Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo a ka Ikwatlhaya?

A Modimo a ka Ikwatlhaya?

Atamalana le Modimo

A Modimo a ka Ikwatlhaya?

BAATLHODI 2:11-18

E RE ka re le batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re a tle re ikwatlhaye ka dinako dingwe. Ka sekai, re ka nna ra ikwatlhaya fa re sena go lemoga gore re dirile phoso. Se se kgatlhang ke gore Baebele ya re Jehofa a ka ikwatlhaya. Gongwe o ka nna wa re: ‘Modimo o itekanetse. Ga a dire diphoso!’ Ka jalo, ke jang re ka reng Modimo o a ikwatlhaya? Karabo ya potso eno e tla re thusa go tlhaloganya sengwe se se gakgamatsang: Jehofa o na le maikutlo, mme dilo tse re di dirang di ka mo ama. Ela tlhoko mafoko a a mo go Baatlhodi 2:11-18.

Buka ya Baebele ya Baatlhodi e tlhalosa ditiragalo tsa motlha o o sa iketlang mo Iseraele. Ka nako eo setšhaba se ne se nna kwa Kanana, lefatshe le Modimo a neng a le solofeditse Aborahame. Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, boitshwaro jwa Baiseraele bo ne bo ka tlhalosiwa ka ditsela tse nnè: botsuolodi, kgatelelo, mokokotlelo le kgololo. *

Botsuolodi. Ka ntlha ya tlhotlheletso ya Bakanana, Baiseraele ba ne ba “tlogela Jehofa” mme ba simolola go direla medimo e mengwe; segolobogolo “Baale le ditshwantsho tsa Ashethorethe.” * Go tsuologela kobamelo ya ga Jehofa ka tsela eno e ne e le botlhanogi. Ga go gakgamatse go bo Baiseraele ba ne ba “kgopisa Jehofa,” Modimo yo o neng a ba golotse kwa Egepeto!—Temana 11-13; Baatlhodi 2:1.

Kgatelelo. E re ka Jehofa a ne a na le lebaka le le utlwalang la go galefa, o ne a tlogela go sireletsa batho ba ba neng ba mo tlogetse. Jaanong Baiseraele ba ne ba tla wela mo “diatleng tsa baba ba bone,” ba ba neng ba tla tla mo nageng ya bone ba bo ba e thopa.—Temana 14.

Mokokotlelo. E re ka Baiseraele ba ne ba lebana le tlalelo e kgolo, ba ne ba tla ikwatlhaela ditiro tsa bone tse di sa siamang ba bo ba kopa thuso kwa Modimong. Mokokotlelo wa bone o ka lemogiwa ka mafoko a a reng “ba fegelwa ka ntlha ya bagateledi ba bone.” (Temana 18) Ba ne ba dira mokokotlelo kwa go Jehofa gangwe le gape. (Baatlhodi 3:9, 15; 4:3; 6:6, 7; 10:10) Modimo o ne a tsibogela seo jang?

Kgololo. Jehofa o ne a utlwa go fegelwa ga Baiseraele mme a ‘ikwatlhaya.’ Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le ‘go ikwatlhaya’ le ka kaya gore “motho o fetola mogopolo kgotsa maikaelelo.” Buka nngwe ya ditshupiso ya re: “Ka ntlha ya go fegelwa ga bone Jehofa o ne a fetola maikaelelo a gagwe a go ba otlhaya mme a ba golola.” Ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gagwe, Jehofa o ne a tla ‘tsosa baatlhodi’ ba ba neng ba tla golola batho ba gagwe mo babeng ba bone.—Temana 18.

A o lemogile se se ileng sa tlhotlheletsa Modimo gore a ikwatlhaye kgotsa a fetole mogopolo? Ke ka ntlha ya go bo batho ba gagwe ba ne ba fetola tsela e ba neng ba tshela ka yone. Akanya ka gone ka tsela eno: Rre yo o lorato a ka otlhaya ngwana yo o dirileng phoso gongwe ka go mo thibela go dira dilo dingwe. Mme fa a bona gore ruri ngwana o a ikwatlhaya, a ka mo letla go dira dilo tse a neng a mo thibetse go di dira.

Re ithuta eng ka Jehofa mo pegong eno? Le fa go dira boleo ka boomo go dira gore a galefe, fa motho a ikwatlhaya go tswa pelong, Modimo o tlhotlheletsega gore a mo utlwele botlhoko. Ka jalo, go a utlwala gore se re se dirang se ka ama tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone. Ke eng o sa ithute kafa o ka ‘ipedisang pelo’ ya ga Jehofa ka gone? (Diane 27:11) O ka se ikwatlhaele go dira jalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Baatlhodi 2:11-18 ke karolo ya tshobokanyo e e re itsiseng ka tsela e Baiseraele ba neng ba itshwara ka yone, e e tlhalosiwang ka botlalo mo dikgaolong tse di latelang.

^ ser. 6 Baale e ne e le modimo yo o itsegeng thata wa Bakanana mme Ashethorethe e ne e le modimo wa sesadi yo o neng a tsewa e le mosadi wa ga Baale.