Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tla ke Nwe Galase ya Bofelo Fela”

“Tla ke Nwe Galase ya Bofelo Fela”

“Tla ke Nwe Galase ya Bofelo Fela”

ALLEN o simolotse go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng fa a ne a na le dingwaga di le 11. * O ne a tshameka le ditsala tsa gagwe mo sekgweng, ba etsa batho ba ba neng ba ba bona mo difiliming. Batho ba ba neng ba ba etsa e ne e le ba ditlhamane, mme bojalwa jo Allen le ditsala tsa gagwe ba neng ba bo nwa e ne e le jwa mmatota.

Fa Tony a ne a le dingwaga di le 40, o ne a simolola go oketsa bojalwa jo a neng a bo nwa ka iketlo go tswa go galase e le nngwe kgotsa di le pedi bosigo bongwe le bongwe go ya go di le tlhano kgotsa di le thataro. Kgabagare o ne a sa tlhole a itse gore o ne a nwa digalase di le kae ka letsatsi.

Allen o ne a batla thuso ka bothata jwa gagwe jwa go nwa ka tsela e e feteletseng. Tony o ne a gana thuso e a neng a e newa ke lelapa la gagwe le ditsala tse di amegang ka ene. Gompieno Allen o sa ntse a tshela gore a re bolelele ka botshelo jwa gagwe; Tony o tlhokafetse dingwaga di se kae tse di fetileng mo kotsing ya sejanaga ka ntlha ya go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

Le fa motho a nwa bojalwa bobe a le esi, ditlamorago tsa gone di ama botshelo jwa batho ba bangwe mme gantsi e nna tse di botlhoko. * Gantsi go nwa bojalwa bobe ke gone go dirang gore batho ba sotle ba bangwe ka mafoko le mo mmeleng, ba ba itaye le go ba bolaya mme gape go baka dikotsi tsa dikoloi le dikgobalo kwa tirong le mathata a mangwe a botsogo. Bojalwa bo dira gore setšhaba se latlhegelwe ke madi a mantsi ka ngwaga e bile bo senya matshelo a batho, a malapa le a bana.

Le fa go ntse jalo, Setheo sa Bosetšhaba sa Boitekanelo sa kwa United States se tlhalosa jaana: “Ga se gore mongwe le mongwe yo o nwang bojalwa ka metlha o na le bothata jwa bojalwa e bile ga se batho botlhe ba ba nang le bothata jwa go nwa ba ba nwang bojalwa letsatsi le letsatsi.” Batho ba le bantsi ba e seng makgoba a bojalwa ba simolotse go nwa go feta selekanyo ba sa lemoge. Batho ba bangwe ga ba nwe bojalwa ka metlha mme ba nwa digalase tse di fetang tse tlhano ka nako e le nngwe.

Fa o tlhopha go nwa bojalwa, go nwa bojalwa jo bontsi ke fa o nole jo bo kana kang? O ka itse jang gore ke leng o sa tshwanelang “go nwa galase ya bofelo”? (Diane 23:29, 30, Contemporary English Version) Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka tshedimosetso e e thusang malebana le kgang eno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 5 Banna ke bone ba gantsi ba tshwakgolwang ke bojalwa go na le basadi. Le fa go ntse jalo, tshedimosetso e e mo ditlhogong tseno e ama banna le basadi.