Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leina la Modimo, Jehofa mo Tempeleng ya Kwa Egepeto

Leina la Modimo, Jehofa mo Tempeleng ya Kwa Egepeto

Leina la Modimo, Jehofa mo Tempeleng ya Kwa Egepeto

LEINA la Modimo, Jehofa kgotsa Yahweh le simolotse go tlhagelela leng mo dibukeng tse dingwe ntle le mo Baebeleng? Bakanoki bangwe ba araba jaana ba tlhomamisegile: Fa e sa le mo tshimologong ya lekgolo la bo14 la dingwaga B.C.E. Ke ka ntlha yang fa ba rialo?

Baegepeto ba ne ba gapa dinaga di le dintsi mo e ka nnang ka 1370 B.C.E. Mmusi wa Egepeto ka nako eo e bong Pharaoh Amenhotep (Amenophis) III, o ne a aga tempele e e magasigasi kwa Soleb kwa Nubia, e gone jaanong e itsegeng e le Sudan. Fa baithutamarope ba ne ba ribolola tempele eo, ba ne ba fitlhela mokwalo wa ditshwantsho wa Seegepeto o go neng go bonala o bontsha ditlhaka di le nnè tsa Sehebera—YHWH kgotsa Jehofa. Mokwalo oo o o gabilweng o feta o o mo Letlapeng le le itsegeng thata la Moabe ka dingwaga di le 500—le pele e neng e le lone le itsegeng e le la bogologolo le le nang le leina la Modimo. Ke eng fa leina la Modimo wa Baebele le kwadilwe mo tempeleng ya kwa Egepeto?

“Naga ya Ba-Shasu ya Jahu”

Pharaoh Amenhotep III o ne a kgakola tempele e a neng a e agetse modimo Amun-Ra. Tempele eo e ne e le boleele jwa dimetara di ka nna 120 mme e agilwe mo lotshitshing lo lo kafa bophirima jwa Noka ya Nile. Mokwalo wa ditshwantsho o o kgabisitseng dikholomo kwa tlase mo go nngwe ya diholo tsa yone o na le lenaane la maina a dinaga tse Amenhotep a reng o ne a di thopa. Naga nngwe le nngwe e emelwa ke legolegwa, diatla tsa lone di bofilwe kafa morago mme le tshotse thebe e mo go yone go kwadilweng leina la naga ya lone kgotsa la batho ba gaabo lone. Batho ba kgona go bona dinaga tsa batho ba go tweng ke Ba-Shasu kgotsa Ba-Shosou mo mekwalong eo ya ditshwantsho. Ba-Shasu e ne e le bomang?

Shasu e ne e le leina le le itsegeng le Baegepeto ba neng ba le neile Ba-Bedouin, merafe e e nyatsegang e e neng e nna kafa molelwaneng o o kafa botlhaba jwa Egepeto. Dinaga tsa Ba-Shasu di ne di ikadile kwa borwa jwa Palesetina, borwa jwa Transjordan le Sinai. Babatlisisi bangwe ba re dinaga tse di tlhalosiwang e le tsa Ba-Shasu di ne di fitlha kwa bokone jaaka kwa Lebanona le Siria. Lenaane la dinaga tse di thopilweng tse di bontshitsweng kwa Soleb le akaretsa naga nngwe e pele mokwalo wa yone o neng o balega e le “Yahwe kwa nageng ya Shosou,” “Naga ya Ba-Shasu ya Jahu” kgotsa “Naga ya Shasu-yhw.” Jean Leclant wa kwa Egepeto a re leina le go bonalang le kwadilwe mo thebeng e e kwa Soleb “le tshwana le ‘thaterakeramatone’ ya modimo wa Baebele, YHWH.”

Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore leina Jahu, Yahu kgotsa Yahwe mo kgannyeng eno le mo go tse di tshwanang le yone le tshwanetse la bo le raya lefelo kgotsa kgaolo. Mokanoki mongwe e bong Shmuel Ahituv a re mokwalo oo o o gabilweng o bontsha “go kgarakgatshega ga setlhopha sa baobamedi ba Yāhū, Modimo wa Iseraele.” * Fa se a se buang se le boammaaruri, leina la lefelo leo ke lengwe la dikai di le mmalwa tsa bogologolo tsa Se-Semite tse di bontshang lefelo le modimo wa lone. Sekai se sengwe ke Assur, e leng lefelo le le tlhaolang naga ya Baasiria le modimo wa lone yo mogolo.

Mokanoki mongwe wa Baebele e bile e le moithutamarope e bong Roland de Vaux o ne a bua jaana malebana le mokwalo o o gabilweng mo tempeleng ya kwa Nubia: “Mo kgaolong e bagologolwane ba Baiseraele ba neng ba dirisana thata mo go yone, go tloga mo bogareng jwa mileniamo wa bobedi BC, go ne go na le leina la lefelo kgotsa la motho le le batlang le tshwana thata le leina la Modimo wa Baiseraele.”

Leina Le le Sa Ntseng le Tlotlwa Thata

Soleb ga se lone fela lefelo le le kwa Nubia kwa leina Yahwe le tlhagang mo mokwalong wa ditshwantsho wa Seegepeto gone. Se go bonalang e le dikhopi tsa lenaane la Soleb di fitlhelwa gape kwa ditempeleng tsa Ramses II kwa Bophirima jwa Amarah le kwa Aksha. Mo lenaaneng la kwa Amarah, mokwalo wa ditshwantsho wa “Yahwe mo nageng ya Shosou” o kwadilwe gaufi le wa dinaga tse dingwe tsa kwa Shosou, tse go akanngwang gore ke Seire le Labane. Baebele e amanya dinaga tseo le Palesetina e e kafa borwa, Edome le Sinai. (Genesise 36:8; Duteronome 1:1) E ne e le mafelo a a neng a etelwa thata ke batho ba ba neng ba itse Jehofa le go mo obamela pele ga Baiseraele ba nna kwa Egepeto ka nakwana le morago ga moo.—Genesise 36:17, 18; Dipalo 13:26.

Go farologana le maina a medimo e mengwe a a leng mo mekwalong ya bogologolo, leina la Modimo wa Baebele, Jehofa, le sa ntse le dirisiwa thata e bile le a tlotlwa. Ka sekai, mo dinageng di feta 230, Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le supa ba ineetse go thusa batho ba bangwe gore ba se ka ba itse leina leo fela mme gape ba atamalane le Modimo yo o nang le leina le le sa tshwaneng le lepe e bong Jehofa.—Pesalema 83:18; Jakobe 4:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bakanoki bangwe ba belaela gore a mokwalo ono wa ditshwantsho o kaya gore Ba-Shasu “e ne e le balatedi ba modimo Yahweh.” Ba dumela gore leina le le sa itsegeng la naga eno le ka ne le tshwana le leina la Modimo wa Baiseraele.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Ke eng fa Jehofa, leina la Modimo wa Baebele le gabilwe mo tempeleng ya baheitane kwa Egepeto?

[Mmapa mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

EGEPETO

Tempele ya kwa Soleb

SUDAN

Noka ya Nile

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Kholomo ya Tempele

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Lefelo la matlotla a tempele ya Amun-Ra kwa Soleb kwa Sudan

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ed Scott/Pixtal/age fotostock

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Background: Asian and Middle Eastern Division/The New York Public Library/Astor, Lenox and Tilden Foundations