Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Leba Bojalwa Jang?

Modimo o Leba Bojalwa Jang?

Modimo o Leba Bojalwa Jang?

MMOPI wa rona, yo o re batlelang se se molemo, ga a re thibele go nwa bojalwa ka selekanyo se se siameng. * Go na le moo, o neile motho ‘bojalwa jwa mofine gore bo mo ipedise, le lookwane, gore lo phatsimise sefatlhego sa gagwe, le senkgwe se se thatafatsang pelo ya motho.’ (Pesalema 104:15, Baebele e e Boitshepo) Nako nngwe, Jesu Keresete o ne a dira gore lenyalo e nne le le itumedisang ka go fetola metsi go nna “bojalwa jwa mofine jo bo monate.”—Johane 2:3-10, Baebele e e Boitshepo.

Ga go pelaelo gore Mmopi o itse sentle kafa bojalwa bo amang ka gone tsela e mmele le boboko di dirang ka yone. Rraarona yo o kwa legodimong o dirisa Baebele go re ‘ruta gore re solegelwe molemo,’ mme o re tlhagisa gore re se ka ra dirisa bojalwa ka tsela e e feteletseng. (Isaia 48:17) Ela tlhoko ditlhagiso tseno tse di utlwalang sentle:

“Lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa, mme nnang lo tladiwe ka moya.” (Baefeso 5:18) ‘Matagwa . . . ga a na go rua puso ya Modimo.’ (1 Bakorintha 6:9-11, Baebele ya Tswana Central) Lefoko la Modimo le kgala “botagwa le mediro ya tlhapelo le tse di ntseng jalo.”—Bagalatia 5:19-21, Baebele ya Tswana Central.

Jaanong a re sekasekeng dikotsi dingwe tsa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

Dikotsi Tsa go Nwa ka Tsela e e Feteletseng

Le fa bojalwa bo le molemo ka tsela nngwe, bo na le metswako e e kotsi e e ka fetolang tsela e boboko le mmele di dirang ka yone. Go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go ka baka mathata ano a a latelang:

Go nwa bojalwa bobe go kgoreletsa motho yo o bo noleng go dira ditshwetso tse di siameng mme ‘ga a kgone go akanya sentle.’ (Diane 23:33) Allen, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, yo o neng a nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, a re: “Go nna lekgoba la bojalwa ga se bolwetse jwa mmele fela; ke bolwetse jo bo amang tsela e motho a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone. Ga o akanye kafa o utlwisang batho ba bangwe botlhoko ka gone.”

Go nwa bojalwa thata go ka dira gore motho a palelwe ke go itshwara. Dikwalo di tlhagisa jaana: “Beine le beine e e monate ke dilo tse di tlosang boitlhomo jo bo molemo.” (Hosea 4:11) Seno se ka direga jang? Fa motho a nole bojalwa thata, dikakanyo le dikeletso tse gantsi re lwang le tsone di ka simolola go bonala di itshiametse fela—kgotsa ra batla go di dira. Boikemisetso jwa rona jwa go dira se se siameng bo ka koafala. Bojalwa bo ka koafatsa tsela e re itshwarang ka yone mme seo sa senya kamano ya rona le Modimo.

Ka sekai, fa John a sena go ngangisana le mosadi wa gagwe o ne a tswa a galefile mme a ya kwa bareng. O ne a setse a nole digalase di le mmalwa tsa bojalwa gore a ritibale fa mosadi mongwe a ne a mo atamela. Fa John a sena go nwa digalase di le mmalwa gape, o ne a tsamaya le mosadi yoo mme a dira boaka le ene. Morago ga moo, John o ne a ikwatlhaya tota go bo a dirile sengwe se a neng a se kitla a se dira fa fela a ne a sa palelwa ke go itshwara ka ntlha ya go nwa bojalwa.

Go nwa bojalwa bobe go ka felela ka gore motho a bue le go itshwara ka tsela e e sa siamang. Baebele e botsa jaana: “Ke mang yo o nnang a le mo mathateng? Ke mang yo o ratang manganga le dintwa? Ke ba ba itisang go fitlha go setse go le thari, ba ba reng ba nwa galase ya bofelo.” (Diane 23:29, 30, Contemporary English Version) Go nwa bojalwa bobe go ka dira gore “o ikutlwe e kete o mo lewatleng, o bobodisiwa ke lewatle e bile e kete o mo sekepeng se se ntseng se phepheulelwa kwa le kwa.” (Diane 23:34, TEV) Motho yo o noleng thata a ka tsoga a “tletse mabadi gotlhe, a sa gakologelwe gore dilo tseno tsotlhe di diregile jang.”—Diane 23:35, CEV.

Go nwa thata go ka koafatsa botsogo jwa motho. “Kwa bofelong [bojalwa] bo loma jaaka noga, bo na le botlhole jo bo jaaka jwa šaušawane.” (Diane 23:32, New International Version) Ba tsa kalafi ba ne ba tlhomamisa gore seane seno sa bogologolo se boammaaruri. Bojalwa jo bontsi bo na le botlhole jo bo bolayang jo bo ka nnang jwa baka malwetse a a farologaneng a kankere, bolwetse jwa sebete, go ruruga ga sebete, bolwetse jwa lobete, go fokotsega ga selekanyo sa sukiri mo mothong yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri, go tshwaetsa ngwana yo o iseng a tsholwe ka go nwa bojalwa thata [fetal alcohol syndrome], seterouku kgotsa go ema pelo—fa re umaka ditlamorago di se kae fela tsa go nwa bobe. Tota le fa motho a ka nwa bobe gangwe fela seo se ka dira gore a idibale ka lobaka lo loleele kgotsa a swe. Le fa go ntse jalo, ditlamorago tse di botlhoko thata tsa go nwa ka tsela e e feteletseng ga di a tlhalosiwa mo dibukeng tsa dingaka.

Kotsi e kgolo. Tota le fa motho a sa tagwe, go nwa ka tsela e e feteletseng go ka baya bomoya jwa gagwe mo kotsing. Baebele e bua jaana ka tlhamalalo: “A bo go latlhega ba ba tsogang go sa le phakela gore ba senke bojalwa jo bo tagang, ba ba nnelang go diega go fitlha lefifi la maitseboa mo ba fisiwang ke beine!” Ka ntlha yang? Isaia o tlhalosa se se diragalelang bomoya jwa motho fa a nwa ka tsela e e feteletseng ka go re: “Mme ga ba lebe tiro ya ga Jehofa, le tiro ya diatla tsa gagwe ga ba e bona.”—Isaia 5:11, 12.

Lefoko la Modimo le re gakolola gore re se ka ra “nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe.” (Diane 23:20) Basadi ba ba godileng ba tlhagisiwa gore ba se ka ba “dirwa batlhanka ke beine e ntsi.” (Tito 2:3) Ka ntlha yang? Gantsi, ka iketlo—batho ba sa lemoge—ba simolola ka go nwa bojalwa ka selekanyo se sennye mme fa nako e ntse e tsamaya selekanyo seo se a oketsega. Kgabagare, motho yo o nwang a ka nna a ipotsa go re, “Ke tla tsoga leng ke tle ke . . . batle go nwa gape.” (Diane 23:35, Baebele ya Tswana Central) Motho yo o nwang bojalwa a ka itsenya mo kotsing ya go feta selekanyo se a ipeetseng sone ka go nwa bojalwa bo le bonnye mo mosong e le go ntsha babalasi ya maabane.

Baebele e tlhagisa gore ba ba ‘nwang beine mo go feteletseng, mo medirong ya ditlhapelo, mo meketeng ya go nwa ba tla ikarabelela mo go yo o iketleeleditseng go atlhola batshedi le baswi.’ (1 Petere 4:3, 5) Jesu o ne a bua jaana malebana le dinako tse di thata tse re tshelang mo go tsone: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo [la ga Jehofa] la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.”—Luke 21:34, 35.

Mme gone, batho ba ba nwang bojalwa ka tsela e e feteletseng ba ka dira jang gore ba se ka ba ‘imelwa ke go nwa bobe’?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Mo setlhogong seno, fa re bua ka “bojalwa” re bua thata ka biri, beine le majalwa a mangwe a a bogale.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Go nwa bojalwa bobe go ka baka mathata a le mantsi