Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna yo o Boikokobetso e Bile a le Pelokgale

Monna yo o Boikokobetso e Bile a le Pelokgale

Tsa Basha

Monna yo o Boikokobetso e Bile a le Pelokgale

JONA—KAROLO 1

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIRAGALANG MO GO LONE.—BALA JONA 1:1-17; 2:10–3:5.

O akanya gore sefefo se ne se ntse jang le gore modumo wa sone o ne o utlwala jang?

․․․․․

Lentswe la ga Jona le mantswe a batho ba ba neng ba le mo sekepeng a dira gore o akanye gore ba ne ba ikutlwa jang?

․․․․․

Tlhalosa gore Jona a ka tswa a ne a akanya eng fa a nwela mo lewatleng le fa a sena go komediwa ke tlhapi e kgolo. (Bala Jona 2:1-9.)

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Batho ba kwa Ninife ba ne ba ntse jang, mme ke ka ntlha yang fa kwa tshimogolong Jona a ne a okaoka go bua le bone? (Nahume 3:1)

․․․․․

O akanya gore Ninife e ne e le “motse o mogolo mo Modimong” ka tsela efe? (Jona 3:3; 2 Petere 3:9)

․․․․․

Tsela e Jona a neng a bua a sa fitlhe sepe ka yone fa a ne a bua ka diphoso tsa gagwe le fa a ne a bua ka Modimo e ne e senola eng ka ene? (Bala gape Jona 1:9, 10.)

․․․․․

O akanya gore Jona a ka tswa a ile a itse jang se se ileng sa direga fa a sena go latlhelwa mo lewatleng? (Bala gape Jona 1:15, 16.)

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Poifo.

․․․․․

Boikokobetso.

․․․․․

Bopelokgale.

․․․․․

Kafa Jehofa a lebang batho ka gone, tota le ba rona re ba tsayang ba le boikepo.

․․․․․

4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Go dira dipatlisiso tse di oketsegileng, bona Tora ya Tebelo, January 1, 2009, tsebe 25-28.

BALA DIKGATISO TSE DINGWE TSA BAEBELE MO ATERESENG ENO YA INTERNET www.watchtower.org