Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dinaledi di Laola Botshelo Jwa Gago?

A Dinaledi di Laola Botshelo Jwa Gago?

A Dinaledi di Laola Botshelo Jwa Gago?

FA GO le bosigo mme loapi lo bonala sentle, o bo o leba kgakala kwa godimo, legodimo le lebega jaaka letsela le lentsho le le nang le diteemane tse dintsi tse dinnye tse di phatsimang mo loaping. Mo dingwageng di le 350 tse di fetileng, batho ba ne ba simolola go tlhaloganya bogolo jwa dinaledi le gore re bokgakala jo bo kae le tsone. Re simolola go tlhaloganya maatla a magolo a tsone a a leng mo lefelong le le jesang kgakge e leng lobopo lwa rona.

Go tloga mo metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba etse tlhoko tsela e letsatsi, ngwedi le dinaledi di tsamayang ka thulaganyo ka yone mo loaping le tsela e di fetogang ka yone mo di leng teng go ya ka dipaka. (Genesise 1:14) Batho ba le bantsi ba ne ba ikutlwa jaaka Kgosi Dafide wa kwa Iseraele, yo o neng a kwala jaana dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse?”—Pesalema 8:3, 4.

Le fa go ntse jalo, e ka ne re itse kgotsa re sa itse, masedi a magodimo le tsela e a dikologang ka yone a ama botshelo jwa rona ka ditsela tse di farologaneng. Naledi e lefatshe le e dikologang e leng letsatsi, ke yone e thusang batho go lemoga dinako—boleele jwa letsatsi le ngwaga. Ngwedi ke ya “dinako tse di tlhomilweng” kgotsa ‘e supa dipaka.’ (Pesalema 104:19; Tswana Central) Gape dinaledi di ka thusa go supa tsela, di kgona go thusa le basutlhalefaufau fa ba kgweetsa sesutlhalefaufau sa bone. Ka ntlha ya seno, batho bangwe ba ipotsa gore a dinaledi di ka re direla sengwe se se fetang go re bontsha dinako, dipaka le go dira gore re anaanele thata dilo tse di molemo tse Modimo a di bopileng. A gape di ka re bolelela se se tla diragalang mo isagweng kgotsa go re tlhagisa ka masetlapelo?

Tshimologo le Boikaelelo Jwa Tepodinaledi

Mokgwa wa go leba kwa legodimong go bona matshwao a a kaelang batho gore ba tshele jang o simologile kwa Mesopotamia wa bogologolo, gongwe go tloga kwa mileniamong wa boraro B.C.E. Balepadinaledi ba bogologolo ba ne ba leba magodimo ka kelotlhoko. Maiteko a ba a dirileng a go bona kafa dinaledi, ngwedi, letsatsi di tsamayang ka gone, tsela e dinaledi di emeng ka yone, go dira dikhalendara le go bonela pele go fifala ga letsatsi kgotsa ngwedi a ne a dira gore go nne le saense ya tepodinaledi. Mme thuto ya tepodinaledi ga e bue fela kafa letsatsi le ngwedi di amang tikologo ya rona ka gone. E bontsha gore kwa letsatsi, ngwedi, masomosomo a dinaledi le dipolanete di leng teng ga di ame fela ditiragalo tse dikgolo tsa lefatshe mme di laola le botshelo jwa mongwe le mongwe. Ka ditsela dife?

Batho bangwe ba dirisa tepodinaledi go bona ditshupo kgotsa dilo tse di ka diregang mo isagweng mo maseding a legodimo mme batho ba ba itseng ka ditshupo tseo ba ka di dirisa e bile di ka ba solegela molemo ka ditsela tse di farologaneng. Batho ba bangwe ba tsaya gore tota tepodinaledi e bontsha se re laoletsweng go se dira kgotsa e ka re thusa go bona nako e e molemo ya go dira ditiro tse di rileng kgotsa go simolola sengwe se sesha. Ga twe tshedimosetso e e ntseng jalo e ka bonwa ka go ela tlhoko tsela e masedi a konokono a legodimo a emeng ka yone le go “tlhatlhoba” tsela e a dirang mmogo ka yone le tsela e a amanang ka yone le lefatshe. Go bolelwa gore tsela e ngwana a tla nnang ka yone e ikaegile ka gore masedi a legodimo a tla bo a eme jang ka nako ya fa a tsholwa.

Balepadinaledi ba bogologolo ba ne ba akanya gore lefatshe le ne le le mo gare ga lobopo le gore dipolanete le dinaledi di ne di tshwaragane go dira kgolokwe e kgolo e e neng e dikologa lefatshe. Gape ba ne ba akanya gore letsatsi le ne le tsaya loeto lwa ngwaga mo lefaufaung mo gare ga masomosomo a dinaledi le dirisa tsela e e rileng. Tsela eo e letsatsi le neng le tsamaya mo go yone ba ne ba e bitsa ecliptic, ba bo ba e kgaoganya ka dikarolo kgotsa dikarolwana di le 12. Karolwana nngwe le nngwe e ne e tewa leina la masomosomo a dinaledi a a neng a le mo go yone fa letsatsi le ne le feta mo dikarolwaneng tseo. Ka jalo ga felela ka gore dikarolwana tseo di nne le matshwao a le 12 a sodiake. Dikarolo tseno kgotsa “matlo a legodimo,” a ne a tsewa e le bonno jwa medimo mengwe. Gone ke boammaaruri gore fa nako e ntse e ya borasaense ba ne ba ithuta gore letsatsi ga le dikologe lefatshe mme lefatshe ke lone le dikologang letsatsi. Seno se ne sa dira gore thuto ya tepodinaledi e se ka ya tlhola e tsewa e le saense.

Go tswa kwa thuto eno e simologileng gone kwa Mesopotamia, go lepa dinaledi go ne ga anamela mo e batlang e le mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe mme ya itsege thata ka ditsela tse di farologaneng mo ditšhabeng tsotlhe tse dikgolo tse di tlhabologileng. Fa Baperesia ba sena go fenya Babelona, tepodinaledi e ne ya anamela kwa Egepeto, Gerika le India. Go tswa kwa India, barongwa ba Babuda ba ne ba fetisetsa thuto eno kwa Bogare jwa Asia, China, Tibet, Japane le kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Le fa go sa itsege gore Ba-Maya ba ne ba itse thuto eno jang, seo se ne sa dira gore batho ba koo ba ikaege thata ka tepodinaledi ka tsela e e tshwanang le ya Bababelona. Go bonala tsela ya “gompieno” ya go lepa dinaledi e ne ya simologa kwa Egepeto e e neng e laolwa ke Gerika e bile e nnile le seabe sa botlhokwa mo dithutong tsa Sejuda, Iselamo le madumedi a a ipitsang a Bokeresete.

Tota le pele ga setšhaba sa Iseraele se isiwa botshwarwa kwa Babelona mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., se ne se tlhotlhelediwa ke thuto ya tepodinaledi. Baebele e re bolelela ka maiteko a ga Kgosi Josia yo o ikanyegang a go tlogedisa batho tlwaelo ya go ntsha ditlhabelo ba di ntshetsa “letsatsi le ngwedi le masomosomo a dinaledi a sodiake le masomosomo otlhe a magodimo.”—2 Dikgosi 23:5.

Kwa Tepodinaledi e Simologileng Gone

Tepodinaledi e theilwe mo diphosong tse di masisi tse di malebana le kafa lobopo lo rulagantsweng le go dira ka gone. Ka jalo, ga go pelaelo gore ga e tswe kwa Modimong. E re ka tepodinaledi e theilwe mo maakeng, e ka se re neye tshedimosetso e e boammaaruri ka isagwe. Go palelwa ga yone go bonala sentle mo ditiragalong tse pedi tse di ileng tsa diragala mo nakong e e fetileng.

Ka nako ya puso ya Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare, baperesiti le balepadinaledi ba ne ba sa kgone go tlhalosa toro e kgosi e e lorileng. Daniele, moporofeti wa Modimo wa boammaaruri Jehofa, o ne a tlhalosa lebaka la go bo ba ne ba palelwa: “Banna ba ba botlhale, badiradikgakgamatso, baperesiti ba ba dirang maselamose le balepadinaledi ga ba kgone go bontsha kgosi sephiri se kgosi e se botsang. Le fa go ntse jalo, go na le Modimo kwa magodimong yo e leng Mosenodi wa diphiri, mme o itsisitse Kgosi Nebukadenesare se se tla diragalang go ela kwa bokhutlong jwa metlha.” (Daniele 2:27, 28) Ee, Daniele o ne a lebile kwa go Jehofa Modimo, “Mosenodi wa diphiri”—e seng kwa letsatsing, kwa ngweding kgotsa kwa dinaleding—mme o ne a tlhalosetsa kgosi se se leng boammaaruri.—Daniele 2:36-45.

Tsela e Ba-Maya ba neng ba lepa dinaledi ka yone ga e a dira gore motse wa bone o se ka wa senngwa ka lekgolo la borobongwe la dingwaga C.E. Go palelwa gono ga go bontshe fela gore tepodinaledi ke maaka le gore ga go na sepe se se boammaaruri se e ka se bolelelang pele mme gape e senola se tota e leng boikaelelo jwa yone: go thibela batho go leba kwa Modimong gore ba bone tshedimosetso e e boammaaruri ka isagwe.

Lebaka la go bo tepodinaledi e theilwe mo maakeng le re thusa gape go lemoga mosimolodi wa yone. Jesu o ne a bua jaana ka Diabolo: “O ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene. Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.” (Johane 8:44) Satane o itira “moengele wa lesedi,” mme madimona a itira “badiredi ba tshiamo.” Boammaaruri ke gore ke batsietsi ba ba ikaeletseng go tsietsa batho. (2 Bakorintha 11:14, 15) Lefoko la Modimo la re “maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso” ke ‘go dira ga ga Satane.’—2 Bathesalonika 2:9.

Lebaka La go Bo o Tshwanetse go e Tila

Tepodinaledi e theilwe mo bodumeding jwa maaka, ka jalo ke selo se se makgapha mo Modimong wa boammaaruri, Jehofa. (Pesalema 31:5) Ka lebaka leo, Baebele e a e kgala e bile e rotloetsa batho gore ba se ka ba ikamanya ka gope le yone. Modimo o bua jaana ka tlhamalalo mo go Duteronome 18:10-12: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, . . . ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.”

E re ka Satane le madimona ba na le tlhotlheletso e kgolo mo tepodinaleding, go inaakanya le tepodinaledi go dira gore motho a amiwe motlhofo ke tlhotlheletso ya bone. Fela jaaka go dirisa diokobatsi go ka dira gore motho a laolwe ke batho ba ba di rekisang, go dirisa tepodinaledi go ka dira gore o laolwe ke motsietsi yo mogolo, Satane. Ka jalo, batho ba ba ratang Modimo le boammaaruri ga ba a tshwanela go dirisa tepodinaledi gotlhelele mme go na le moo ba sekegela tsebe kgakololo eno ya Baebele: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo.”—Amose 5:15.

Go motlhofo gore batho ba ba batlang go itse ka isagwe ba dirise tepodinaledi. A go a kgonega go itse ka isagwe? Fa go le jalo, o ka e itse jang? Baebele e re bolelela gore ga re ka ke ra itse gore re tla diragalelwa ke eng kamoso, kgwedi e e latelang kgotsa ngwaga o o tlang. (Jakobe 4:14) Le fa go ntse jalo, Baebele e re senolela se se tla diragalelang batho mo isagweng. E re itsise gore go ise go ye kae Bogosi jo re bo rapelelang mo Thapelong ya Morena bo tla tla. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Gape e re bolelela gore go boga ga batho go tla tloga go fela mme ga re kitla re tlhola re tshwenyega. (Isaia 65:17; Tshenolo 21:4) Go na le gore Modimo a laolele botshelo jwa motho go sa le gale, o laletsa batho gongwe le gongwe gore ba ithute ka ene le se a tla se dirang gore ba solegelwe molemo. Re itse seo jang? Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4.

Dilo tse di kgatlhang tse di kwa magodimong le sengwe le sengwe kwa go one ga di a direlwa go laola matshelo a rona. Go na le moo, di bontsha maatla a ga Jehofa le gore ke Modimo. (Baroma 1:20) Di ka re tlhotlheletsa gore re se ka ra latela dithuto tsa maaka mme re lebe kwa Modimong le mo Lefokong la gagwe, Baebele, go re naya kaelo e e ikanyegang gore re atlege mo botshelong. “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Ba-Maya ba ne ba ikaegile thata ka tepodinaledi

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Tsela e Ba-Maya ba neng ba lepa dinaledi ka yone ga e a dira gore motse wa bone o se ka wa senngwa

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

“Go na le Modimo kwa magodimong yo e leng Mosenodi wa diphiri, mme o itsisitse . . . se se tla diragalang go ela kwa bokhutlong jwa metlha”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

El Caracol observatory, Chichén Itzá, Yucatán, Mexico, 750-900 C.E.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Tsebe 18 le 19, go tswa kwa molemeng go ya kwa mojeng: Stars: NASA, ESA, and A. Nota (STScI); Mayan calendar: © Lynx/Iconotec com/age fotostock; Mayan astronomer: © Albert J. Copley/age fotostock; Mayan observatory: El Caracol (The Great Conch) (photo), Mayan/Chichen Itza, Yucatan, Mexico/Giraudon/The Bridgeman Art Library