Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Balema ya Gileade—Balema e e Fodisang

Balema ya Gileade—Balema e e Fodisang

Balema ya Gileade—Balema e e Fodisang

PEGO e e itsegeng e e mo bukeng ya Baebele ya Genesise e re bolelela ka kgang ya ga Josefa yo bomogoloe ba neng ba mo rekisetsa bagwebi ba Baishemaele ba ba neng ba ya kwa Egepeto. Setlhopha sa bagwebi se ne se tswa kwa Gileade e bile dikamela di ne di sikere balema le dithoto tse dingwe di di isa kwa Egepeto. (Genesise 37:25) Pego eno e khutshwane e bontsha gore balema e e tswang kwa Gileade e ne e ratiwa thata kwa Botlhabagare jwa bogologolo mme e ne e tsewa e le botlhokwa ka go bo e fodisa.

Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., moporofeti Jeremia o ne a botsa jaana ka kutlobotlhoko: “A ga go na balema mo Gileade?” (Jeremia 8:22) Ke eng se se tlhotlheleditseng Jeremia go botsa potso eno? Balema yone ke eng? A go na le balema e e fodisang gompieno?

Balema mo Motlheng wa Ditiragalo Tsa Baebele

Balema ke lefoko le le tlwaelegileng le le tlhalosang leokwane le le nkgang monate le le tswang mo dijalong tse di farologaneng le mo ditlhatshaneng. Gantsi leokwane la balema le le neng le dirisiwa mo dinkgisamonateng le mo maswalong e ne e le nngwe ya dilo tse di tlhwatlhwakgolo mo dinageng tsa kwa Botlhabagare jwa bogologolo. Balema e ne e le lengwe la maokwane a a tlotsang a a boitshepo le maswalo a a neng a dirisiwa kwa motlaaganeng morago fela ga gore Baiseraele ba tswe kwa Egepeto. (Ekesodo 25:6; 35:8) Leokwane la balema e ne e le nngwe ya dimpho tse di jang madi a mantsi tse kgosigadi ya Sheba e neng ya di naya Kgosi Solomone. (1 Dikgosi 10:2, 10) Esethere o ne a tshasiwa le go sidilwa “dikgwedi di le thataro ka leokwane la balema” pele a ya kwa go Kgosi Ahasueruse wa Peresia.—Esethere 1:1; 2:12.

Le fa leokwane la balema le tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa kwa Botlhabagare, balema ya kwa Gileade e ne e tswa kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Gileade e le kgaolo e e ka fa botlhaba jwa Noka ya Joredane. Tlhogo ya lotso e bong Jakobe o ne a tsaya balema e le nngwe ya “dikungwa tse di molemolemo tsa lefatshe” mme o ne a e romela kwa Egepeto e le mpho. (Genesise 43:11) Mme moporofeti Esekiele o ne a umaka balema mo go dingwe tsa dilo tse di neng di rekisiwa tse Juda le Iseraele di neng di di isa kwa Ture. (Esekiele 27:17) Balema e ne e itsege thata ka go alafa. Gangwe le gape, dibuka tsa bogologolo di umaka tsela e balema e fodisang ka yone, segolobogolo dintho.

Setšhaba se se Lwalang se se Tlhokang Balema

Ke eng fa Jeremia a ile a botsa potso eno, “A ga go na balema mo Gileade”? Gore re tlhaloganye seno, re tshwanetse go sekaseka boemo jwa setšhaba sa Iseraele ka nako eo. Pelenyana moporofeti Isaia o ne a tlhalosa kafa kamano ya sone le Jehofa e senyegileng ka gone: “Go tloga mo patong ya lonao go ya go fitlha kwa tlhogong ga go na fa go itekanetseng mo go sone. Dintho le matsadi le dititeo tse disha—ga di a tamolwa kgotsa tsa hapiwa.” (Isaia 1:6) Go na le gore setšhaba seno se lemoge boemo jwa sone jo bo tlhomolang pelo mme se batle kalafi, se ne sa tswelela se tshela ka tsela e e sa siamang. Mo nakong eno, Jeremia o ne a ka bua jaana a hutsafetse: “Ba ganne lefoko la ga Jehofa, mme ba na le botlhale bofe?” Fa ba ka bo ba ile ba boela kwa go Jehofa o ne a ka ba fodisa. “A ga go na balema mo Gileade?” Ruri eno ke potso e e dirang gore motho a akanye!—Jeremia 8:9.

Gompieno lefatshe le tletse ka “dintho le matsadi le dititeo tse disha” ka ditsela di le dintsi. Batho ba boga ka ntlha ya lehuma, go tlhoka tshiamiso, bopelotshetlha le go tlhoka bopelonomi, dilo tseno tsotlhe di direga ka ntlha ya gore lorato lwa go rata Modimo le moagelani lo tsidifetse. (Mathaio 24:12; 2 Timotheo 3:1-5) Ba le bantsi ba ikutlwa ba tlhokomologilwe ka ntlha ya lotso lwa bone, setso kgotsa dingwaga tsa bone. Mo godimo ga moo, leuba, bolwetse, ntwa le loso di oketsa kutlobotlhoko ya bone. Jaaka Jeremia, badumedi ba le bantsi ba ba peloephepa ba ipotsa gore a ga go na “balema kwa Gileade” e e ka hapang dintho tsa maikutlo le tsa semoya tsa batho ba ba bogang.

Dikgang Tse di Molemo Tse di Fodisang

Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba ba ikokobeditseng ba ne ba ipotsa potso eo. Le fa go ntse jalo, e ne ya arabiwa. Kwa sinagogeng ya kwa Nasaretha mo masimologong a ngwaga wa 30 C.E., Jesu o ne a bala jaana mo momenong wa ga Isaia: “Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng.” (Isaia 61:1) Ka jalo, Jesu o ne a bua ka ene, a itlhalosa e le Mesia yo o romilweng go itsise batho molaetsa o o gomotsang.—Luke 4:16-21.

Mo bodireding jotlhe jwa gagwe, Jesu o ne a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka tlhagafalo. (Mathaio 4:17) Mo Therong ya kwa Thabeng, o ne a solofetsa batho ba ba utlwileng botlhoko gore boemo jwa bone bo tla fetoga: “Go itumela lona ba lo lelang jaanong, ka gonne lo tla tshega.” (Luke 6:21) Jesu o ne a ‘hapa ba ba dipelo di phatlogileng’ ka go ba itsise molaetsa wa tsholofelo wa Bogosi jwa Modimo jo bo tlang.

Mo motlheng wa rona “dikgang tse di molemo tsa bogosi” di sa ntse di gomotsa. (Mathaio 6:10; 9:35) Ka sekai, akanya ka se se diragaletseng Roger le Liliane. Ka January 1961, ba ne ba simolola go ithuta ka ditsholofetso tsa Modimo tsa botshelo jo bo sa khutleng mme di ne di ntse jaaka balema e e fodisang mo go bone. Liliane a re: “Ke ne ke itumetse tota ke le mo kitšhining ke akanya ka se ke se ithutang.” Roger yo ka nako eo a neng a golafetse ka dingwaga di le lesome o oketsa ka gore: “Ke itumetse, ke itumelela botshelo, ka ntlha ya tsholofelo e e itumedisang—ya tsogo le gore botlhoko le bolwetse di tla fela.”—Tshenolo 21:4.

Ka 1970 ba ne ba tlhokafalelwa ke morwaabone wa dingwaga di le 11. Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba felelwa ke tsholofelo. Ba ne ba lemoga gore Jehofa “o fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.” (Pesalema 147:3) Tsholofelo ya bone e ne ya ba gomotsa. Gone jaanong e setse e le dingwaga di ka nna 50 dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlang jwa Modimo di dira gore ba nne le kagiso mme ba kgotsofale.

Go Fodisa go go Tla Dirwang

Ka jalo a go na le “balema kwa Gileade” gompieno? Ee, gompieno go sa ntse go na le balema ya semoya. Tsholofelo le kgomotso ya dikgang tse di molemo tsa Bogosi e kgona go hapa dipelo tse di phatlogileng. A o ka rata go fodisiwa? Se o tlhokang go se dira ke go letla molaetsa o o gomotsang wa Lefoko la Modimo gore o laole botshelo jwa gago. Batho ba le dimilione ba setse ba dirile jalo.

Go fodisa ga balema eno go re bontsha go se kae kafa re tla imologang ka gone mo nakong e e tlang. Nako ya fa Jehofa Modimo a tla bo a “alafa ditšhaba” ka go di naya botshelo jo bo sa khutleng e atamela ka bofefo. Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” Ee, go sa ntse go na le “balema kwa Gileade”!—Tshenolo 22:2; Isaia 33:24.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Gompieno maatla a a fodisang a dikgang tse molemo tsa Bogosi jwa Modimo a tswelela a okobatsa kutlobotlhoko ya batho ba ba pelo e phatlogileng