Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe Le Tla Fela?

A Lefatshe Le Tla Fela?

A Lefatshe Le Tla Fela?

“BOFELO jwa lefatshe ke kgang e e kgatlhang ka metlha, segolobogolo mo dibaesekopong.” Go ne ga bua jalo mokwaladikgang mongwe e bong John Scalzi. Ke eng fa batho ba rata dibaesekopo tse di bontshang bofelo jwa lefatshe? Scalzi o ne a re: “Ka gonne di bontsha dilo tse re di boifang.” A o dumalana le seno? A re na le mabaka a a utlwalang a go boifa gore lefatshe le tla fela jang le gone leng—le dilo tsotlhe tse di tshelang tse di mo go lone?

Mo e ka nnang letsatsi le letsatsi, re utlwalela ka masetlapelo a tlholego a a bakang tshenyo e kgolo mo lefatsheng lotlhe. Ditshwantsho tsa bidio tse di boifisang tsa tshenyo eo di bontshiwa gangwe le gape mo thelebisheneng le mo Interneteng. Fa re bontshiwa ditshwantsho tse dintsi tsa batho ba mmatota le mafelo a mmatota a senngwa, go motlhofo go leba bofelo jwa lefatshe e le selo sa mmatota se se ka diregang e seng se se bontshiwang fela mo dibaesekopong.

Baitsesaense ba oketsa poifo e batho ba nang le yone ka go fopholetsa gore lefatshe le tla fela jang. Tota e bile bangwe ba bolelela pele gore lefatshe le ka fela leng. Ka March 2008, Monthly Notices of the Royal Astronomical Society e ne ya bega gore setlhopha sa baithutadinaledi se ne sa bolelela pele gore mo dingwageng di ka nna dibilione di le 7,59, letsatsi le tla bipa lefatshe le go dira gore le mowafale.

A tota lefatshe le tla fela letsatsi lengwe?

A Polanete ya Rona E na Le Letlha le e Tla Fedisiwang ka Lone?

Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Kokomana e a tsamaya, e bile kokomana e a tla; mme lefatshe le eme ka bosakhutleng.” (Moreri 1:4) Jehofa Modimo o “thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng” le go le bopela gore le nne “ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) A go thata go dumela gore mafoko ano a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a tla direga? Ke eng fa o tshwanetse go dumela gore lefatshe la rona le ka se fele le fa baitsesaense bangwe bone ba re le tla fela?

Akanya ka dilo tse di mo shelofong kwa lebenkeleng. Tse dingwe di kwadilwe letlha le di tla bong di feletswe ke nako ka lone. Ke mang yo o kwalang letlha leo? A manejara wa lebenkele leo ke ene a neng a fopholetsa letlha leo go ya ka kitso ya gagwe? Legoka! Modiri wa dilo tseo ke ene a le kwalang. Re ikanya letlha leo ka gonne modiri wa dilo tseo o di itse go gaisa motho ope fela. Ruri re tshwanetse go ikanya Modiri wa polanete ya rona! Lefoko la gagwe le tlhalosa sentle gore o ‘tlhomamisitse lefatshe’ gore le nnele ruri ka bosakhutleng. Ga le na letlha le le tla felelwang ke nako ka lone.—Pesalema 119:90.

Le fa go ntse jalo, a go ka kgonega gore batho ba ba senyang lefatshe ba le senye mo le ka se tlholeng le baakanngwa? Nnyaa le e seng! Go farologana le batho ba ba kgonang go dira dilo, Jehofa o “kgona go dira dilo tsotlhe.” (Jobe 42:2) Ke lone lebaka la go bo a ka re tlhomamisetsa jaana: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla . . . atlega.” (Isaia 55:11) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore “Modiri wa rona” ga a kitla a letlelela sepe gore se mo thibele go diragatsa boikaelelo jwa gagwe mo lefatsheng. (Pesalema 95:6) Boikaelelo joo ke bofe mme Modimo o tla bo diragatsa jang?

Bogosi Jwa Modimo bo Tla Diragatsa Boikaelelo Jwa Gagwe

Mo godimo ga gore Lefoko la Modimo le re tlhomamisetse gore lefatshe ga le kitla le senngwa, gape le re bolelela gore ‘o le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18) Le fa lefatshe la rona le ile la nniwa ka diketekete tsa dingwaga, seo ga se a diragatsa boikaelelo jwa Modimo.

Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng” le “morati wa tshiamiso.” (1 Timotheo 1:11; Pesalema 37:28) Boikaelelo jwa gagwe ke gore batho botlhe ba tshele ba itumetse e bile go se na tshiamololo. E le gore Modimo a diragatse boikaelelo jwa gagwe, o ne a bolelela pele gore o tla tlhoma Bogosi bo le bongwe kwa legodimong jo bo tla busang lefatshe lotlhe. (Daniele 2:44) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, ka metlha o ne a bua ka Bogosi jwa Modimo. O ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go bo rapelela ka gonne o ne a itse masego a a neng a tla nna teng mo lefatsheng fa Bogosi joo bo busa. (Mathaio 6:9, 10; 24:14) Mangwe a masego ao ke afe?

Kagiso le pabalesego di tla nna teng ka gonne Modimo o solofetsa go fedisa dintwa tsotlhe.—Pesalema 46:9.

Go tla nna le dijo tse dintsi tse di tla lekanang batho botlhe.—Pesalema 72:16.

Ga go kitla go nna le mathata a botsogo ka gonne “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Khutsafalo e ka se nne teng, ka go bo “loso lo tla bo lo seyo.”—Tshenolo 21:4.

Modimo o solofetsa gore batho ba gagwe ba tla ikagela matlo, ba tshele ka pabalesego mme ba “ipele ka bosaengkae.” —Isaia 65:17-24.

Ga go pelaelo gore o eletsa go itumelela maemo a a tshwanang le a a tlhalositsweng fa godimo fano. Jehofa o tlhoafaletse thata go diragatsa sotlhe se a se boleletseng pele. (Isaia 9:6, 7) Le fa go ntse jalo, o ka ipotsa jaana: ‘Go setse go fetile dingwaga di le diketekete fa e sa le ditsholofetso tsa Modimo di kwadilwe mo Baebeleng. Ke eng fa di ise di diragadiwe?’

Bopelotelele Jwa Modimo bo Dira Gore re Bolokwe

Tlhomamisega gore “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe.” Baebele e tlhalosa gore Modimo o ntse a re bontsha bopelotelele ka lorato. Ka jalo, re kgothalediwa go ‘tsaya bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.’ (2 Petere 3:9, 15) Mme ke ka ntlha yang fa bopelotelele jwa Modimo bo dira gore re bolokwe?

Sa ntlha, Modimo o itse gore pele a ka tlamela batho ba ba siameng ka legae le le babalesegileng le le le ungwang, o tshwanetse go “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Le fa go ntse jalo, ka gonne Jehofa o rata batho, “ga a eletse gore ope a senngwe.” Ka jalo, Rraarona yo o kwa legodimong o ntse a leka ka bopelotelele ‘go tlhagisa moikepi mo tseleng ya gagwe e e boikepo.’ Gore Jehofa a fitlhelele seo, o dira gore molaetsa wa Bogosi jwa gagwe o rerwe mo lefatsheng lotlhe. * (Esekiele 3:17, 18) Botlhe ba ba ikobelang tlhagiso ya Modimo le go dumalanya matshelo a bone le melaometheo ya gagwe e e siameng ba tla bolokwa le go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.

Retologelang Kwa Modimong Mme lo Bolokwe

Re ka tlhomamisega gore Baebele e re tsholetse “dikgang tse di molemo.” (Mathaio 24:14) E na le mafoko a Modimo a a tla diragadiwang a gore lefatshe le ka se senngwe! Mo godimo ga moo, go ya ka boporofeti jwa Baebele, re ka nna le tumelo ya gore “mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” Go ise go ye kae, batho ba ba siameng mo Modimong ke bone fela ‘ba tla ruang lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.’ (Pesalema 37:9-11, 29; Mathaio 5:5; Tshenolo 21:3, 4) Go fitlha ka nako eo, Modimo o tla tswelela a bua jaana a le pelotelele: “Retologelang kwa go nna mme lo bolokwe, lona lotlhe ba lo kwa mafelelong a lefatshe.” (Isaia 45:22) O tla arabela jang?

Ke eng fa o sa ikemisetse go leba kwa Modimong? Pesalema 37:34 e re gakolola jaana: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe.” Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta mo go oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le kafa o ka tshelang ka gone gore o bone boikaelelo joo bo diragadiwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 21 E le go ikobela taelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19, 20, Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le supa mo dinageng di le 236 ba dirisa diura di le bilione e le nngwe le halofo ngwaga le ngwaga ba ruta batho ka boikaelelo jo bogolo jwa Modimo ka lefatshe leno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

NASA photo