Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Bodumedi Jwa Boammaaruri

Ka Bodumedi Jwa Boammaaruri

Se re Se Ithutang mo go Jesu

Ka Bodumedi Jwa Boammaaruri

A Modimo o amogela madumedi otlhe?

▪ Jesu o ne a tlhomogela pelo batho ba ba neng ba tsieditswe ke bodumedi jwa maaka. O ne a tlhagisa ka ‘baporofeti ba maaka ba ba tlang ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.’ (Mathaio 7:15) A o lemogile gore batho ba bangwe ba dirisa bodumedi go dira dilo tse di boikepo?

Fa Jesu a ne a rapela Modimo o ne a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Ka jalo, Modimo ga a amogele bodumedi jo bo sa dumalaneng le boammaaruri jwa Baebele. Jesu o ne a bolelela baitimokanyi bangwe ba bodumedi mafoko ano a Modimo: “Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.”—Mathaio 15:9.

A go na le bodumedi jwa boammaaruri?

▪ Fa Jesu a ne a kopana le mosadi wa Mosamarea yo o neng a tsieditswe ke bodumedi jwa maaka, o ne a mo raya a re: ‘Lona lo obamela se lo sa se itseng. Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.’ (Johane 4:22, 23) Go bonala sentle gore kobamelo ya boammaaruri e ka bonwa.

Jesu o ne a re: “Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” Ka jalo, Jesu o ne a itse gore bodumedi jo a neng a bo ruta e ne e le jone fela jwa boammaaruri. (Johane 8:28) Ke gone ka moo a neng a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) E re ka baobamedi ba boammaaruri ba le seoposengwe fa ba direla Rara, ba tshwanetse go nna seoposengwe mo bodumeding bo le bongwe jwa boammaaruri.

O ka lemoga jang baobamedi ba boammaaruri?

▪ Mokeresete ke motho yo o latelang Jesu Keresete. Ela tlhoko ditsela di le nnè tse ka tsone go etsa sekao sa ga Jesu go tlhaolang balatedi ba gagwe.

1. Jesu Keresete o ne a bolelela Jehofa jaana fa a ne a rapela: “Ke ba itsisitse leina la gago.” (Johane 17:26) Bakeresete ba boammaaruri ba dira se se tshwanang.

2. Jesu o ne a rera ka Bogosi jwa ga Jehofa mme a romela barutwa ba gagwe gore le bone ba rere ka jone ka ntlo le ntlo. O ne a re: “Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng.” Moragonyana o ne a bolelela balatedi ba gagwe a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 10:7, 11; 28:19) Gompieno o ka kgona go lemoga Bakeresete ba boammaaruri ka gonne ba dira tiro e e tshwanang.

3. Jesu o ne a gana go nna le seabe mo dipolotiking. Ka jalo, o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14) Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go itsege ka go se nne le seabe mo dipolotiking.

4. Jesu o ne a iketleeleditse go rata batho ba bangwe. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Bakeresete ba boammaaruri ba a tlhokomelana e bile ga ba nne le seabe mo dintweng.

Bodumedi jwa boammaaruri bo ka go solegela molemo jang?

▪ Gore o itse bodumedi jwa boammaaruri, sa ntlha o tshwanetse go itse Jehofa sentle. Kitso ya Modimo e tla dira gore o gagamalele go tshela botshelo jo bo molemolemo mme e tla dira gore o rate Modimo fela thata. Jehofa o solofeditse batho ba ba mo ratang botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri.”—Johane 17:3.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 15 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

“Itiseng mo baporofeting ba maaka ba ba tlang mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang.”—Mathaio 7:15