Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nako e e Tlhomilweng” e Gaufi

“Nako e e Tlhomilweng” e Gaufi

“Nako e e Tlhomilweng” e Gaufi

FELA jaaka moporofeti Habakuke, barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba eletsa go bona pogo e fedile. Fa ba sena go utlwa se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang go baakanya mathata mo lefatsheng, ba ne ba botsa Jesu jaana: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago [ka maatla a Bogosi] le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:3) Fa Jesu a ba araba, o ne a ba bolelela gore Jehofa Modimo ke ene fela a itseng nako e e tlhomilweng e ka yone Bogosi bo tla laolang ka botlalo mo lefatsheng. (Mathaio 24:36; Mareko 13:32) Le fa go ntse jalo, Jesu le baporofeti ba bangwe ba ne ba bolelela pele ditiragalo dingwe tse di neng di tla bontsha gore nako eo e gaufi.—Bona  lebokose le le kafa mojeng.

Ruri dilo tseno di direga gongwe le gongwe mo lefatsheng gompieno. Gape Jesu o ne a bolelela pele gore go tla nna le tiro ya go ruta e e tla dirwang mo lefatsheng lotlhe. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

Seno ke sone se se diregang gompieno. Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro eno. Mo dinageng di ka nna 236, Basupi ba feta dimilione di le supa ba bolelela batho ka se Bogosi bo tla se dirang mme ba ba thusa go tshela go dumalana le melao e e siameng ya Modimo, yo thato ya gagwe e leng go fedisa pogo le botlhoko. Tswelela o ithuta ka Bogosi jwa Modimo, mme o tla nna le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le le se nang pogo—ka bosakhutleng.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

 Ditemana Tse di Tlhalosang Dilo Tse di Tla Diregang mo Metlheng ya Bofelo

MATHAIO 24:6, 7; TSHENOLO 6:4

• Dintwa di tla nna teng ka selekanyo se segolo go gaisa le fa e le leng pele

MATHAIO 24:7; MAREKO 13:8

• Dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe

• Ditlhaelo tsa dijo

LUKE 21:11; TSHENOLO 6:8

• Malwetse a leroborobo

MATHAIO 24:12

• Go oketsega ga go tlhoka molao

• Lorato lo a tsidifala

TSHENOLO 11:18

• Go senya lefatshe

2 TIMOTHEO 3:2

• Go rata madi ka tsela e e feteletseng

• Go se utlwe batsadi

• Go ithata go feta selekanyo

2 TIMOTHEO 3:3

• Go tlhoka lorato lwa tlholego

• Batho ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe

• Batho ba ba se nang boikgapo

• Go ntsifala ga batho ba ba sa rateng se se molemo

2 TIMOTHEO 3:4

• Go rata menate go feta Modimo

2 TIMOTHEO 3:5

• Baitimokanyi ba le bantsi ba ba ipolelang fa e le Bakeresete

MATHAIO 24:5, 11; MAREKO 13:6

• Baporofeti ba bantsi ba maaka

MATHAIO 24:9; LUKE 21:12

• Go bogisiwa ga Bakeresete ba boammaaruri

MATHAIO 24:39

• Batho ga ba tseye tsia ditlhagiso tse di mo Baebeleng

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Lefatshe ka bophara Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho ka Bogosi jwa Modimo