Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baswi ba ka Thusa Batshedi?

A Baswi ba ka Thusa Batshedi?

A Baswi ba ka Thusa Batshedi?

LEKAWANA lengwe le le bidiwang Tamba le le nnang kwa Bophirima jwa Afrika, le ne le tloga le kwala ditlhatlhobo tsa sekolo. * Mmaagwe o ne a mmolelela gore o tlhoka go kopa thuso mo go ba losika ba ba tlhokafetseng gore a kgone go falola. Kwa Palermo, Sicily, bajanala ba etela mabitla a a ka fa tlase ga lefatshe kwa go bolokilweng makgolokgolo a ditopo teng ka kelotlhoko gore di ka bonwa ke batho. Bangwe ba akanya gore ditopo tseno di dira gore Modimo a sireletse batho ba ba tshelang. Ngwaga le ngwaga batho ba etela kwa Lily Dale, e leng toropo e e kafa bophirima jwa New York State, U.S.A., e e itsegeng ka gore go na le batho ba le bantsi ba ba buisanang le meya ba ba nnang gone. Baeti bano ba tla ba na le tsholofelo ya gore ba ka kgona go ikgolaganya le ba losika le ditsala tsa bone ba ba suleng le gore ba ka ba thusa.

Mo lefatsheng ka bophara, go aname tumelo ya gore baswi ba ka kgona go thusa batshedi. Wena o akanyang? Gongwe o rutilwe seo kgotsa o tlwaelane le batho ba ba dumelang kgopolo eo. Ke ga tlholego fela gore re tlhologelelwe batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng. Batho ba ba buang le meya ba solofetsa gore ba ka kgona go thusa batho go ikgolaganya le baratiwa ba bone ba ba suleng. Mosadi mongwe yo o buang le meya o ne a nopolwa mo makasineng wa Time a re lefelo la semoya “le nna le le gone fa batho ba tlhoka thuso mo go lone.” A seno se boammaaruri? A tota baswi ba ka thusa batho ba ba tshelang? Karabo e e utlwalang sentle ya Baebele e ka go gakgamatsa.

A Baswi ba Tshela Felo Gongwe?

Baebele e tlhalosa boemo jwa baswi ka mafoko a a motlhofo go a tlhaloganya. Ela tlhoko se Moreri 9:5 e se tlhalosang: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” A go a kgonega gore baswi ba nne le maikutlo? Temana 6 e araba jaana: “Lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse, mme ga ba tlhole ba na le kabelo epe ka bosakhutleng mo go sepe se se tshwanetseng go dirwa kafa tlase ga letsatsi.” Gape, ela tlhoko gore temana 10 ya yone kgaolo eo e tlhalosa gore “ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.” Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano e leng “Sheole” le kaya “lebitla le le tlwaelegileng la batho.” Se se kgatlhang ke gore lefoko le le tshwanang le lone la Segerika e leng “Hadese” le dirisiwa mo Dikwalong go bontsha kwa Jesu Keresete a ileng gone ka nakwana fa a sena go swa.—Ditiro 2:31.

Jesu o ne a thusa batho ba bantsi fa a sa ntse a tshela, le fa go ntse jalo, o ne a itse gore o tla swa. A o ne a lebeletse gore o sa ntse a tla kgona go thusa batho ka nako ya fa a ne a le mo lebitleng? Nnyaa. O ne a tshwantsha loso lwa gagwe le nako ya bosigo fa o sa kgone go dira sepe. (Johane 9:4) Jesu o ne a itse sentle gore fa batho ba kgaotsa go tshela, ga ba “na maatla mo losong.”—Isaia 26:14.

Gape Jesu o ne a dira papiso e e tlhalosang loso ka tsela e e tshwanang. Fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a sena go swa, Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko. (Johane 11:11-13) Ke boammaaruri gore ga re a lebelela gore motho yo o robetseng a re thuse, a ga go jalo? Motho yo o robetseng ga a ikutlwe, ga a kgone go dira sepe go thusa yo mongwe.

A Moya o Tswelela o Tshela fa Motho a Swa?

Batho ba le bantsi ba rutilwe gore moya ke karolo e e sa bonaleng e e tswelelang e tshela fa motho a swa. Baebele e ruta se se farologaneng. Buka ya ntlha ya Baebele, e leng Genesise e re tlhalosetsa gore moya ke eng. Genesise 2:7 e tlhalosa gore fa motho wa ntlha a ne a bopiwa, o ne a “nna moya o o tshelang.” Motho a feletse ke moya; diphologolo le tsone ke meya. (Genesise 1:20-25) Ka jalo, go utlwala sentle gore fa motho kgotsa phologolo e swa, moya o a swa. Baebele e tlhomamisa seo.—Esekiele 18:4.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba botsa ba re, ‘Go tweng ka dikgang tse dintsi tsa gore batho ba ikgolaganya le baswi, ba utlwa mantswe a bone kgotsa ba a ba bona?’ Dikgang tse di ntseng jalo di tlwaelegile mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Dikgang tseno di naya batho ba ba tlhokafaletsweng ke ba losika le ditsala tsholofelo, di tlhotlheletsa batho ba bantsi gore ba batle batho ba ba buisanang le meya ba ba reng ba kgona go ikgolaganya le batho ba ba suleng.

A dikgang tse di ntseng jalo di boammaaruri? Fa e le gore seno se boammaaruri, a ga se ganetsane le se se buiwang ke Baebele fa godimo? Keresete Jesu o ne a re Lefoko la Modimo le boammaaruri. (Johane 17:17) Boammaaruri ga bo ikganetse. Tota e bile, Baebele e re naya kaelo e e utlwalang sentle ya kafa re tshwanetseng go leba ka gone dikgang tsa gore baswi ba ka kgona go thusa batho ba ba tshelang. Baebele e re bolelela ka mongwe yo o neng a leka go batla thuso mo baswing. Go bala pego eno ka kelotlhoko go tla senola boammaaruri.

Kgosi e Kopa Thuso mo Baswing

Tiragalo eno e diragetse kwa lefelong la botlhabanelo kwa bokone jwa Iseraele. Kgosi Saulo le mophato wa gagwe ba ne ba lebane le mophato o o nonofileng wa masole a Bafilisitia. Fa Saulo a bona bothibelelo jwa Bafilisitia, “pelo ya gagwe ya simolola go roroma thata.” Ka nako eo ya puso ya gagwe, Saulo o ne a tlogetse kobamelo ya boammaaruri. Ka ntlha ya seno, Jehofa o ne a sa arabe dikopo tsa gagwe fa a mo kopa thuso. Saulo o ne a tla leba kae go bona thuso? Moporofeti wa Modimo e bong Samuele o ne a tlhokafetse.—1 Samuele 28:3, 5, 6.

Saulo o ne a batla kaelo mo mothong yo o buang le meya kwa Ene-dore. O ne a kopa motho yo o buang le meya gore a mo ‘tlhatlosetse Samuele’ mo baswing. Motho yo o buang le meya o ne a dira gore go tlhagelele sedimo. “Samuele” yono o ne a raya Saulo a re Bafilisitia ba tla fenya le gore Saulo le bomorwawe ba tla swa mo ntweng. (1 Samuele 28:7-19) A tota Samuele o ne a tsogile mo baswing?

Akanya fela. Baebele e tlhalosa gore motho yo o suleng o ‘boela mo mmung wa gagwe’ le gore “dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” (Pesalema 146:4) Saulo le Samuele ba ne ba itse gore Modimo o kgala go ikgolaganya le batho ba ba buisanang le meya. Seno se boammaaruri ka gonne pelenyana Saulo o ne a etelela pele go senya lefelo le go neng go dirwa ditiro tsa go buisana le meya mo go lone!—Lefitiko 19:31.

Akanya ka kgang eno. Fa e le gore Samuele yo o ikanyegang o ne a sa ntse a tshela e le moya, a o ne a tla tlola molao wa Modimo ka go dirisana le motho yo o buang le meya gore a buisane le Saulo? Jehofa o ne a ganne go bua le Saulo. A motho yo o buisanang le meya ene o ne a tla pateletsa Modimo Mothatayotlhe go buisana le Saulo ka go dirisa Samuele yo o tlhokafetseng? Nnyaa. Go bonala sentle gore “Samuele” yono e ne e se moporofeti yo o ikanyegang wa Modimo ka tsela epe fela. E ne e le moya—ledimona le le boikepo le itirile Samuele yo o tlhokafetseng.

Madimona ke baengele ba ba neng ba tsuologela bolaodi jwa Modimo kwa tshimologong. (Genesise 6:1-4; Jude 6) Madimona ano a kgona go leba batho ka kelotlhoko fa ba sa ntse ba tshela; ba itse gore motho mongwe le mongwe o bua jang, o lebega jang le kafa a itshwarang ka gone. A rotloetsa kgopolo ya gore se Baebele e se buang ga se boammaaruri. Ga go gakgamatse go bo Baebele e tlhagisa kgatlhanong le go ikgolaganya le meya eno ka tsela epe fela! (Duteronome 18:10-12) Meya eno e e boikepo e sa ntse e le teng le gompieno.

Jaanong re kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa bangwe ba re ba “utlwa” le go “bona” baratiwa ba bone ba ba tlhokafetseng. Le fa ka dinako dingwe diponalo tse di ntseng jalo tsa batho ba ba suleng di lebega di ka thusa, meya e e boikepo e ikemiseditse go tsietsa batho. * (Baefeso 6:12) Gape akanya ka seno: Jehofa ke Modimo yo o lorato yo o amegang ka rona. Fa e le gore baswi ba tshela felo gongwe e bile ba ka kgona go tla go thusa ditsala le ba malapa a bone, a Mmopi wa rona yo o lorato o ne a ka iletsa batho go ikgolaganya le bone mme a re ke selo se se “makgapha”? Ruri o ne a ka se dire jalo! (1 Petere 5:7) A go na le mongwe yo re ka mo ikanyang gore a re thuse?

Thuso ya Mmatota mo Bathong ba ba Tshelang Le ba Ba Suleng

Go tswa mo go se go builweng ka sone fa godimo, re lemogile gore baswi ga ba kgone go thusa batho ba ba tshelang. Mo godimo ga moo, maiteko a go batla thuso mo bathong ba ba suleng ga a thuse gotlhelele; a kotsi fela thata ka gonne ke go tlola molao wa Modimo e bile go re baya mo kotsing ya go tlhotlhelediwa ke madimona.

Baebele e re kaela kwa re ka bonang thuso e e molemo go gaisa gone—kwa Mmoping wa rona, e bong Jehofa. A ka kgona go re golola le e leng mo losong. (Pesalema 33:19, 20) O gone gompieno go re thusa. Ka jalo o re naya tsholofelo ya mmatota go farologana le dilo tse batho ba ba buang le meya ba di solofetsang tse e leng maaka.

Tamba, yo go builweng ka ene kwa tshimologong, o ne a bona pharologanyo magareng ga ditsholofetso tsa maaka tse batho ba ba buang le meya ba di solofetsang batho le boammaaruri jo Jehofa a re bo nayang. Batho ba ba buang le meya ba ne ba mo raya ba re fa a sa ntshetse bagologolwane ba gagwe ba ba tlhokafetseng setlhabelo o ne a tla palelwa ke ditlhatlhobo tsa sekolo. Tamba o ne a simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a ithutile ka boemo jwa mmatota jwa baswi le ka tshimologo ya meya e e boikepo e e itirang bagologolwane ba ba tlhokafetseng. Le fa mmaagwe a ne a mo gatelela thata gore a batle thuso kwa bathong ba ba buang le meya, Tamba o ne a gana ka go mo raya a re, “Fa nka retelelwa ke go falola ditlhatlhobo, ke tla leka go ithuta ka natla mo ngwageng o o latelang.”

Go ne ga felela ka eng? E ne ya nna ene wa ntlha go fetsa go kwala tlhatlhobo! Mmaagwe o ne a gakgametse, a tlogela go dumela mo bathong ba ba buang le meya le go tlhola a bua ka go ba ntshetsa ditlhabelo gape. Tamba o ne a ithuta gore Jehofa o re tlhagisa gore re tile go ‘botsa batho ba ba suleng go bolediwa batho ba ba tshelang.’ (Isaia 8:19) Go ithuta Baebele go ne ga dira gore Tamba a dumele gore fa a itumelela molao wa Modimo, o tla atlega.—Pesalema 1:1-3.

Go tla diragalang ka baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng? A ga go na tsholofelo epe ka bone? Mo godimo ga gore Jehofa a thuse batho ba ba tshelang, o solofeditse gore o tla thusa batho ba ba mo mabitleng. Fa moporofeti Isaia a sena go tlhalosa kafa baswi ba sa kgoneng go re thusa ka gone, ela tlhoko se a se itsiseng mo go kgaolo 26, temana 19: “Baswi ba gago ba tla tshela. . . . Tsogang lo goe ka boipelo, lona banni ba ba mo loroleng!” Boporofeti bo tswelela ka go re “ba ba se nang maatla mo losong” ba tla tshela gape.

Akanya fela ka gone! Dibilione tsa batho ba ba sa kgoneng go dira sepe ba ba mo mabitleng ba tla tshela gape! Tota e bile, Baebele e senola gore Jehofa o ‘tlhologeletswe’ go tsosa batho ba ba tlhokafetseng. (Jobe 14:14, 15) A go lebega ditsholofetso tseno di ka se diragale? Jesu Keresete o ne a tlhomamisegile ka tsholofelo eno thata mo e leng gore o ne a re batho ba ba suleng ba sa ntse ba tshela mo matlhong a ga Jehofa.—Luke 20:37, 38.

A o ka rata go nna le tsholofelo eno? * Tswelela o nna le kitso e e boammaaruri e e mo Baebeleng. Fa o ntse o ithuta o tla dumela gore Jehofa a ka kgona go thusa batho ba ba tshelang le ba ba suleng le gore ditsholofetso tsa gagwe di a ‘ikanyega e bile di boammaaruri.’—Tshenolo 21:4, 5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Leina le fetotswe.

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kgang eno, bona boroutšhara jwa Meya ya Batho Ba Ba SulengA E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 26 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya tsogo, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Ke ga tlholego fela gore re tlhologelelwe batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

A moporofeti Samuele o ne a tsoga mo baswing mme a bua le Kgosi Saulo?