Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Barongwa ba Romelwa “go ya Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe”

Barongwa ba Romelwa “go ya Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe”

Kalogo ya Bo127 ya Gileade

Barongwa ba Romelwa “go ya Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe”

JESU o ne a laela barutwa ba gagwe gore e nne basupi “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya taelo eo e le masisi.

Tota e bile, mo dingwageng di le 65 tse di fetileng, barongwa ba ba thapisitsweng mo Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ba ile ba thusa go etelela pele tiro eno ya go rera mo dinageng tse di fetang 200. Ka Matlhatso, September 12, 2009, badiredi ba bangwe ba ba nang le maitemogelo ba le 56, ba ne ba aloga morago ga thapiso ya dikgwedi di le tlhano kwa sekolong sa barongwa se se kwa Patterson, New York, U.S.A.

Maatla a go Akanya

Stephen Lett yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e bile e ne e le modulasetulo wa thulaganyo ya kalogo, o ne a bua le barongwa bano ka setlhogo se se reng, “Akanyang ka Tsela e e Botlhale.” O ne a simolola ka go tlhagisa baalogi ka dintlha di le nnè tse ba sa tshwanelang go akanya ka tsone. Dintlha tsa ntlha tse tharo e ne e le: (1) Lo se ka lwa akanya gore dilo tse di bonalang di ka lo sireletsa go ya go ile; (2) tilang go akanya ka dilo tse di sa siamang; le (3) tilang go tshwenyega ka tsela e e feteletseng, lo akanya ka se se bosula se se ka diregang kamoso. (Diane 18:11; Mathaio 5:28; 6:34) Fa sebui se ne se bua ka ntlha ya boraro se ne sa re go tshwenyega thata ka dilo tse di diregileng maabane le tse di diregang gompieno go dira gore re tshwenyege ka se se ka diregang kamoso. Mokaulengwe Lett o ne a re, “Oo ke morwalo o o boima go o sikara.” Ntlha ya bonè ke efe? Barongwa bano ba ne ba gakololwa gore ba se ka ba akanya gore tsela e ba neng ba tshela ka yone pele ga ba simolola kabelo ya bone ya borongwa e ne e le botoka. Go dira jalo go tla dira gore ba se ka ba itumelela lefelo la bone le lesha.

Go tswa foo, mokaulengwe Lett o ne a kgothaletsa barongwa bano gore ba akanye ka dintlha di le nnè tse di molemo. O ne a re: (1) Elang tlhoko maemo a a ka senyang kamano ya lona le Modimo kgotsa a a ka nnang kotsi mo mmeleng mme lo tile masetlapelo; (2) bonang ka leitlho la mogopolo ditiragalo tse lo di balang mo Baebeleng, mme lo akanye lo na le seabe mo go se se diregang; (3) lebang mongwe le mongwe yo lo buang le ene mo kabelong ya lona e ntšha e le moobamedi wa ga Jehofa; (4) bontshang kutlwelobotlhoko ka go itsenya mo ditlhakong tsa batho ba lo ba rerelang.—Diane 22:3.

Botlhokwa Jwa go Thapisa ba Bangwe

David Splane yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlotla ka setlhogo se se reng, “Dilo Tseno di Neye Banna ba ba Ikanyegang,” se se theilweng mo go 2 Timotheo 2:2. Fa moaposetoloi Paulo a ne a laela Timotheo gore a thapise banna ba ba ikanyegang, boikaelelo jwa gagwe e ne e se gore Timotheo a rute banna bano boammaaruri jo bo tlhomameng fela mme gape e ne e le go ba kgothatsa gore ba thapise ba bangwe. Sebui se ne sa bolelela setlhopha seno gore go tlhokega banna ba ba ka etelelang pele mo phuthegong ya Bokeresete le mo tirong ya go rera. Banna bano ba tla thapisiwa jang le gone leng? Mokaulengwe Splane o ne a kgothaletsa barongwa bano gore ba simolole go thapisa banna bano la ntlha fela fa ba simolola go ithuta Baebele le bone.

Barongwa ba ka thapisa jang batho ba ba ithutang le bone gore e nne dikao tse di molemo mo bathong ba bangwe? Sebui se ne sa tlotla ka dintlha di le mmalwa. Barongwa ba tshwanetse go ba thapisa gore ba baakanyetse thuto ya bone ya Baebele sentle. Go tswa foo, fa baithuti ba simolola go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego ba tshwanetse go ithuta go baakanyetsa kgatiso ya Baebele e e ithutiwang kwa dipokanong ba le bosi. Sebui se ne sa re, “Fa motho a sa kgone go ithuta Baebele a le esi a ka se kgone go ruta batho ba bangwe.” Gape Mokaulengwe Splane o ne a re, barongwa ba ka kgona go thusa ba basha gore ba boloke nako, ba tshegetse tiro ya go rera ka madi le gore ba ikobele ba ba etelelang pele. O ne a re tsela e e molemo ya go ruta dithuto tseno ke ka go tlhoma sekao se se molemo.

Tshiamelo ya go Nna Basupi

Guy Pierce yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlotla ka setlhogo se se theilweng mo mafokong a ga Jesu a a mo go Ditiro 1:8 a a reng, “Lo Tla Nna Basupi ba Me.” O ne a gopotsa barongwa bano gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., setšhaba sa Iseraele se ne sa latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna basupi ba ga Jehofa. Tshiamelo eo e ne ya newa setšhaba se se ungwang maungo a Bogosi. (Mathaio 21:43) Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne ya itshupa go nna sone setšhaba seo. Sebui se ne sa nopola mafoko a ga moaposetoloi Petere, yo o neng a re “setšhaba se se boitshepo” sa Bakeresete ba ba tloditsweng se tla ‘bolela gongwe le gongwe’ dinonofo tse di molemolemo tsa ga Jehofa. (1 Petere 2:6-9) Ka jalo, Jesu o ne a sa reye gore Bakeresete ba tla nna basupi ba gagwe fela mme ba se tlhole ba nna ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, Jesu o bidiwa “Mosupi yo o Ikanyegang.” (Tshenolo 1:5; 3:14) Ke ene Mosupi wa ntlha wa ga Jehofa e bile ke sekao se re se latelang.—1 Petere 2:21.

Sebui se ne sa bolelela barongwa gore gompieno mafoko a ga Jesu a a mo go Ditiro 1:8 a na le bokao jo bogolo thata. Ka ntlha yang? Tiragalo eno e e botlhokwa ya boporofeti e e mo go Tshenolo 11:15 e diragaditswe! Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia bo tlhomilwe. Gone jaanong ka tsela ya mmatota tiro ya go neela bosupi e fitlheletswe “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Mokaulengwe Pierce o ne a gatelela gore barongwa ba neela bosupi ka ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe, e seng ka bone kgotsa ka tsela e ba neng ba tshela ka yone pele, setso le naga e ba tswang kwa go yone. O ne a kgothaletsa barongwa bano gore ba rute “batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone mo nakong eno e e setseng.”

Dintlha Tse Dingwe Tsa Thulaganyo

Alex Reinmueller, yo o thusang mo Komiting ya Kgatiso o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “Jehofa o Tla go Naya Bopelokgale.” O ne a re fa barongwa ba ikaega ka maatla a ga Jehofa, o tla ba thusa go lemoga dilo tse ba kgonang go di dira, go amogela makoa a bone, go lebana le dilo tse ba di boifang le go direla Modimo ka bojotlhe.

Bakaedi ba babedi ba Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo e bong Sam Roberson le William Samuelson le bone ba ne ba bua le baithuti. Mokaulengwe Roberson o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “Ke na Le Wena,” se se theilweng mo go Isaia 41:10. O ne a re barongwa ba tla nna le boitumelo jo bogolo. Mme gape ba tla nna le mathata. Ba ka kgona go lebana le mathata ao fa ba ka etsa Kgosi Dafide, yo o neng a goela kwa go Rraagwe yo o lorato a mo rapela. (Pesalema 34:4, 6, 17, 19) Puo ya ga Mokaulengwe Samuelson e ne e gatelela botlhokwa jwa gore ba tswelele ba godisa bokgoni jwa bone jwa go akanya. Barongwa ba ba dirang jalo ba tila go itshwara ka tsela e e sa siamang fa batho ba sa ba tshware sentle e bile ga ba kgopisege motlhofo.—Diane 2:10, 11.

Jim Mantz, yo o thusang mo Komiting ya Bakwadi o ne a botsolotsa leloko la Komiti ya Lekala le le tswang kwa Repaboliking ya Georgia, yo mongwe go tswa kwa Honduras le leloko la Komiti ya Naga go tswa kwa Repaboliking ya Tajikistan. Bakaulengwe bano ba ba nang le maitemogelo ba ne ba naya barongwa kgakololo ya kafa ba ka nnang le ditsala tsa batho ba ba sa ba rateng ka go ‘fenya bosula ka molemo.’ (Baroma 12:21) Mokaedi yo mongwe wa setlhopha seno e bong Mark Noumair o ne a tlotla le baithuti bano ka maitemogelo a ba neng ba nna le one fa ba ne ba rera fa ba ntse ba thapisiwa mo sekolong sa Gileade. Puo eno e ne e na le setlhogo se se dirang gore motho a akanye, se se reng “Nka Thusa Jang?”

Modulasetulo o ne a konela thulaganyo ka go nopola mafoko a pina e ntšha ya setlhogo se se reng “Ipone ka Nako ya fa Dilo Tsotlhe di Tla Bo di Le Disha.” Botlhe ba ba neng ba tlile ba ba 6 509 ba ne ba tswa ba ikemiseditse go feta le fa e le leng pele go neela bosupi ka ga Jehofa le Morwawe “go ya kwa karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”

[Tšhate/Mmapa mo go tsebe 31]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

8 dinaga tse ba tswang kwa go tsone

56 baithuti

28 banyalani

33.6 palogare ya dingwaga tsa bone

18.3 palo ya dingwaga tsa bone fa e sa le ba kolobeditswe

13.6 palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng

[Mmapa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Barongwa ba abetswe go ya kwa dinageng di le 22 tse di bontshitsweng fa tlase fano

DINAGA TSE BARONGWA BA ABETSWENG GO YA KWA GO TSONE

ALBANIA

BOLIVIA

BURUNDI

CAMBODIA

CHILE

CONGO, DEM. REP.

COSTA RICA

CÔTE D’IVOIRE

CURAÇAO

GUYANA

HAITI

JAMAICA

MOLDOVA

MOZAMBIQUE

NEPAL

NICARAGUA

PANAMA

PARAGUAY

PERU

SERBIA

TANZANIA

UGANDA

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha sa bo127 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Marshall, T.; Prudent, L.; Mashburn, A.; Rosenström, S.; Testa, A.; Takeyama, M.; Sisk, M.

(2) Grooms, K.; Miura, S.; Camacho, M.; Rozas, S.; Burch, M.; Meza, I.; Young, G.; Geraghty, S.

(3) Bonilla, C.; Knaller, D.; Parrales, R.; Hotti, S.; Takada, A.; Tournade, M.; Sopel, C.

(4) Miura, Y.; Parrales, K.; Prudent, K.; Colburn, S.; Willis, L.; Vääränen, A.; Sisk, B.; Takada, R.

(5) Grooms, J.; Vääränen, M.; Geraghty, B.; Stackhouse, R.; Wilson, A.; Bonell, E.; Camacho, D.; Meza, R.; Bonell, M.

(6) Takeyama, S.; Testa, G.; Colburn, T.; Mashburn, C.; Willis, W.; Tournade, L.; Burch, J.; Stackhouse, J.

(7) Wilson, J.; Young, J; Marshall, E.; Rozas, M.; Knaller, J.; Hotti, N.; Rosenström, A.; Sopel, J.; Bonilla, O.