O Dirang Ka Gone

Modimo o dirisitse moya o o boitshepo go bopa lefatshe le lobopo lotlhe. Mopesalema o ne a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago. Fa o romela moya wa gago, di a bopiwa.”—Pesalema 104:24, 30; Genesise 1:2; Jobe 33:4.

Moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa banna ba ba boifang Modimo go kwala Baebele. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Timotheo 3:16) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “tlhotlheleditswe ke Modimo” le kaya “go budulelwa ke Modimo.” Ka jalo, moya wa ga Jehofa o ne wa kaela megopolo ya bakwadi ba Baebele gore ba kgone go kwala “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13.

Moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa batlhanka ba Modimo go bolelela isagwe pele ka tlhomamo. Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa jaana: “Ga go boporofeti bope jwa Lokwalo jo bo tswang mo phuthololong epe ya motho ka boene. Gonne ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 Petere 1:20, 21; Joele 2:28.

Moya o o boitshepo o ne wa thusa Jesu le banna ba bangwe ba tumelo go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go dira dikgakgamatso. Jesu o ne a re: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, o ne a nthomela go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape.”—Luke 4:18; Mathaio 12:28.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

DITSELA TSE MOYA O O BOITSHEPO O KA RE THUSANG KA TSONE

Moya o o boitshepo o ka go nonotsha go emelana le dithaelo le go fenya mekgwa e e sa siamang. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakorintha 10:13.

Moya o o boitshepo o ka go thusa go nna le dinonofo tse di itumedisang Modimo. “Maungo a moya ke lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.

Moya o o boitshepo o ka go thusa go itshokela diteko. “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.