Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Naya Batho Mpho ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Naya Batho Mpho ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng?

Babadi ba a Botsa . . . 

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Naya Batho Mpho ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng?

▪ Baebele ya re Modimo o re naya tshono ya gore re bone “botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 6:40) Mme ke eng se se mo tlhotlheletsang go dira jalo? A ke fela go bontsha tshiamiso?

Tshiamiso e akaretsa go tshwara batho ka tsela e e siameng. A tota re tshwanelwa ke botshelo joo? Nnyaa. Baebele ya re: “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” (Moreri 7:20) Boleo bo dira gore motho a atlholwe. Modimo o ne a tlhagisa motho wa ntlha e bong Adame gore ruri o ne a tla swa ka letsatsi le a leofang ka lone. (Genesise 2:17) Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Ka jalo fa e le gore ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame di tshwanelwa ke go swa, ke ka ntlha yang fa Modimo a solofetsa gore batho ba ka tshelela ruri?

Botshelo jo bo sa khutleng ke “mpho ya mahala.” Bo bontsha kafa lorato le bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang bo leng bogolo ka gone. Baebele ya re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo, mme go ntse jaaka e kete ke mpho ya mahala go bo ba bolelwa e le ba ba siameng ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe ka go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.”—Baroma 3:23, 24.

Le fa rotlhe re tshwanelwa ke go swa, Modimo o tlhophile go naya botlhe ba ba mo ratang botshelo jo bo sa khutleng. A go dira jalo ke go tlhoka tshiamiso? Baebele ya re: “Jaanong re tla reng? A go na le botlhokatshiamiso mo Modimong? Le ka motlha e kete go ka se ka ga nna jalo! Gonne o raya Moshe a re: ‘Ke tla utlwela botlhoko le fa e le mang fela yo ruri ke mo utlwelang botlhoko, gape ke tla bontsha bopelotlhomogi le fa e le mang fela yo ruri ke leng pelotlhomogi mo go ene.’ . . . Tota o mang go bo o araba Modimo?”—Baroma 9:14-20.

Mo mafelong mangwe mo lefatsheng, mongwe yo o nang le maemo a a kwa godimo mo pusong kgotsa moatlhodi, a ka nna a golola sekebekwa se se neng se neilwe katlholo e e bokete. Fa sekebekwa seo se dira se moatlhodi a batlang gore se se dire e bile se fetotse tsela e se lebang dilo ka yone le boitshwaro jwa sone, moatlhodi kgotsa poresidente a ka tlhopha go se itshwarela ka go fokotsa kotlhao ya sone kgotsa go e phimola gotlhelele. Ruri e ka tswa e le bopelonomi jo bo sa mo tshwanelang tota ka gonne o ne a neilwe katlholo e e bokete.

Ka tsela e e tshwanang, Jehofa a ka tlhopha gore a se ka a naya baleofi botlhe kotlhao e e ba tshwanelang. Go na le moo, a ka tlhotlhelediwa ke lorato go naya batho ba ba mo ratang e bile ba ikobela melao ya gagwe botshelo jo bo sa khutleng. Baebele ya re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Tsela e Jehofa a ileng a re bontsha lorato lo logolo ka yone ke ka go romela Morwawe go tla go boga le go re swela. Jesu o ne a bua jaana ka Rraagwe: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Jehofa Modimo o amogela batho botlhe ba ba mo ratang ba bo ba dira thato ya gagwe, go sa kgathalesege tsela e ba godileng ka yone. Ka jalo, tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng tota e bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, e bile e bontsha lorato lo logolo lwa Modimo.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng tota e bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, e bile e bontsha lorato lo logolo lwa Modimo