Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mo Malatsing a ga Herode Kgosi”

“Mo Malatsing a ga Herode Kgosi”

“Mo Malatsing a ga Herode Kgosi”

FA KGOSI ya Judea e bong Herode yo Mogolo a ne a batla go bolaya lesea Jesu, o ne a romela barongwa gore ba bolaye masea otlhe a basimane kwa Bethelehema. Dipego tsa dilo tse di diregileng bogologolo di bua ka ditiragalo di le mmalwa tse di neng tsa direga “mo malatsing a ga Herode kgosi,” tse di re thusang go tlhaloganya botshelo le bodiredi jwa ga Jesu.—Mathaio 2:1-16.

Ke eng se se neng sa dira gore Herode a batle go bolaya Jesu? Fa Jesu a ne a tsholwa, Bajuda ba ne ba na le kgosi, mme ke ka ntlha yang fa ba ne ba busiwa ke mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato fa Jesu a swa? Go tlhaloganya seabe sa ga Herode mo hisitoring le gore ke ka ntlha yang fa a le botlhokwa mo babading ba Baebele, re tlhoka go ela tlhoko dilo tse di neng tsa direga masome a le mmalwa a dingwaga pele ga Jesu a tsholwa.

Go Kgaratlhela go Busa Judea

Mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., Judea e ne e busiwa ke mongwe wa batho ba le banè ba losika lwa segosi lwa Ba-Seleucus ba Siria, yo o neng a busa fa mmusomogolo wa ga Alexander yo Mogolo o sena go wa. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang ka 168 B.C.E., fa kgosi ya Ba-Seleucus e ne e leka go emisetsa kobamelo ya ga Jehofa kwa tempeleng ya Jerusalema ka kobamelo ya ga Seuse, Bajuda ba ba neng ba eteletswe pele ke lelapa la Ba-Maccabee ba ne ba nna kgatlhanong le seo. Ba-Maccabee kgotsa Baheshemone ba ne ba busa Judea go simolola ka 142-63 B.C.E.

Ka 66 B.C.E., bomorwa kgosi ba le babedi ba Baheshemone e bong Hyrcanus II le morwarraagwe e bong Aristobulus, ba ne ba lwela go nna batlhatlhami mo pusong. Go ne ga simologa ntwa ya maraganelateng a bana ba mpa, mme bobedi jwa bone bo ne jwa batla thuso kwa go Pompey, e leng molaodi wa masole a Roma yo ka nako eo a neng a le kwa Siria. Pompey o ne a dirisa tshono eo.

Tota e bile, Baroma ba ne ba atolosa tlhotlheletso ya bone go ela kwa botlhaba mme ka nako eo ba ne ba laola karolo e kgolo ya Asia Minor. Le fa go ntse jalo, go tlhatlhamana ga dikgosi tse di seng maatla mo Siria go ne ga baka dikhuduego tse di ileng tsa dira gore go se nne le kagiso e Baroma ba neng ba batla gore e nne gone kwa Botlhaba. Ka jalo, Pompey o ne a tsaya kgato ya go laola Siria.

Go rarabolola ntwa e e neng e le fa gare ga Baheshemone, Pompey o ne a thusa Hyrcanus mme ka 63 B.C.E., Baroma ba ne ba tlhasela Jerusalema le go tlhoma Hyrcanus go nna kgosi. Le fa go ntse jalo, Hyrcanus o ne a se kitla a busa a le esi. Baroma ba ne ba setse ba itshuntse nko mo pusong ya gagwe mme ba ne ba se kitla ba tlogela go nna le taolo mo kgaolong eo. Hyrcanus o ne a nna mmusi mo porofenseng ya Mmusomogolo wa Roma e bile o ne a thusitswe ke one gore a tswelele a busa mme o ne a ikaegile ka thuso ya one gore a boloke setulo sa gagwe sa bogosi. O ne a ka laola dikgang tse di amang puso ya gagwe jaaka a rata mme fa a dirisana le dinaga di sele, o ne a tshwanetse go dira tumalanong le molao wa Baroma.

Go Simologa ga Puso ya ga Herode

Hyrcanus e ne e se mmusi yo o maatla. O ne a thusiwa ke Antipater wa Moidumea le rraagwe Herode yo Mogolo. Antipater ke ene a neng a dira gore puso eo e nne maatla. Ga a ka a letla ditlhopha tsa Bajuda tse di neng di lwantshana gore di laole mme go ise go ye kae o ne a simolola go laola Judea. O ne a thusa Julius Caesar go lwantsha baba ba gagwe kwa Egepeto, mme Baroma ba ne ba duela Antipater ka go mo naya maemo a go nna moemedi wa mmusi yo o ikarabelelang mo go bone. Antipater ene o ne a tlhoma morwawe e bong Phasael go busa Jerusalema le morwawe e bong Herode gore a buse Galalea.

Antipater o ne a ruta bomorwawe gore ga go sepe se ba ka se fitlhelelang fa ba sa dirisane le Baroma. Herode o ne a gakologelwa thuto eo sentle. Mo pusong yotlhe ya gagwe, o ne a tshwanetse go dira dilo tse Baroma ba neng ba di batla le tse di neng di batliwa ke Bajuda ba a neng a ba busa. O ne a thusiwa ke bokgoni jwa gagwe jwa go rulaganya dilo le go nna molaodi wa masole. Fa Herode yo o neng a le dingwaga di le 25 a ne a tlhomiwa go nna molaodi, Bajuda le Baroma ba ne ba mo rata ka gonne o ne a fedisa ditlhopha tsa dinokwane tse di neng di le mo nageng e a neng a e busa.

Morago ga gore baganetsi ba ga Antipater ba mo tshelele botlhole ka 43 B.C.E., Herode e ne ya nna mmusi yo o nang le taolo e e maatla mo Judea. Le fa go ntse jalo, o ne a na le baba. Batho ba ba nang le maemo mo Jerusalema ba ne ba akanya gore o batla go tsaya puso ka dikgoka mme ba batla go tlhotlheletsa Roma gore e mo ntshe mo pusong. Maiteko ao a ne a retela. Roma e ne e ikanyega mo go Antipater ka go dira dilo tse a neng a di rata e bile ba tsaya bokgoni jwa morwawe bo le botlhokwa.

O Tlhomiwa go Nna Kgosi ya Judea

Tshwetso e Pompey a e dirileng dingwaga di le 20 pelenyana ya go tlhoma mmusi o mosha wa Baheshemone e ne ya galefisa batho ba le bantsi. Setlhopha se se neng se tshegetsa Aristobulus se ne sa leka gangwe le gape go tsaya puso, mme ka 40 B.C.E., se ne sa atlega se thusiwa ke baba ba Baroma, e leng Ba-Parthia. E re ka go ne go na le tlhakatlhakano e e bakilweng ke ntwa ya maraganelateng a bana ba mpa kwa Roma, ba ne ba tlhasela Siria ba tlosa puso ya ga Hyrcanus mme ba tlhoma leloko la lelapa la Baheshemone le le neng le le kgatlhanong le Baroma.

Herode o ne a tshabela kwa Roma kwa a neng a amogelwa ka lorato gone. Baroma ba ne ba batla gore Ba-Parthia ba lelekiwe kwa Judea, ba busediwe naga ya bone le gore ba itlhomele mmusi yo ba mmatlang. Ba ne ba batla mmusi yo ba ka mo ikanyang mme ba bona Herode e le ene a tshwanelegang. Ka jalo, Lekgotla le le Tlhomang Melao la Roma le ne la tlhoma Herode go nna kgosi ya Judea. Nngwe ya dilo tse dintsi tse Herode a ileng a di dira gore a tswelele a na le taolo e e maatla ke go etelelapele mokoloko o o neng o tswa kwa Lekgotleng le le Tlhomang Melao le ya kwa tempeleng ya ga Jupitere kwa a neng a ntshetsa medimo ya boheitane ditlhabelo gone.

Herode o ne a thusiwa ke mophato wa masole wa Roma go fenya baba ba gagwe kwa Judea mme a tsaya setulo sa gagwe sa bogosi. O ne a ipusolosetsa ka tsela e e setlhogo mo baganetsing ba gagwe. O ne a fedisa Baheshemone le batho ba maemo ba Bajuda ba ba neng ba ema Baheshemone nokeng, mmogo le ope fela yo o neng a le kgatlhanong le go busiwa ke motho yo e leng tsala ya Baroma.

Herode o Kopanya Puso ya Gagwe

Ka 31 B.C.E. fa Octavius a ne a itsiwe e le mmusi yo Roma e seng kgatlhanong le ene ka gonne a ne a fenya Mark Antony kwa Actium, Herode o ne a lemoga gore botsala jwa gagwe jwa nako e telele le Mark Antony bo tla tsosa dipelaelo. Ka jalo, Herode o ne a itlhaganelela go tlhomamisetsa Octavius gore a ka mo ikanya. Mmusi yo mosha wa Roma le ene o ne a tlhomamisa gore Herode ke kgosi ya Judea a bo a oketsa dinaga tse a neng a di busa.

Mo dingwageng tse di latelang, Herode o ne a nonotsha le go dira gore puso ya gagwe e hume, a fetola Jerusalema go nna lefelo la setso sa Bagerika. O ne a simolola ditiro tse dikgolo tsa go aga—matlo a segosi, motse wa boemelakepe kwa Kaesarea le kago e kgolo ya tempele ya Jerusalema. Mo nakong eo yotlhe melao e a neng a e tlhoma le taolo e e maatla e a neng a na le yone e ne e le ka gonne a ne a tsalana le Roma.

Herode o ne a laola Judea yotlhe fela; e bile e le ene a nang le taolo e kgolo mo go yone. Gape Herode o ne a laola go tlhomiwa ga baperesiti ba bagolo, ka go tlhoma ope fela yo o neng a mmatla.

Lefufa le Dira Gore a Bolaye

Botshelo jwa ga Herode jwa lelapa bo ne bo tlhakatlhakane. Bontsi jwa basadi ba gagwe ba ba lesome ba ne ba batla gore mongwe wa bomorwaabone a tlhatlhame rraabone. Botshelo jwa kwa ntlong ya segosi bo ne jwa dira gore Herode a nne le dipelaelo le go nna setlhogo. Ka ntlha ya lefufa o ne a dira gore mosadi wa gagwe yo a mo ratang thata e bong Mariamne a bolawe mme moragonyana a dira gore bomorwawe ba babedi ba kgwagediwe ka gonne a ne a ba latofatsa ka gore ba mo logela leano la go mmolaya. Pego ya ga Mathaio ya go bolawa ga bana kwa Bethelehema e dumalana le se se itsegeng ka botho jwa ga Herode le boikaelelo jwa gagwe jwa go fedisa ope fela yo o nnang kgatlhanong le ene.

Batho bangwe ba re e re ka Herode a ne a itse gore batho ga ba mo rate, o ne a ikaeletse gore letsatsi la loso la gagwe e nne letsatsi la bosetšhaba la khutsafalo go na le go nna la boitumelo. O ne a rulaganya go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe ka go golega baagi ba ba eteletseng pele mo Judea mme a laela gore ba bolawe ka letsatsi le a swang ka lone. Mme taelo ya gagwe ga e a ka ya diragadiwa.

Boswa Jwa ga Herode yo Mogolo

Ka loso lwa ga Herode, Roma e ne ya laela gore Archelaus a tlhatlhame rraagwe go nna kgosi ya Judea le barwa ba gagwe ba bangwe ba babedi go nna dikgosana tse di sa kopanelang puso—Antipas a busa Galalea le Perea mme Philip a busa Iturea le Terakoniti. Archelaus o ne a sa ratiwe ke batho ba a neng a ba busa le badiredi ba gagwe. Morago ga dingwaga tse di lesome tsa puso ya gagwe e e se nang mosola, Baroma ba ne ba mo ntsha mo pusong mme ba tlhoma molaodi wa bone yo o neng a tlhatlhama Ponto Pilato go nna kgosi ya bone. Ka nako eo Antipas—yo Luke a mmitsang fela Herode—le Philip ba ne ba tswelela ba busa dinaga tsa bone. Ke kafa maemo a dipolotiki a neng a le ka gone ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu.—Luke 3:1.

Herode yo Mogolo e ne e le radipolotiki yo o boferefere le mmolai yo o setlhogo, gongwe maiteko a gagwe a a maswe le go feta e ne e le go bolaya Jesu fa e ne e le lesea. Go sekaseka hisitori ya ga Herode go botlhokwa mo bathong ba ba balang Baebele—go ba thusa go tlhaloganya ditiragalo tsa botlhokwa tsa nako ya fa go ne go kwalwa Dikwalo tsa Sehebera le se se kwadilweng mo Diefangeleng, go tlhalosa gore go tlile jang gore Baroma ba buse Bajuda le go tlhalosa botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng le bodiredi jwa gagwe.

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Palesetina le dikarolo tse di e dikologileng mo motlheng wa ga Herode

SIRIA

ITUREA

GALALEA

TERAKONITI

Lewatle la Galalea

Noka ya Joredane

Kaesarea

SAMAREA

PEREA

Jerusalema

Bethelehema

JUDEA

Lewatle la Letswai

IDUMEA

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Herode ke ene fela mmusi mo babusing botlhe ba ba neng ba tlhatlhamana yo o neng a busa Judea yotlhe mo makgolong a mabedi a dingwaga pele ga bodiredi jwa ga Jesu