Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna Yo o Neng a Fetola Lefatshe

Monna Yo o Neng a Fetola Lefatshe

Monna Yo o Neng a Fetola Lefatshe

Batho ba le dibilione ba ile ba tshela ba bo ba swa mo lefatsheng leno. Ba le bantsi ga go na sepe se ba ka gopolwang ka sone. Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa ba ba ileng ba nna le tlhotlheletso mo dilong tsa hisitori—gongwe le mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi.

O TSOGA mo mosong mme o ipaakanyetsa go ya tirong. O tshuba dipone fa o ntse o ipaakanya. O tsaya buka kgotsa makasine gore o e bale fa o le mo beseng. O gakologelwa go tsaya dipilisi tse di bolayang dibaketeria tse o di neilweng ke ngaka gore di go thuse go lwantsha megare. Letsatsi la gago ga le ise le ye gope, mme o setse o solegetswe molemo ke se batho bangwe ba ba itsegeng ba se dirileng.

Michael Faraday O tshotswe ka 1791, moitse yono wa fisikisi wa Moesemane ke ene a neng a tlhama koloi e e tsamayang ka motlakase le motšhine o o fetlhang motlakase. Dilo tse a di tlhamileng di ile tsa thusa mo go direng gore batho ba le bantsi ba nne le motlakase.

Ts’ai Lun Modiredimogolo kwa kgotlatshekelong ya kwa China, Ts’ai Lun o ne a tlotlomadiwa ka go dirwa ga pampiri mo e ka nnang ka 105 C.E., mo go neng ga felela ka gore pampiri e dirwe ka bontsi.

Johannes Gutenberg Mo e ka nnang ka 1450, motlhami yono wa Mojeremane o ne a tlhama motšhine wa ntlha o o gatisang. Motšhine ono o ne wa dira gore go gatisa go nne tlhwatlhwatlase mme seno se ne sa dira gore batho ba nne le tshedimosetso e ntsi ka dikgang tse di farologaneng.

Alexander Fleming Ka 1928, mmatlisisi yono wa kwa Scotland o ne a dira pilisi e e bolayang dibaketeria e a neng a e bitsa peniselene. Gompieno go dirisiwa thata dipilisi tse di bolayang dibaketeria go alafa batho ba ba nang le megare.

Kwantle ga pelaelo, batho ba le mmalwa ba ba ileng ba ribolola le go tlhama dilo ba ile ba dira gore batho ba le dibilione ba kgone go solegelwa molemo ka tsela nngwe kgotsa ba itumelele botsogo jo bo molemo.

Le fa go ntse jalo, go na le monna a le mongwe yo o tlhomologileng mo go bano botlhe. Ga a itsege ka sengwe se a se ribolotseng sa saense kgotsa se a se fitlheletseng mo go tsa kalafi. Go na le moo, monna yono wa maemo a a kwa tlase yo o suleng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, o ne a tlogela molaetsa—molaetsa o o maatla wa tsholofelo le kgomotso. Fa go akanngwa ka fa molaetsa wa gagwe o neng wa tlhotlheletsa batho ba le bantsi ka teng mo lefatsheng lotlhe, ba le bantsi ba ka dumalana gore eleruri ke monna yo o neng a fetola lefatshe.

Monna yoo e ne e le Jesu Keresete. O ne a rera ka molaetsa ofe? Mme molaetsa oo o ka ama botshelo jwa gago jang?