Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Motho yo o “Pelo e e Phatlogileng Le e E Gateletsweng” a Kopa go Itshwarelwa

Fa Motho yo o “Pelo e e Phatlogileng Le e E Gateletsweng” a Kopa go Itshwarelwa

Atamalana le Modimo

Fa Motho yo o “Pelo e e Phatlogileng Le e E Gateletsweng” a Kopa go Itshwarelwa

2 SAMUELE 12:1-14

ROTLHE re leofa ka makgetlo a le mantsi. Le fa re ka tswa re ikopa maitshwarelo go le kana kang, re ka nna ra ipotsa gore, ‘A Modimo o utlwa dithapelo tsa me tse di tswang pelong tse di bontshang gore ke a ikwatlhaya? A o tla intshwarela?’ Baebele e ruta boammaaruri jono jo bo gomotsang: Le fa Jehofa a ise a tsamaye a rate boleo, o ikemiseditse go itshwarela moleofi yo o ikwatlhayang. Boammaaruri jono bo tlhalosiwa sentle mo kgannyeng ya ga Kgosi Dafide wa kwa Iseraele ya bogologolo, e e mo go 2 Samuele kgaolo 12.

Leka go bona seemo seno ka leitlho la mogopolo. Dafide o dirile maleo a a masisi. O dirile boaka le Bathesheba, mme fa a palelwa ke go fitlha boleo jo a bo dirileng, o ne a rulaganya gore monna wa mosadi yono a bolawe. Morago ga moo, Dafide ga a ka a bolelela ope ka maleo ano a gagwe, o ne a tswelela a itira motho yo o se nang molato ka dikgwedi di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a lebile. O ne a bone maleo a ga Dafide. Mme gone o ne a bona gore Dafide a ka ikwatlhaya. (Diane 17:3) Jaanong Jehofa o ne a tla dira eng?

O ne a romela moporofeti Nathane kwa go Dafide. (Temana 1) Nathane a kaelwa ke moya o o boitshepo, o ne a atamela kgosi ka botlhale, a itse gore o tshwanetse go tlhopha mafoko a a tla a dirisang ka kelotlhoko. O ne a tla thusa Dafide jang gore a se ka a itsietsa mme a bone bomasisi jwa maleo a a dirileng?

E re ka Nathane a ne a sa batle gore Dafide a dire diipato, o ne a mmolelela kgang nngwe e a neng a itse gore e tla fitlhelela pelo ya gagwe ka go bo e kile ya bo e le modisa. E ne e le kaga banna ba babedi, yo mongwe o ne a humile fa yo mongwe a ne a humanegile. Monna wa mohumi o ne a na le “dinku di le dintsi thata le dikgomo,” mme yo o humanegileng ene o ne a na le “kwanyana e le nngwe e namagadi.” Monna wa mohumi o ne a na le moeng mme a batla go mo direla dijo. Go na le gore a tlhabe nngwe ya dinku tsa gagwe, o tlhaba ya monna yono yo o humanegileng. E re ka Dafide a ne a akanya gore kgang eno e boammaaruri, o ne a tuka bogale mme a re: “Monna yo o dirang seno o tshwanelwa ke go swa!” Ke eng fa a ne a rialo? Dafide a re ‘ka gonne motho yoo o ne a se na bopelotlhomogi.’ *Temana 2-6.

Setshwantsho sa ga Nathane se ne sa fitlhelela pelo ya ga Dafide. Dafide o ne a setse a ipone molato. Jaanong Nathane o ne a mmolelela jaana ka tlhamalalo: “Ke wena monna yoo!” (Temana 7) E re ka Nathane a ne a emela Modimo, ga go pelaelo gore Jehofa o ne a leba se Dafide a neng a se dirile e le go mo leofela. Fa Dafide a ne a tlola molao wa Modimo, o ne a bontsha gore o nyatsa Moneimolao yono. Modimo o ne a re: “O nnyaditse.” (Temana 10) E re ka a ne a utlwile botlhoko thata ka ntlha ya kgalemelo eno e e maatla, o ne a ipolela a re: “Ke leofetse Jehofa.” Nathane o ne a tlhomamisetsa Dafide gore Jehofa o mo itshwaretse, mme gone Dafide o ne a tla tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa ditiro tsa gagwe.—Temana 13, 14.

Fa boleo jwa ga Dafide bo sena go senolwa, o ne a kwala Pesalema 51. Mo go yone, Dafide o ne a bua go tswa pelong kafa a ikwatlhayang ka gone. Dafide o ne a nyaditse Jehofa ka maleo a a a dirileng. Mme fa kgosi eno e e ikwatlhaileng e sena go lemoga bomolemo jwa go itshwarelwa ke Modimo, o ne a ka kgona go bua jaana ka Jehofa: “Pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa.” (Pesalema 51:17) Ano ke mangwe a mafoko a a ka gomotsang thata moleofi yo o ikwatlhaileng yo o batlang gore Jehofa a mo utlwele botlhoko.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Motho o ne a bontsha gore o na le moya wa go amogela baeng ka go tlhaba kwanyana le go e apeela moeng. Mme go utswa kwanyana e ne e le tlolomolao, motho yo o neng a e utswile o ne a tshwanetse go ntsha di le nnè mo boemong jwa yone. (Ekesodo 22:1) Go ya ka Dafide, fa monna yono wa mohumi a ne a tsaya kwanyana eno o ne a bontsha gore ga a pelotlhomogi. Ka go dira jalo, o ne a tseela monna wa mohumanegi phologolo e e neng e ka kgona go tlamela lelapa la monna yono ka mashi le boboa mme e ne e ka kgona go nna le letsomane le legolo.