Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ntle le beine, ke mefuta efe ya dino tse di tagang tse di neng di dirwa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele?

“Beine le bojalwa jo bo tagang” di umakiwa gangwe le gape mo Baebeleng. (Duteronome 14:26; Luke 1:15) Lefoko “bojalwa” ga le a tshwanela go tlhaloganngwa le kaya gore dino tseno di ne di bedisiwa, e re ka mokgwa oo o ne wa tlhamiwa makgolo a dingwaga moraganyana. Bojalwa jo bo tagang bo ne bo sa dirwe fela ka maungo a a jaaka merara, mokolane, mofeige, diapole le digaranata mme le ka tswine ya dinotshe.

Tota e bile, mafoko a a reng “bojalwa jo bo tagang” a ka raya le biri. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “bojalwa jo bo tagang” le amana le lefoko la Se-Akkadia le le ka kayang biri e e tlwaelegileng ya barele ya kwa Mesopotamia. Senō seo se ne se na le bojalwa jo bonnye jo bo ka tagang fa motho a bo nwa bo le bontsi. (Diane 20:1) Mafelo a go ritelwang bojalwa kwa go one a a dirilweng ka letsopa le ditshwantsho tsa batho ba ba bo ritelang di ile tsa fitlhelwa kwa mabitleng a bogologolo a kwa Egepeto. Kwa Babelona, biri e ne e nowa letsatsi le letsatsi kwa matlong a segosi le kwa matlong a bahumanegi. Bafilisitia le bone ba ne ba rata bojalwa jo bo ntseng jalo. Mo mafelong otlhe a Palesetina, baithutamarope ba ne ba fitlhela dinkgo tse di nang le sefe. Biri e ne e sefelwa mo dinkgong tseo gore batho ba ba nwang ba se ka ba nwa makakaba a barele e bojalwa bo neng bo dirwa ka yone.

Mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo, ke ka ntlha yang fa go ne go le kotsi thata go tsamaya ka sekepe segolobogolo ka dipaka tse di rileng tsa ngwaga?

Ka ntlha ya diphefo tse di sa iketlang, sekepe se moaposetoloi Paulo a neng a tsamaya ka sone se ne sa fetsa nako e ntsi se leka go ya kwa ntlheng ya bophirima go bapa le lotshitshi lwa Asia Minor. Pego ya Baebele ya re mo lefelong lengwe, go ne ga nna “diphatsa go tsamaya mo lewatleng ka gonne le go itima dijo [ga letsatsi la tetlano] go ne go setse go fetile.” Paulo o ne a bolelela batho ba a neng a tsamaya le bone gore fa ba ne ba ka leka go tswelela ka loeto lwa bone, ba ne ba se kitla ba latlhegelwa ke ‘thoto le mokoro fela mme le meya ya bone.’—Ditiro 27:4-10.

Go itima dijo ka Letsatsi la Tetlanyo go ne go dirwa mo bofelong jwa September kgotsa mo masimologong a October. Batsamaisasekepe ba Baroma ba ne ba itse gore go tsamaya ka sekepe go ne go babalesegile go tloga ka May 27 go ya go September 14. Fa gare ga September 14 le November 11, go tsamaya ka sekepe go ne go tsewa go le kotsi, mme go tloga ka November 11 go ya go March 10, go ne go tsewa go le kotsi thata. Lebaka le lengwe ke gore maemo a bosa a ne a sa iketla jaaka go bonala mo dilong tse di diragaletseng Paulo. (Ditiro 27:13-44) Batsamaisasekepe ba ne ba lebane le difefo tse di kotsi e bile go le thata go tsamaisa sekepe. Maru a ne a thiba letsatsi motshegare le dinaledi bosigo. Mme mouwane le pula di ne di dira gore dilo tse di kotsi di se ka tsa bonala sentle.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Sekai sa dibotlolo tsa biri tsa legong tsa kwa Egepeto

[Motswedi wa Setshwantsho]

Erich Lessing/Art Resource, NY

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Sekepe sa Baroma sa dithoto C. 100-200 C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.