Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Dikgang Tse di Molemo” di Rerwa Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Australia Tse di Kwa Kgakala Kwa Bokone

“Dikgang Tse di Molemo” di Rerwa Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Australia Tse di Kwa Kgakala Kwa Bokone

“Dikgang Tse di Molemo” di Rerwa Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Australia Tse di Kwa Kgakala Kwa Bokone

JESU o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:14) Basupi ba ga Jehofa ba ikobela taelo ya ga Jesu le go leka go rerela batho molaetsa wa Baebele, go sa kgathalasege gore ba nna kae. (Mathaio 28:19, 20) Tiro eno e dirwa ka go ithaopa mme ka dinako tse dingwe go ka nna thata go e dira e bile e ka tlhoka gore o dirise madi a gago.

Ka sekai, Nathan le Carly ba ile ba fetola tsela e ba neng ba tshela ka yone gore ba kgone go rerela batho ba ba nnang mo Ditlhaketlhakeng tse di kgakala tsa Torres Strait. Ka 2003, moemedi mongwe wa ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Australia o ne a ba laletsa gore ba fudugele kwa Setlhaketlhakeng sa Thursday go ya go dira le phuthego e e mo lefelong leo. Setlhaketlhake seo ke sengwe sa ditlhaketlhake tse di tshwaraganeng le tse dingwe tse dinnye tse di ntle e bile di le tala mo Pacific magareng ga Australia le New Guinea.

Ka 2007, lelapa la rona le ba losika ba ne ba reka mokoro wa bogologolo o o neng o dirisediwa go tshwara ditlhapi o o bidiwang Teisan-Y. Ba ile ba baakanya mokoro ono ka madi a bone, mme ba simolola go tsaya maeto go ya go rerela baagi ba ditlhaketlhake di le lesome tse di kwa kgakala, ba ne ba di etela ba tswa kwa Setlhaketlhakeng sa Thursday. Dintlha tse di latelang ke “Pego ya Motsamaisasekepe” ka mangwe a maeto a bone.

January 2008: Gompieno, ke ya kwa Bamaga ka mokorwana—loeto lwa dikilometara di le 80 go ya le go boa—go ya go tsaya Basupi ba lefelo leo ba le barataro. Gone jaanong re mo mokorong wa Teisan-Y, re ya re lebile ditlhaketlhake tsa Warraber le Poruma. Ditanka di tletse—dilitara di le 5 500 tsa lookwane mme litara e le nngwe ya yone ke $2. Mokoro o bonya, o kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di le lesome fela ka ura. Mme maemo a bosa one a a itumedisa, a botoka go gaisa makhubu a lewatle.

Fa re goroga, re tshetlela mokoro, re palama mokorwana le batho ba le mmalwa ba ke tsamayang le bone ba ba nang le masika kwa Warraber mme re bo re ya go kopana le mokhanselara wa setlhaketlhake gore a re neye tetla ya go rera. Ke moruti mo kerekeng ya lefelo leno mme o ne a re letla go bua le baagi. Re dira fela jalo le kwa Poruma mme re letlelelwa go rera. Batho ba botsalano tota e bile ba tlhoafaletse go bala dikgatiso tsa rona. Re simolola dithuto tse dintsi tsa Baebele.

April 2008: Re rulaganya go etela Dauan, Saibai le Boigu—ditlhaketlhake tse tharo tse di kwa kgakala—gaufi le molelwane wa Papua New Guinea (PNG). Maemo a bosa a nna maswe mme re leba kwa Setlhaketlhakeng sa Mabuiag. Setlhaketlhake seno se dikilometara di le 70 fela go tswa kwa boemakepeng jwa lefelo le re nnang kwa go lone mme re tlile go tsamaya dikilometara di le 140 ka ntlha ya go dikologa mafika a mantsi a a mo metsing.

Lekhubu le legolo le ne la phaila mokorwana mo mokorong wa Teisan-Y. Re ne ra boa ka mokoro mo gare ga makhubu a magolo ra ya go o tsaya. Batho ba bantsi mo mokorong ba ne ba lwatswa ke lewatle.

Kwa Mabuiag, re ne ra newa tetla ya go rera mo setlhaketlhakeng mme batho ba lefelo leo ba ne ba re amogela ka diatla tsoopedi mo e leng gore re ne ra lebala ka bonako maemo a a sa itumediseng a re tswang mo go one. Mosadi mongwe o ne a itumeletse thata go utlwa molaetsa wa rona mo a neng a tsaya dikgatiso tse di oketsegileng gore a tle a di beye mo laeboraring ya lefelo la bone kwa a berekang gone.

May Go ya Go October 2008: Ka ntlha ya maemo a bosa, re palelwa ke go fitlha kwa ditlhaketlhakeng. Re ile ra dirisa nako eo go rera mo lefelong leo le go baakanya mokoro.

Mokoro o tlhoka tiro e e seng kana ka sepe, ka jalo re ne ra ya kwa boemakepeng jo bogolo jwa Weipa mme ra ntsha mokoro mo metsing ka kolotsana e kgolo. Go motlhofo go bua jalo, mme go ne go se motlhofo go o ntsha! Basupi ba phuthego e e mo lefelong leo ba ne ba ithaopela go re thusa ka tiro eno, e e jaaka go tsenya diphaepe, go penta le go betla ka logong. Ba bangwe ba ne ba tlisa dijo. Mme ba bangwe ba ne ba re naya dilwana tse re neng re tla di dirisa mo loetong lwa rona lwa go rera lo lo latelang. Ga re kitla re lebala tsela e ba neng ba re amogela ka yone le kafa ba neng ba re thusa ka gone.

December 2008: Re rulaganya gape go ya kwa Dauan, Saibai le kwa Boigu. Re tila ditsuatsue tsa boboatsatsi re dirisa radara mme re dikologa mafika a a mo metsing re thusiwa ke sedirisiwa sa ileketeroniki se se kgonang go supa tsela e e seng kotsi, se se bidiwang chart plotter. Go re tsere diura di le 12 ka mokoro gore re fitlhe kwa Dauan mme ke setlhaketlhake se sentle go gaisa tse re kileng ra di bona. Dithaba tse di tletseng matlapa tse di kwa godimo di khurumeditswe ke maru. Batho ba mo Dauan ba re reetsa ka tlhoafalo mme re rulaganya gore re tsweletse motlotlo wa Baebele le bone re dirisa founo fa re se na go boela gae.

Ka nako nngwe mosadi mongwe wa lefelo leo yo o bidiwang Lettie o ne a amogela dimakasine tsa rona mme a romela ditlankana go kopa dikgatiso tse di oketsegileng. Ofisi ya lekala ya kwa Australia e ne ya mo romelela tsone mme ya romelela le phuthego ya rona lekwalo la gore fa go kgonega re ikgolaganye le ene. Kgabagare re ne ra kopana le Lettie mme ra itumelela go nna le seabe se sennye sa go mo kgotsofatsa ka dilo tse a di tlhokang semoyeng.

Kwa setlhaketlhakeng sa Saibai, mokhanselara o ne a se ka a re letla go rerela baagi ba setlhaketlhake seo. Mme o ne a letlelela ba ba neng ba tsamaya le rona ba ba nang le masika koo gore ba ba etele le go bua le bone. Ke dirile tumalano le puso ya go dira tiro ya go penta matlo kwa Saibai, mme seno se thusa go duelela ditshenyegelo tsa rona.

Mongwe wa bokgaitsadi ba rona yo o bidiwang Tassie o tswa kwa motseng wa PNG, o o ka nnang dikilometara di le nnè fela go tswa Saibai. Go ya ka tumalano e e dirilweng ke puso ya Australia, baagi ba PNG ba kgona go ya kwa Saibai le go gweba teng. Tassie o ne a kopana le batho ba le bantsi ba ba tswang kwa gabone mme o ne a se na dikgatiso tse di ka ba lekanang botlhe. Leno ke lekgetlo la ntlha Tassie a kopana le batho ba ba tswang kwa motseng wa gaabo fa e sa le a nna Mosupi wa ga Jehofa. Re ne ra boela kwa mokorong mme ra mo tlela ka lebokose la dikgatiso, tse bontsi jwa tsone e neng e le ka Se-Pidgin sa kwa PNG, puo e e itsegeng e le Se-Tok Pisin. Tassie o ne a tlhalosetsa boidiidi jwa batho ba ba neng ba feta 30 ba ba tswang kwa PNG molaetsa wa Baebele mme ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba tsaya dikgatiso tsotlhe tse di neng di le mo lebokoseng. Motho a ka kgona go fitlha fela kwa motseng o ba nnang kwa go one ka mokoro e bile Basupi ba ga Jehofa ba ka tswa ba ise ba ba etele.

Ga go motlhofo go fitlha kwa setlhaketlhakeng sa bofelo e leng Boigu. Re bokgakala jwa dikilometara di ka nna nnè go ela kwa lotshitshing mme metsi a boteng jwa dimetara tse pedi le sephatlho. Mokoro o boteng jwa dimetara di le 1,8. Nna le mongwe wa batho ba re neng re tsamaya le bone re ne ra tsaya mokorwana go ya go tlhola lefelo leo le go batla tsela ya go tsena mo setlhaketlhakeng. Pula e a tshologa mme re kolobile fela thata! Go re tsaya diura tse pedi go bona tsela.

Fa re goroga, baagi ba ba gakgametseng ba setlhaketlhake seo ba re bolelela gore ditšhate tse ke di tshwereng ga di boammaaruri le gore le e leng batho ba ba tlhokometseng lotshitshi kgotsa masole a mo lewatleng ga a tsene kwa lefelong leo. Mokhanselara ga a re letle go rera mme o letla ba ba tlang le rona ba ba nang le masika mo setlhaketlhakeng gore ba ba etele le go ba rerela. Re ne ra dira fela jaaka mokhanselara a kopile, ra etela ba masika fela. Monna mongwe o ne a amogela buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?, * a e bala ka yone nako eo a bo a kwala dipotso kwa morago mo Baebeleng ya gagwe. Go ne ga ikgolaganngwa le monna yono moragonyana fa a ne a etetse kwa Setlhaketlhakeng sa Thursday.

January 2009: Re boela kwa ditlhaketlhakeng tsa Moa le Mabuiag go ya go bua gape le batho ba ba ileng ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Mo ditlhaketlhakeng tseno ka bobedi, re ne ra amogelwa ka lorato. Batho ba le bantsi mo motseng wa St. Paul o o mo Setlhaketlhakeng sa Moa ba ne ba re bolelela gore re se ka ra tsaya lobaka re sa boe. Mokhanselara o ne a re re ka nna ra rera nako nngwe le nngwe mo motseng fa re batla.

Go na le ditlhaketlhake di le 17 tse di nang le baagi kwa Torres Strait. Ga re itse gore re tla ya bokgakaleng jo bo kana kang gore re kopane le mongwe le mongwe yo o nnang mo go tsone. Mme rotlhe fela mo phuthegong mono mo ditlhaketlhakeng tsa Australia tse di kwa kgakala kwa bokone re itumelela go bo re dira se re ka se kgonang go baka Mmopi wa rona yo Mogolo e bong Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mmapa mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AUSTRALIA

Weipa

Bamaga

DITLHAKETLHAKE TSA KWA TORRES STRAIT

PAPUA NEW GUINEA

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on NASA/Visible Earth imagery

[Mmapa mo go tsebe 24, 25]

Bamaga

Setlhaketlhake sa Thursday

Setlhaketlhake sa Moa

Setlhaketlhake sa Warraber

Setlhaketlhake sa Poruma

Setlhaketlhake sa Mabuiag

Setlhaketlhake sa Saibai

Setlhaketlhake sa Dauan

Setlhaketlhake sa Boigu

PAPUA NEW GUINEA

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on NASA/Visible Earth imagery

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Re goroga mo Setlhaketlhakeng sa Thursday

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Re etela batho ba ba nnang mo Setlhaketlhakeng sa Saibai

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go rera dikgang tse di molemo ka puo ya Se-Tok Pisin