Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

A o Tshwanetse go Dumela Thuto ya Tharonngwe Gore o Nne Mokeresete?

A o Tshwanetse go Dumela Thuto ya Tharonngwe Gore o Nne Mokeresete?

Buka nngwe ya sekolo se segolwane ya World Religions in Denmark, e e gatisitsweng ka 2007 e ne ya tlhalosa Basupi ba ga Jehofa e le Bakeresete ba le mmalwa ba ba latelang Baebele ka botlalo. Tota e bile, Basupi ba ga Jehofa ke setlhopha sa bodumedi sa Bokeresete sa boraro ka bogolo kwa Denmark.

Le fa go ntse jalo, bishopo ya Kereke ya Bosetšhaba kwa Denmark e ne ya tshwaya tshwetso ya mokwadi wa buka eno phoso go bo a akareditse le Basupi mo bukeng eo. Ka ntlha yang? Bishopo yono o ne a re: “Ga ke ise ke kopane le moithutabodumedi yo o akanyang gore [Basupi ba ga Jehofa] ke Bakeresete. Ga ba dumele thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe, e e leng yone thuto ya konokono mo bodumeding jwa Bokeresete.”

Mokwadi wa buka eno yo e leng moitse wa thutoloago ya bodumedi e bong Annika Hvithamar a re fa batho ba bodiwa gore ke eng fa ba re ke Bakeresete, ga se gantsi ba arabang potso eo ka gore ke ka gonne ba dumela gore Modimo ke medimo e le meraro mo go a le mongwe. Mo godimo ga moo, karolo nngwe mo bukeng eo ya setlhogo se se reng “A o Mokeresete?” ya re: “Thuto ya gore go na le Medimo e le Meraro Mo go A le Mongwe ke nngwe ya dithuto tse go leng boima thata go di tlhaloganya tsa thutabodumedi ya Bokeresete.” E oketsa ka go re: “Ka dinako tsotlhe, go boima go tlhalosetsa Bakeresete ba ba sa tsenang dikolo tsa thutabodumedi lebaka la go bo Modimo wa Bokeresete e le modimo a le mongwe e seng ba le bararo.”

“Thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe ke nngwe ya dithuto tse di leng boima thata go di tlhaloganya tsa thutabodumedi ya Bokeresete”

Se Baebele e se rutang ka Modimo le Jesu se a utlwala e bile ga se a raraana. Ga go boima go se tlhaloganya. Mafoko a a reng “Medimo e le Meraro Mo go A le Mongwe” kgotsa kgopolo eo ga di tlhagelele mo Lefokong la Modimo. Baebele e tlhalosa ka tlhamalalo gore Jesu Keresete ke Morwa wa Modimo wa leitibolo. (Bakolosa 1:15) Gape ya re Jesu ke “motsereganyi . . . gare ga Modimo le batho.” (1 Timotheo 2:5) Baebele e bua jaana ka Rara: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go botlhokwa go nna le tumelo mo go Jesu. (Johane 3:16) Ka ntlha ya seno, ba tsaya tsia taelo eno ya ga Jesu: “Go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” (Mathaio 4:10) Eleruri, motho yo o lekang ka natla go ikobela ditaelo tsa ga Jesu a ka bidiwa Mokeresete.