Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Bana ba basimane ba maitibolo ba ne ba na le ditshwanelo le maikarabelo afe?

Fa e sa le ka motlha wa ditlhogo tsa lotso, batlhanka ba Modimo ba ne ba naya ngwana wa mosimane wa leitibolo ditshiamelo tse di kgethegileng. Fa rre a sena go tlhokafala, morwawe wa leitibolo o ne a tsaya maikarabelo a go nna tlhogo ya lelapa. O ne a tla tlhokomela lelapa le go kaela maloko a lelapa la gagwe a a tla tswelelang a nna le ene. Gape leitibolo leno le ne le emela lelapa fa pele ga Modimo. Fa barwa botlhe ba ne ba newa boswa, ngwana wa leitibolo ene o ne a newa jo bo fetang jwa bone. Le fa barwa bangwe ba ne ba ka newa boswa jo bo rileng, morwa wa leitibolo ene o ne a newa jo bo menaganeng gabedi.

Mo motlheng wa ditlhogo tsa lotso, morwa wa leitibolo o ne a ka kgona go naya mongwe tshiamelo ya gagwe ya go nna leitibolo. Ka sekai, Esau o ne a rekisetsa monnawe tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo. (Genesise 25:30-34) Jakobe o ne a tsaya tshiamelo ya go nna leitibolo ya ga morwawe e bong Rubene mme a e naya Josefa. Rubene o ne a latlhegelwa ke tshiamelo eno ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang. (1 Ditiragalo 5:1) Le fa go ntse jalo, mo Molaong wa ga Moshe, monna yo o neng a na le basadi ba bantsi o ne a ka se kgone go tsaya tshiamelo ya go nna leitibolo ya ga morwawe wa leitibolo wa mosadi yo mongwe, a bo a e naya ngwana wa leitibolo wa mosadi yo mongwe fela ka gonne a rata mosadi yoo. Rre o ne a tshwanetse go tlotla tshwanelo e tota e neng e le ya ga morwawe wa leitibolo.—Duteronome 21:15-17.

Ke ka ntlha yang fa bakwadi le Bafarasai ba ne ba rwala “dikgetsinyana tse di nang le dikwalo”?

Jesu o ne a kgala batho ba bodumedi ba ba neng ba mo ganetsa e bong bakwadi le Bafarasai ka gonne ba ne ba atolosa ‘dikgetsinyana tse di nang le dikwalo tse ba neng ba di rwala e le tshireletso.’ (Mathaio 23:2, 5) Balatedi ba ditlhopha tseo tsa bodumedi ba ne ba bofelela mabokose a mannye a mantsho a letlalo a a khutlonnè kgotsa a a khutlonnè tsepa mo diphatleng tsa bone. Gape ba ne ba a bofelela mo matsogong gaufi le pelo. Mo teng ga mabokose ano go ne go na le ditemana tse di tswang mo Dikwalong. Mokgwa ono wa go rwala dikgetsinyana tse di nang le dikwalo, o ne o theilwe mo taelong e Modimo a neng a e naya Baiseraele e Bafarasai le bakwadi ba neng ba sa e tseye ka tsela ya tshwantshetso, e e reng: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago . . . O a bofelele jaaka sesupo mo seatleng sa gago, a nne jaaka sebofo sa phatla fa gare ga matlho a gago.” (Duteronome 6:6-8) Tota ga go itsiwe gore mokgwa oo o simologile leng mme bakanoki ba bantsi ba re e ka nna ka lekgolo la boraro kgotsa la bobedi la dingwaga B.C.E.

Jesu o ne a na le mabaka a mabedi a go kgalemelela batho mokgwa ono. Sa ntlha, bakwadi le Bafarasai ba ne ba oketsa dikgetsinyana tsa bone tsa letlalo go bontsha batho ba bangwe gore ba ineetse go le kana kang mo tumelong. Sa bobedi, ditlhopha tseno di ne di akanya gore dikgetsinyana tse di nang le mekwalo ke mereo e e ka ba sireletsang. Lefoko la Segerika e leng phylakterion le le ranolwang e le dikgetsinyana, jaaka le dirisiwa mo dikgatisong tse e seng tsa Baebele le ranolwa e le “bothibelelo,” “legoratshireletso” kgotsa “tsela nngwe ya go itshireletsa.”