Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batlholagadi le Baswagadi—Ba Tlhoka Eng? O ka Thusa Jang?

Batlholagadi le Baswagadi—Ba Tlhoka Eng? O ka Thusa Jang?

Batlholagadi le Baswagadi—Ba Tlhoka Eng? O ka Thusa Jang?

Jeanne o mo kitšhining e e lefitshwana mo ntlong ya gagwe e nnye mme o baya dijana mo tafoleng jaaka gale. O ipaakanyetsa go ja. O lemoga gore o beile dijana di le pedi mo tafoleng . . . mme o thubega ka selelo. E re ka a ne a tlwaetse go tsholela batho ba babedi, o baya dijana di le pedi mo tafoleng! E setse e le dingwaga di le pedi monna wa gagwe yo o rategang a tlhokafetse.

GO THATA gore batho ba ba iseng ba tlhokafalelwe ke motho yo ba mo ratang ba tlhaloganye kutlobotlhoko e kgolo e motho a nnang le yone fa a sena go tlhokafalelwa ke molekane wa gagwe. Boammaaruri ke gore go thata gore motho a amogele ka bonako selo seno se se utlwisang botlhoko se se mo diragaletseng. Beryl wa dingwaga di le 72 o ne a sa dumele loso lwa monna wa gagwe lo lo nnileng gone a sa lebelela. A re: “E ne e kete ke a lora! Ke ne ke sa dumele gore nka se tlhole ke mmona gape.”

Fa motho a sena go kgaolwa leoto, ka dinako tse dingwe a ka “utlwa” e kete le sa ntse le le teng. Ka tsela e e tshwanang, ka dinako tse dingwe balekane ba ba utlwileng botlhoko ba akanya gore ba “bona” balekane ba bone ba le mo boidiiding jwa batho kgotsa ba iphitlhela ba bua le balekane ba bone ba ba sa tlholeng ba le gone!

Gantsi ditsala le ba lelapa ga ba itse gore ba dire eng fa mongwe yo ba mo ratang a tlhokafaletswe ke molekane wa gagwe. A o itse mongwe yo o tlhokafaletsweng ke molekane wa gagwe? O ka mo ema nokeng jang? Ke eng se o tshwanetseng go se itse gore o thuse batlholagadi le baswagadi ka nako ya fa ba hutsafetse? O ka thusa jang motho yo o tlhokafaletsweng ke molekane wa gagwe gore a boe a itumele gape?

Dilo Tse re sa Tshwanelang go di Dira

Ditsala le ba lelapa ba ka utlwisiwa botlhoko ke kutlobotlhoko ya motho yo ba mo ratang yo o tlhokafaletsweng ke molekane wa gagwe mme ba ka ithaya ba re ba a mo thusa fa ba leka go dira gore a se ka a hutsafala ka lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, mmatlisisi mongwe yo o neng a dira dipatlisiso ka batlholagadi le baswagadi ba le 700 o ne a kwala jaana: “Ga go na nako e e beilweng ya gore motho a hutsafale go fitlha leng.” Ka jalo, letla molekane yo o tlhokafaletsweng gore a bontshe khutsafalo ya gagwe go na le go mo thibela go dira jalo.—Genesise 37:34, 35; Jobe 10:1.

Le fa go tshwanela gore o thuse ka dithulaganyo tsa phitlho, o se ka wa akanya gore o tshwanetse go laola sengwe le sengwe se se amanang le phitlho. Paul, moswagadi wa dingwaga di le 49, a re: “Ke itumelela gore batho ba ba neng ba nthusa go dira dithulaganyo tsa phitlho ba ne ba ntetla go dira ditshwetso tse di neng di le botlhokwa mo go nna. Selo se se neng se le botlhokwa thata mo go nna e ne e le gore phitlho ya mosadi wa me e tsamaye sentle. Mo go nna, e ne e le selo sa bofelo se ke neng nka se dira go supa gore ke a mo rata.”

Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba anaanela thuso e ba e newang. Motlholagadi wa dingwaga di le 68 e bong Eileen a re: “Go ne go le boima gore ke dire dithulaganyo tsa phitlho le go tlatsa diforomo dingwe tse di neng di amana le phitlho ya monna wa me ka gonne ke ne ke sa kgone go akanya sentle. Mme se se itumedisang ke gore morwaake le ngwetsi ya me ba ne ba nthusa fela thata.”

Gape o se ka wa tshaba go bua ka motho yo o tlhokafetseng. Beryl yo o umakilweng pelenyana a re: “Ditsala tsa me di ne di nkema nokeng fela thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore ba le bantsi ba ne ba sa bue ka mogatsake e bong John. E ne e kete ga a ise a ko a nne teng mme seo se ne se nkutlwisa botlhoko thata.” Fa nako e ntse e ya, batlholagadi le baswagadi ba ka rata go bua ka balekane ba bone. A o gakologelwa sengwe se se molemo se motho yo o tlhokafetseng a ileng a se dira kgotsa se se kgatlhang se a ileng a se bua? Fa go le jalo bolelela molekane yo o swetsweng ka gone; o se ka wa letla gore poifo e go thibele go bua. Fa o bona gore o tla amogela se o se buang, mmolelele se o neng o se rata kgotsa se o se gopolang ka molekane wa gagwe yo o tlhokafetseng. Seno se ka thusa molekane yo o hutsafetseng go lemoga gore batho ba bangwe le bone ba hutsafetse.—Baroma 12:15.

Fa o gomotsa motho yo o tlhokafaletsweng, o se ka wa mo naya dikgakololo tse dintsi. Tila go mo gatelela gore a dire ditshwetso ka bonako. * Go na le moo, dirisa temogo mme o ipotse jaana, ‘Nka dira eng go thusa tsala kgotsa mongwe wa losika go lebana le phetogo eno e kgolo mo botshelong?’

Se o Ka se Dirang

Fa motho a sena go tlhokafalelwa ke molekane wa gagwe, o tla anaanela go thusiwa ka dilo tse a di tlhokang. A o ka mo apeela, wa naya ba losika lwa gagwe marobalo kgotsa wa fetsa nako o na le motho yono yo o hutsafetseng?

Gape o tshwanetse go lemoga gore banna le basadi ba ka itshwara ka ditsela tse di farologaneng fa ba hutsafetse le fa ba jewa ke bodutu. Ka sekai, mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, bontsi jwa baswagadi ba nyala gape morago ga dikgwedi di ka nna 18 fa ba sena go tlhokafalelwa ke molekane—selo se se diregang ka sewelo mo batlholagading. Ke eng se se dirang gore ba se ka ba tshwana?

Go farologana le se batho ba le bantsi ba se akanyang, ga se ka metlha banna ba nyalang gape gore ba kgotsofatse dikeletso tsa bone tsa nama kgotsa tsa tlhakanelodikobo. Lebaka ke gore banna ba rata fela go bulela balekane ba bone mafatlha mme seo se ka dira gore monna a jewe ke bodutu thata fa molekane wa gagwe a sena go tlhokafala. Gantsi batlholagadi bone ba kgona go gomodiwa ke batho ba bangwe le fa ka dinako tse dingwe ditsala tsa banna ba bone di ba lebala. Mokgwa ono o baswagadi ba nang le one o bontsha lebaka la go bo ba akanya gore go nyala gape go tla dira gore ba se ka ba tlhola ba jewa ke bodutu—le fa gone go ratana ka bonako jalo go ka nna kotsi. Batlholagadi bone ba ka kgona go itshokela kutlobotlhoko e e bakwang ke go jewa ke bodutu.

Fa tsala ya gago kgotsa mongwe wa losika e le moswagadi kgotsa motlholagadi, ke eng se o ka se dirang gore a se ka a jewa ke bodutu thata? Motlholagadi wa dingwaga di le 49 e bong Helen, a re: “Ba le bantsi ba batla go thusa mme ga ba dire maiteko ape. Gantsi ba a tle ba re, ‘Fa go na le sengwe se o ka ratang ke go direla sone, o mpolelele.’ Mme ke ne ke anaanela fa mongwe a ne a re, ‘Ke ya mabenkeleng. A o ka rata go tsamaya le nna?’” Paul yo mosadi wa gagwe a neng a tlhokafala ka ntlha ya kankere o tlhalosa lebaka la go bo a ne a itumelela go lalediwa. A re: “Ka dinako tse dingwe ga o eletse go nna le batho le go tlotla le bone ka boemo jwa gago. Mme fa o sena go itisa le bone o ikutlwa o le botoka thata; o ka se ikutlwe jalo fa o le esi. O lemoga gore batho ba amega ka wena mme seno se dira gore dilo di nne motlhofo.” *

Nako e ka Yone Batho ba ba Tlhokafaletsweng ba Anaanelang Thata go Bontshiwa Kutlwelobotlhoko

Helen o ne a lemoga gore o tlhoka go engwa nokeng fela thata fa bontsi jwa ba masika a gagwe bo sena go boela kwa ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. A re: “Fa molekane wa gago a sena go tlhokafala, ditsala le ba masika a gago ba go ema nokeng mme morago ga moo ba tswelela ka matshelo a bone. Mme botshelo jwa gago jone bo a ema.” Fa ditsala tsa boammaaruri di ela ntlha eno tlhoko di tla tswelela di ithaopela go go ema nokeng.

Gongwe motlholagadi kgotsa moswagadi a ka tlhoka go fetsa nako le mongwe ka malatsi mangwe a botlhokwa a a jaaka letsatsi la gagwe la lenyalo kgotsa ka letsatsi le molekane wa gagwe a tlhokafetseng ka lone. Eileen, yo o umakilweng pelenyana a re ka letsatsi la gagwe la lenyalo morwawe yo mogolo o mo thusa gore a se ka a jewa ke bodutu le go hutsafala. A re: “Ngwaga le ngwaga morwaake e bong Kevin o tswa le nna letsatsi lotlhe. Ke ja dijo tsa motshegare le ene mme e ntse e le sengwe se nna le morwaake re se dirang e le rona fela.” Ke eng o sa gopole matlha ano a e leng dinako tse di boima thata mo go mongwe wa lelapa kgotsa tsala yo e leng motlholagadi kgotsa moswagadi? O ka rulaganya gore wena kgotsa batho ba bangwe ba nne le motho yoo ka letsatsi leo.—Diane 17:17.

Batho bangwe ba lemogile gore batho ba ba tlhokafaletsweng ke balekane ba bone ba kgona go gomotsa batho ba bangwe. Annie yo e nnileng motlholagadi ka dingwaga di le robedi o bua jaana ka go tsalana ga gagwe le motlholagadi yo mongwe, “Go ikemisetsa ga gagwe go ile ga nkama fela thata le go nkgothatsa gore le nna ke tswelele pele ka botshelo.”

Fa motlholagadi kgotsa moswagadi a sa tlhole a hutsafadiwa thata ke go tlhokafalelwa ke molekane, a ka kgona go kgothatsa batho ba bangwe le go ba nonotsha. Batlholagadi ba le babedi ba ba umakiwang mo Baebeleng, lekgarebe e bong Ruthe le matsalaagwe e bong Naomi ba ne ba solegelwa molemo ke tsela e ba neng ba gomotsana ka yone. Pego eo e e amang e bontsha kafa tlhokomelo e e lorato e basadi bano ba neng ba e bontshana e ba thusitseng ka gone go itshokela kutlobotlhoko le maemo mangwe a a gwetlhang a ba neng ba lebane le one.—Ruthe 1:15-17; 3:1; 4:14, 15.

Nako ya go Fodisa

Gore baswagadi le batlholagadi ba tswelele ba itumelela botshelo ba tshwanetse go nna tekatekano mo tseleng e ba gopolang molekane wa bone ka yone le e ba tlhokomelang dilo tse ba di tlhokang ka yone. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a dumela gore go na le “nako ya go lela.” Gape o ne a re go tlhokega “nako ya go fodisa.”—Moreri 3:3, 4.

Paul yo o umakilweng fa godimo o bontsha kafa go leng thata ka gone go tila go gopola ka nako ya fa o ne o na le molekane. A re: “Nna le mogatsake re ne re ntse jaaka ditlhatshana tse pedi tse di golang di tshwaragane. Setlhare se sengwe se ne sa swa mme sa kumolwa, ga sala se sengwe se sa lebege sentle. Ke ne ke sa tlwaela go nna ke le esi.” Batho bangwe ba ba tlhokafaletsweng ke balekane ba bone ba tsaya gore ba tla bo ba sa ikanyege mo balekaneng ba bone fa ba tlogela go akanya ka bone. Bangwe ba tshwenngwa ke gore fa ba dira dilo tse ba di ratang ba ka tswa ba sa ikanyege, ka jalo ga ba batle go intsha kgotsa go kopana le batho ba bangwe. Re ka thusa jang batlholagadi le baswagadi gore ba se ka ba utlwa botlhoko thata mme ba tswelele ka botshelo?

Kgato ya ntlha e ka nna go thusa motho gore a ntshe maikutlo a gagwe. Herbert yo o nnileng moswagadi ka dingwaga di le thataro a re: “Ke anaanela thata dinako tse ka tsone baeng ba neng ba ntheetsa ka tlhoafalo fa ke ntse ke bua ka sengwe se ke neng ke se akantse ka nako eo. Ke dumela gore ga se ka metlha batho ba neng ba itumelela go nna le nna, le fa go ntse jalo ke anaanela tsela e ba neng ba nkutlwela botlhoko ka yone.” Paul o ne a amiwa thata ke se tsala e e godileng e neng e tlhola e se dira, e mmotsa ka metlha gore o ikutlwa jang. Paul a re, “Ke anaanela tsela e e lorato e a neng a bua le nna ka yone mme gantsi ke mmolelela kafa ke ikutlwang ka gone ka nako eo.”—Diane 18:24.

Fa motho yo o tlhokafaletsweng a ntsha maikutlo a gagwe, a a jaaka go ikwatlhaya, go ikutlwa a le molato kgotsa go galefa, o kgona go amogela boemo jo a leng mo go jone. Kgosi Dafide o ne a bolelela mogomotsi yo mogolo e bong Jehofa Modimo se se mo pelong ya gagwe e leng se se dirileng gore a ‘nanoge’ le go amogela boammaaruri jo bo utlwisang botlhoko jwa gore morwawe yo mmotlana o sule.—2 Samuele 12:19-23.

Tota le fa go le thata kwa tshimologong, fa nako e ntse e ya motho yo o tlhokafaletsweng ke molekane a ka kgona go dira ditiro tse a neng a tlwaetse go di dira. A o ka dira le ene ditiro dingwe tsa letsatsi le letsatsi jaaka go ya mabenkeleng kgotsa go phutholola dinao? A o ka kopa tsala eno ya gago gore e go thuse go dira tiro nngwe? Eno ke nngwe ya ditsela tse ka tsone o ka thusang motho gore a se ka a itlhaola. Ka sekai, a a ka kgona go tlhokomela bana kgotsa go go ruta go apaya dijo dingwe tse a itseng go di apaya sentle? A a ka thusa go baakanya dilo dingwe mo ntlong? Fa o mo kopa gore a go direle dilo tse di ntseng jalo le ditiro tse dingwe tse di ka mo itumedisang, o tla tlhomamisega gore botshelo jwa gagwe bo na le bokao.

Fa motho yo o tlhokafaletsweng ke molekane a bolelela batho ba bangwe kafa a ikutlwang ka gone, a ka kgona go itumelela botshelo le go itlhomela mekgele e mesha fa nako e ntse e tsamaya. Yonette, motlholagadi wa dingwaga di le 44 e bile e le motsadi, o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Go ne go le thata gore ke dire dilo tse ke neng ke tlwaetse go di dira! Go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi, go duelela ditshenyegelo le go tlhokomela bana ba bararo go ne go le thata tota.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ile Yonette o ne a rulaganya dilo mme a ipha nako ya go tlotla le bana ba gagwe. Gape o ne a amogela thuso ya ditsala tse a atamalaneng thata le tsone.

“Botshelo e Nna e Ntse e le Mpho e e Tlhwatlhwakgolo”

Gore ditsala le ba lelapa e nne bathusi ba ba molemo ba tshwanetse go nna tekatekano. Go ka feta dikgwedi le e leng dingwaga maikutlo a moswagadi kgotsa a motlholagadi a fetofetoga, go na le dinako tse ka tsone a ritibalang le tse a tshwenyegang thata mo maikutlong ka tsone. Boammaaruri ke gore “sebetso sa pelo ya gagwe” se ka nna segolo thata.—1 Dikgosi 8:38, 39.

Ke ka nako eno e motho yo o hutsafetseng a tlhokang go kgothadiwa ka lorato gore a lebane le seemo sa gagwe mme a se ka a itlhaola. Batlholagadi le baswagadi ba le bantsi ba thusitswe ke kemonokeng e e ntseng jalo gore ba kgone go tswelela ka botshelo. Claude, motlholagadi wa dingwaga di le 60 yo gone jaanong e leng moreri wa nako e e tletseng mo Afrika a re: “Botshelo e nna e ntse e le mpho e e tlhwatlhwakgolo le e leng morago ga kutlobotlhoko ya go tlhokafalelwa ke molekane wa gago.”

Fa molekane a tlhokafala, botshelo ga bo tlhole bo tshwana le pele. Le fa go ntse jalo, batho ba ba tlhokafaletsweng ke balekane ba bone ba sa ntse ba na le dilo tse dintsi tse ba ka di direlang batho ba bangwe.—Moreri 11:7, 8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Bona lebokoso le le reng “A ke Boloke Dilwana Tsa Molekane Wa me Yo o Tlhokafetseng?” le le mo go tsebe 12.

^ ser. 16 Go bona dikakantsho tse dingwe tse di molemo tse di ka thusang motho yo o tlhokafaletsweng, bona boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala mo go tsebe 20-25 e e gatisitsweng ke Basupi jwa ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Ditsala tsa boammaaruri di tla tswelela di ithaopela go go ema nokeng

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

A ke Boloke Dilwana Tsa Mole-kane Wa me Yo o Tlhokafetseng?

Helen, yo monna wa gagwe a nang le dingwaga di le mmalwa fela a tlhokafetse a re: “Ke ile ka boloka dilwana di le dintsi tsa ga mogatsake. Ke lemogile gore fa nako e ntse e ya, dilo tseno di dira gore ke gopole dinako tse di monate tse re nnileng le tsone. Ke ne ke sa batle go latlha sengwe le sengwe ka bonako fela fa mogatsake a sena go tlhokafala ka gonne maikutlo a motho a ka fetoga fa nako e ntse e tsamaya.”

Go farologana le moo, Claude yo o nang le dingwaga tse di fetang tse tlhano a tlhokafaletswe ke mogatse a re: “Ga ke rate go boloka dilwana tsa gagwe tse di tla dirang gore ke nne ke mo gopola. Ke akanya gore go aba dilwana tsa ga mogatsake go nthusitse go lebana le kutlobotlhoko le go dira gore ke se ka ka hutsafala thata.”

Se se umakilweng fa godimo se bontsha kafa batho ba dirang ditshwetso tse di sa tshwaneng ka gone malebana le dilwana tsa balekane ba bone ba ba tlhokafetseng. Ka jalo, ba losika le ditsala tse di molemo ba tla tila go gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya bone.—Bagalatia 6:2, 5.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A go na le matlha mangwe a a kgethegileng a ka one motlholagadi kgotsa moswagadi a ka anaanelang thuso ya gago fela thata?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Se lebale go ba laletsa

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Akaretsa batlholagadi le baswagadi mo ditirong tsa gago tsa letsatsi le letsatsi kgotsa mo boitlosobodutung