Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kagiso ya Mmatota le Polokesego—Di Tla Nna Gone Leng?

Kagiso ya Mmatota le Polokesego—Di Tla Nna Gone Leng?

Puo e e Kgethegileng ya Phatlalatsa

Kagiso ya Mmatota le Polokesego—Di Tla Nna Gone Leng?

Batho ga ba bolo go batla kagiso le polokesego ka diketekete tsa dingwaga. Le fa go ntse jalo, batho ba paletswe ke go nna le kagiso ya mmatota. Ka ntlha yang? Baebele e tlhalosa mabaka a mabedi a go bo go le boima gore kagiso e nne teng. Gape e na le mafoko ano a a kgothatsang: Modimo o solofeditse batho kagiso le polokesego ya mmatota le e e tla nnelang ruri mo lefatsheng lotlhe.

Kagiso le polokesego eno di tla nna teng jang le gone leng? O tshwanetse go dira eng gore o itumelele maemo ano a a itumedisang? Dipotso tseno di tla arabiwa mo puong ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Kagiso ya Mmatota le Polokesego—Di Tla Nna Gone Leng?” Puo eno e e theilweng mo Baebeleng e tla neelwa mo lefatsheng lotlhe mo dinageng di feta 230. Mo mafelong a le mantsi, e tla neelwa kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ka Sontaga, April 18, 2010. Basupi ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go itsise nako le lefelo le puo eno e tla tshwarelwang kwa go lone. O lalediwa ka lorato gore o nne teng.