Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Ene

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Ene

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Ene

“Jesu o ne a se na dipelaelo tsa gore e ne e le mang, o tswa kae, goreng a tlile mo lefatsheng le gore o tla diragalelwa ke eng mo isagweng.”—MOKWADI HERBERT LOCKYER.

PELE re ka amogela le go dumela dilo tse Jesu a neng a di ruta, re tshwanetse go itse sengwe ka ene. Tota Jesu e ne e le mang? O ne a tswa kae? O ne a ikaeletse eng mo botshelong? Re ka bona dikarabo tsa dipotso tseo mo Diefangeleng—Mathaio, Mareko, Luke le Johane.

O ne a tshela pele a tsholwa mo lefatsheng Jesu o kile a re: “Pele ga Aborahame a nna gone, ke ne ke ntse ke le gone.” (Johane 8:58) Aborahame o ne a tshela dingwaga di le 2 000 pele Jesu a tsholwa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tshela pele tlhogo eno ya lotso e e ikanyegang e nna gone mo lefatsheng. Ka jalo, Jesu o ne a tshela kae? O ne a tlhalosa jaana: “Ke fologile kwa legodimong.”—Johane 6:38.

Morwa Modimo Jehofa o na le barwa ba bantsi ba baengele. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a tshwane le bone. O ne a re ke “Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo.” (Johane 3:18) Mafoko ano a raya gore Jesu o ne a bopiwa ke Modimo ka tlhamalalo. Modimo o ne a bopa dilo tsotlhe a dirisa Morwawe yo o tsetsweng a le esi.—Bakolosa 1:16.

“Morwa Motho” Jesu o ne a ipitsa ka mafoko ano go feta a mangwe a a kileng a ipitsa ka one. (Mathaio 8:20) Ka jalo o ne a bontsha gore e ne e se moengele yo o itirileng motho. Go na le moo, e ne e le motho yo o feletseng. Modimo o ne a fetisetsa botshelo jwa Morwawe mo lefatsheng go tswa kwa legodimong a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, a dira gore mosetsana wa kgarebane e bong Marea a ime. Ka lebaka leo, Jesu o ne a tsholwa a itekanetse, e le motho yo o se nang boleo.—Mathaio 1:18; Luke 1:35; Johane 8:46.

Mesia yo o solofeditsweng Mosadi mongwe wa Mosamarea o ne a raya Jesu a re: “Ke a itse gore Mesia o etla.” Jesu a mo raya a re: “Nna yo ke buang le wena ke ene.” (Johane 4:25, 26) Lefoko “Mesia” jaaka lefoko “Keresete,” le kaya “Motlodiwa.” Jesu o ne a tlodiwa kgotsa a tlhomiwa ke Modimo gore a diragatse seabe se se kgethegileng mo go diragadiweng ga ditshofetso tsa Modimo.

Lebaka la konokono la go bo a tlile mo lefatsheng Nako nngwe Jesu o ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Le fa a ile a direla batho ba le bantsi ditiro tse di molemo, selo se a neng a tlhomile mogopolo wa gagwe mo go sone e ne e le go rera ka Bogosi jwa Modimo. Re tlile go tlotla ka se a ileng a se ruta ka ga Bogosi joo moragonyana.

Boammaaruri ke gore Jesu e ne e se monna yo o tlwaelegileng fela. * Jaaka re tlile go bona, botshelo jo a ileng a bo tshela kwa legodimong bo dira gore re tlhaloganye sentle mafoko a a neng a a bua fa a ne a le mo lefatsheng. Ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo molaetsa o a neng a o rera o ile wa ama batho ba le dimilione mo lefatsheng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga Jesu le seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa Modimo, bona kgaolo 4 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.