Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Lwantsha Bakanana?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Lwantsha Bakanana?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Lwantsha Bakanana?

“Fedisang batho botlhe: Bahite, Baamore, Bakanana, Baperesia, Bahife le Bajebuse, jaaka MORENA a go laetse go dira.”—DUTERONOME 20:17, TODAY’S ENGLISH VERSION.

“Agisanang le batho botlhe.”—BAROMA 12:18.

A DITEMANA tseno tsa Baebele di lebega di ikganetsa? Batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go tlhaloganya taelo ya Modimo ya go fedisa Bakanana le kgakololo ya Baebele ya gore re agisane. * (Isaia 2:4; 2 Bakorintha 13:11) Mo go bone, ditaelo tseno di lebega di sa dumalane.

Fa o ne o ka tlotla le Modimo ka kgang eno, o ne o ka mmotsa dipotso dife? A re sekaseke dipotso tse tlhano tse di tlwaelegileng le kafa Baebele e di arabang ka gone.

1. Ke ka ntlha yang fa Bakanana ba ile ba lelekwa? Bakanana ba ne ba agile mo lefatsheng le e seng la bone. Ka tsela efe? Dingwaga di ka nna 400 pelenyana, Modimo o ne a solofetsa monna yo o ikanyegang e bong Aborahame gore ditlogolwana tsa gagwe di ne di tla rua lefatshe la Kanana. (Genesise 15:18) Modimo o ne a diragatsa tsholofetso eo fa a ne a dira gore setšhaba sa Iseraele se e leng ditlogolwana tsa ga Aborahame se nne mo kgaolong eo. Gone ke boammaaruri gore bangwe ba ka nna ba re ka gonne Bakanana ba ne ba setse ba nna mo nageng eo e ne e tshwanetse go nna ya bone. Mme gone, e re ka Modimo e le Molaodimogolo wa lobopo lotlhe, o na le tshwanelo ya go swetsa gore motho a nne kae.—Ditiro 17:26; 1 Bakorintha 10:26.

2. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a sa batle gore Bakanana ba nne le Baiseraele? Modimo o ne a tlhagisa jaana ka Bakanana: “Ba se ka ba nna mo lefatsheng la gago, gore ba se ka ba dira gore o nteofele. Fa go direga gore o direle medimo ya bone, e tla nna seru mo go wena.” (Ekesodo 23:33) Moragonyana moporofeti Moshe o ne a bolelela Baiseraele a re: “Ke ka ntlha ya boikepo jwa ditšhaba tseno go bo Jehofa Modimo wa gago a di leleka.” (Duteronome 9:5) Ditšhaba tseo di ne di le boikepo go le kana kang?

Boitsholo jo bo sa siamang, kobamelo ya boheitane le go ntsha bana ditlhabelo e ne le dilo tse di anameng mo Kanana. Mokwalahisitori wa Baebele e bong Henry H. Halley a re baithutamarope ba ba neng ba epolola dilo mo karolong eo “ba ne ba bona dinkgo di le mmalwa tse di neng di na le masalela a bana ba ba neng ba ntsheditswe Baale [modimo yo o itsegeng wa Bakanana] setlhabelo.” O oketsa jaana: “Lefelo leo lotlhe le ne le lebega e kete ke mabitla a bana ba ba sa tswang go tsholwa. . . . Bakanana ba ne ba obamela ka go dira mekete ya boitsholo jo bo sa siamang fa pele ga medimo ya bone jaaka seno e ne e le moetlo wa bodumedi; mme go tswa foo, ba bo ba bolaya bana ba bone ba maitibolo, ba ba dira ditlhabelo tsa yone medimo eo. Go lebega naga yotlhe ya Kanana e ne e tshwana le Sodoma le Gomora. . . . Baithutamarope ba ba neng ba epolola masalela a metse ya Kanana ba ipotsa gore ke eng fa Modimo a sa senya metse eo ka bonako.”

3. A go ne go se na batho ba bangwe ba ba boikepo mo lefatsheng ka nako eo? Ke eng fa go ne ga senngwa Bakanana fela? Ka makgetlho a le mantsi Modimo o ne a tlhopha go senya baleofi. Mo motlheng wa ga Noa fa ‘lefatshe le ne le tletse thubakanyo’ Modimo o ne a tlisa morwalela o o neng wa gogola batho botlhe kwa ntle fela ga lelapa le le lengwe—lelapa la ga Noa. (Genesise 6:11; 2 Petere 2:5) Modimo o ne a senya metse ya Sodoma le Gomora fa maleo a baagi ba yone a nna “boima thata.” (Genesise 18:20; 2 Petere 2:6) Mme o ne a ntsha katlholo kgatlhanong le motsemogolo wa Asiria e leng Ninife, “motse wa tshololo ya madi,” le fa a ne a sireletsa motse ono fa baagi ba one ba ne ba ikwatlhaya mme ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula. (Nahume 3:1; Jona 1:1, 2; 3:2, 5-10) Fa e le Bakanana bone, Modimo o ne a ba fedisa gore a sireletse Baiseraele e leng setšhaba se se neng se tla tlhagisa Mesia.—Pesalema 132:11, 12.

4. A go fedisiwa ga Bakanana go ganetsana le gore Modimo o lorato? Fa motho a sa akanyetse kgang eno sentle, go fedisiwa ga Bakanana go ka bonala go sa dumalane le gore Modimo o lorato. (1 Johane 4:8) Le fa go ntse jalo, fa re sekaseka kgang eno sentle, re kgona go lemoga lorato loo.

Modimo ga a bolo go itse gore baagi ba Kanana ba ne ba dira dilo tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, go na le gore a ba fedise ka yone nako eo, o ne a letla dingwaga di le 400 gore di fete go fitlha diphoso tsa bone di ‘wela.’—Genesise 15:16.

Fa boleo jwa Bakanana bo ne bo fitlhile mo seemong se go neng go se na tsholofelo ya gore ba tla fetoga, Jehofa o ne a ba fedisa. Le fa go ntse jalo, ga a ka a fedisa Bakanana botlhe. Ka ntlha yang? Ka gonne ba bangwe ba ne ba iketleeleditse go ikwatlhaya. Ba ba neng ba ikaeletse go fetoga ba ba jaaka Rahabe le Bagibeone, ba ne ba utlwelwa botlhoko.—Joshua 9:3-11, 16-27; Bahebera 11:31.

5. Go tla jang gore Modimo yo o lorato a senye motho le fa e le ofe? Go a utlwala go botsa potso eno ka gonne go fedisa batho ga se selo se se itumedisang. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore Modimo o tlhotlheleditswe ke lorato gore a fedise baikepi. Ka sekai, fa molwetse a nna le ntho e e kekelang, gantsi ga go na se dingaka di ka se dirang fa e se go kgaola karolo e e tshwaeditsweng. Ke dingaka di le mmalwa fela tse di ka itumelelang go dira karo eo, le fa go ntse jalo ngaka e e molemo e itse gore—go anama ga ntho eo—go tla nna maswe le go feta. E re ka e amega ka molwetse, e dira tiro eno e e sa itumediseng gore molwetse a solegelwe molemo.

Ka tsela e e tshwanang, Jehofa ga a ka a itumelela go senya Bakanana. A re: “Ga ke itumelele loso lwa moikepi.” (Esekiele 33:11, Darby) Gape, o ne a ikaeletse gore Mesia a tlhagelele mo setšhabeng sa Iseraele, ene yo o neng a tla dira gore batho botlhe ba ba bontshang tumelo ba bone poloko. (Johane 3:16) Modimo o ne a se kitla a letla Baiseraele gore ba tshwaediwe ke mekgwa e e ferosang sebete ya Bakanana. Ka jalo, o ne a laela gore Bakanana ba fedisiwe mo lefatsheng kgotsa ba lelekiwe mo go lone. Ka go dira jalo, Modimo o ne a bontsha lorato lo logolo—lorato lo lo neng lwa mo tlhotlheletsa go dira tiro e e sa itumediseng gore baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba solegelwe molemo.

Pego ya go Senngwa ga Bakanana e re Solegela Molemo

A pego e e kaga go senngwa ga Bakanana e mosola mo go rona gompieno? Ee, ka gonne Baroma 15:4 ya re: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” Se se diragaletseng Bakanana se re ruta eng e bile se re naya tsholofelo efe?

Dipego tseno di re ruta dilo di le dintsi. Ka sekai, Modimo o ne a bontsha kutlwelobotlhoko ka go sireletsa Rahabe le Bagibeone fa ba ne ba bontsha tumelo mo go ene. Seno se re gopotsa gore mongwe le mongwe yo ruri a batlang go itumedisa Modimo a ka kgona go dira jalo, le fa a godisitswe ka tsela e e rileng kgotsa a dirile maleo a a rileng mo nakong e e fetileng.—Ditiro 17:30.

Gape dipego tse di kaga go senngwa ga Bakanana di re naya tsholofelo ka go re bontsha se Modimo a tlileng go se dira mo bogautshwaneng. Di re tlhomamisetsa gore ga a kitla a letla bosula go fenya molemo. Go na le moo, Baebele e re tlhomamisetsa gore go ise go ye kae o tla tsaya kgato go fedisa batho ba ba boikepo, mme a dire gore batho ba ba mo ratang ba falolele mo lefatsheng le lesha la tshiamo. (2 Petere 2:9; Tshenolo 21:3, 4) Ka nako eo, mafoko ano a a gomotsang a tla diragadiwa: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.”—Pesalema 37:34.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Mo setlhogong seno, lefoko “Bakanana” le kaya ditšhaba tsotlhe tse Modimo a laetseng Baiseraele gore ba di fedise.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

A Baebele e Rotloetsa Dintwa?

A taelo ya Modimo ya gore Baiseraele ba fedise Bakanana e kaya gore go siame gore batho ba nne le seabe mo dintweng? Nnyaa, ka ntlha ya mabaka a le mararo:

Gompieno ga go na setšhaba sepe mo lefatsheng se Modimo a se amogelang ka tsela e e kgethegileng. Fa Baiseraele ba ne ba gana go amogela gore Jesu ke Mesia, ba ne ba kgaotsa go emela Modimo ka tsela epe fela—go akaretsa le gore Modimo o ne a sa tlhole a ba dirisa go diragatsa dikatlholo tsa gagwe. (Mathaio 21:42, 43) Ka jalo, Jehofa o ne a leba Baiseraele fela jaaka a ne a leba ditšhaba tse dingwe. (Lefitiko 18:24-28) Go tloga ka nako eo go ya pele, ga go na setšhaba sepe mo lefatsheng se se neng se na le tshwanelo ya go ipolelela gore Modimo o se ema nokeng mo ntweng.

Jehofa ga a tlhole a abela baobamedi ba gagwe naga nngwe e e kgethegileng kgotsa karolo nngwe ya lefatshe. Go na le moo, batlhanka ba gagwe ba ka fitlhelwa mo “merafeng yotlhe le ditso” tsotlhe mo lefatsheng.—Tshenolo 7:9; Ditiro 10:34, 35.

Jesu o ne a bolela ka tsela e e utlwalang sentle gore balatedi ba gagwe ba ne ba se kitla ba tsaya karolo mo dintweng. Fa Jesu a ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore Jerusalema e tla tlhaselwa, ga a ka a ba laela gore ba nne moo mme ba lwe, go na le moo o ne a ba laela gore ba tshabe, mme ba ne ba dira jalo. (Mathaio 24:15, 16) Go na le gore Bakeresete ba boammaaruri ba dirise dibetsa, ba ikanya Bogosi jwa Modimo ka botlalo, jo bo tla tlogang bo fedisa boikepo jotlhe mo lefatsheng.—Daniele 2:44; Johane 18:36.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Sekao sa ga Rahabe se bontsha gore mongwe le mongwe yo ruri a batlang go itumedisa Modimo a ka kgona go dira jalo