Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete—Kafa Molaetsa wa Gagwe o go Amang ka Teng

Jesu Keresete—Kafa Molaetsa wa Gagwe o go Amang ka Teng

Jesu Keresete—Kafa Molaetsa wa Gagwe o go Amang ka Teng

“Ke tlile gore ba tle ba nne le botshelo mme ba tle ba nne le jone ka letlotlo.”—JOHANE 10:10.

SELO se segolo se Jesu Keresete a neng a se tletse mo lefatsheng e ne e le go aba, e seng go amogela. O ne a naya batho mpho e e botlhokwa thata fa a ne a le mo bodireding—molaetsa o o neng wa senola boammaaruri ka Modimo le thato ya gagwe. Batho ba ba reetsang molaetsa oo ba ka itumelela botshelo jo bo botoka gone jaanong, fela jaaka Bakeresete ba boammaaruri ba le dimilione ba ka bolela seo. * Mme karolo ya konokono ya molaetsa o Jesu a neng a o rera ke mpho e e tlhwatlhwakgolo go di gaisa tsotlhe—botshelo jo bo itekanetseng jo a neng a re ntshetsa jone. Go tshelela ruri ga rona go ikaegile ka karolo eno ya botlhokwa ya molaetsa wa gagwe.

Se Modimo le Keresete ba re fileng sone Jesu o ne a itse gore o tla swa loso lo lo utlwisang botlhoko a bolawa ke baba ba gagwe. (Mathaio 20:17-19) Le fa go ntse jalo, mo mafokong a gagwe a a itsegeng thata a a mo go Johane 3:16, o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Gape Jesu o ne a re o tletse “go ntsha moya [kgotsa botshelo] wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Ke ka ntlha yang fa a ne a re botshelo jwa gagwe bo ne bo tla ntshiwa go na le go tsewa?

E re ka Modimo a ne a tlhotlhelediwa ke lorato lo logolo, o ne a dira thulaganyo ya gore batho ba gololwe mo boleong jo ba bo ruileng le mo ditlamoragong tsa jone—bosaitekanelang le loso. Modimo o ne a dira seo ka go romela Morwawe yo o esi mo lefatsheng go tla go swa loso lwa go intsha setlhabelo. Jesu o ne a dira jalo ka go rata, ka go re ntshetsa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng. Thulaganyo eno, e e bidiwang thekololo, ke mpho e kgolo tota e Modimo a e fileng batho. * Ke mpho e e ka dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.

Se o tshwanetseng go se dira A o leba thekololo e le mpho? Seno se ikaegile ka wena. Ka sekai: Akanya mongwe a go naya mpho e e mo lebokosong le le phuthetsweng. Boammaaruri ke gore ga e ise e nne mpho ya gago go fitlha o e tsaya. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o go naya thekololo, mme gone mpho eno ga se ya gago go fitlha o tsaya kgato mme o e amogela. Jang?

Jesu o ne a re ba ba “dumelang” mo go ene ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. Tumelo e akaretsa tsela e o tshelang ka yone. (Jakobe 2:26) Go dumela mo go Jesu go raya gore tsela e o tshelang ka yone e dumalana le dilo tse a neng a di bua le tse a neng a di dira. E le gore o dire jalo, o tshwanetse go itse Jesu le Rraagwe sentle. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Jesu Keresete o ne a rera molaetsa o o neng wa fetola matshelo a batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe. A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka molaetsa oo le kafa wena le batho ba o ba ratang lo ka solegelwang molemo ke one, e seng gone jaanong fela mme ka bosakhutleng? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.

Ditlhogo tse di latelang di tla dira gore o itse go le gontsi ka Jesu Keresete, monna yo o neng a rera molaetsa o o ka fetolang botshelo jwa gago go ya go ile.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Ga se mongwe le mongwe yo o ipolelang gore ke Mokeresete yo e leng molatedi wa boammaaruri wa ga Keresete. Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ke ba ba ikobelang dilo tse a neng a di ruta ka Modimo le ka thato ya gagwe.—Mathaio 7:21-23.

^ ser. 5 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka se Dikwalo di se rutang ka thekololo, bona kgaolo 5, “Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa,” mo bukeng ya Totatota Baebele e Rutang Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.