Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boammaaruri Kaga Boleo

Boammaaruri Kaga Boleo

Boammaaruri Kaga Boleo

A MOTHO yo o lwalang a ka supa gore ga a lwale ka go thuba themometara? Nnyaa le e seng! Ka tsela e e tshwanang, lebaka la go bo batho ba itlhokomolosa tsela e Modimo a lebang boleo ka yone ga le kaye gore boleo ga bo yo. Lefoko la gagwe e leng Baebele le re bolelela go le gontsi ka kgang eno. Ke eng se tota e se rutang ka boleo?

Botlhe ke Baleofi

Dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa kafa a kgobiwang marapo ka gone ke gore ‘molemo o a o eletsang ga a o dire, mme bosula jo a sa bo eletseng ke jone jo a tlwaetseng go bo dira.’ (Baroma 7:19) Fa e le gore re a ikanyega, re tshwanetse go dumela gore le rona re ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Gongwe re eletsa go tshela go ya ka Melao e e Lesome kgotsa ka melao e mengwe ya boitsholo, le fa go ntse jalo rotlhe re dira diphoso. Ga se gore re tlola molao mongwe ka boomo, ke fela gore re bokoa. Lebaka la seno ke eng? Paulo o araba jaana: “Jaanong, fa se ke sa se eletseng e le sone se ke se dirang, yo o se dirang ga e tlhole e le nna, mme ke boleo jo bo nnang mo go nna.”—Baroma 7:20.

Fela jaaka Paulo, batho botlhe ba na le makoa—bosupi jwa gore re na le boleo jo re bo ruileng e bile ga re a itekanela. Moaposetoloi yono o ne a re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” Seno se bakilwe ke eng? Paulo o tswelela ka gore: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho [Adame] a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 3:23; 5:12.

Le fa batho ba le bantsi ba itlhokomolosa kgang ya gore boleo jo bo dirilweng ke batsadi ba rona ba ntlha bo re kgaogantse le Modimo mme jwa dira gore re se ka ra itekanela, ruri seno ke se Baebele e se rutang. Fa Jesu a ne a nopola dikgaolo tsa ntlha tsa Genesise, o ne a bontsha gore o dumela pego e e ka ga Adame le Efa.—Genesise 1:27; 2:24; 5:2; Mathaio 19:1-5.

Nngwe ya dithuto tsa konokono tsa molaetsa wa Baebele ke gore Jesu o ne a tla mo lefatsheng go golola batho ba ba dumelang mo go ene mo boleong. (Johane 3:16) Tsholofelo ya rona ka isagwe e ikaegile ka gore re amogele tsela e Jehofa a e dirisang go golola batho ba ba kutlo mo boemong jo ba leng mo go jone jo ba sa kgoneng go bo laola. Mme gone fa re sa tlhaloganye sentle kafa Modimo a lebang boleo ka gone, ga re ka ke ra anaanela tsela e a e dirisang go re golola mo go jone.

Setlhabelo sa ga Jesu le Lebaka La go Bo se Ne se Tlhokega

Jehofa o ne a naya motho wa ntlha tsholofelo ya go tshelela ruri. Adame o ne a ka latlhegelwa ke tsholofelo eno e e itumedisang fa fela a ne a ka tsuologela Modimo. Adame o ne a tsuologa mme ka go dira jalo a nna moleofi. (Genesise 2:15-17; 3:6) Adame o ne a dira dilo ka tsela e e sa dumalaneng le thato ya Modimo, a se ka a tlhola a itekanetse a bo a senya kamano ya gagwe le Modimo. Fa a sena go leofa ka go tlola molao wa Modimo, o ne a simolola go tsofala mme kgabagare a swa. Se se utlwisang botlhoko ke gore ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame—go akaretsa le rona—re tshotswe re na le boleo e bile re tlile go swa ka ntlha ya jone. Ka ntlha yang?

Lebaka la seno le motlhofo. Batsadi ba ba sa itekanelang ga ba ka ke ba tshola bana ba ba itekanetseng. Bana botlhe ba ga Adame ba ne ba tsholwa e le baleofi mme jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa, “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Karolo ya bofelo ya temana eno e re naya tsholofelo: “Mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” Mo go rayang gore ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu go a kgonega gore batho ba ba kutlo le ba ba nang le kanaanelo ba se ka ba amiwa ke ditlamorago tsa boleo jwa ga Adame. * (Mathaio 20:28; 1 Petere 1:18, 19) Seo se dira gore o ikutlwe jang?

Lorato Lwa ga Keresete “Lo a Re Patelela”

Modimo o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go re naya karabo ya potso e e boditsweng fa godimo. O ne a re: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe; . . . mme o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Fa e le gore motho o dumela gore setlhabelo sa ga Jesu se ka kgona go mo golola mo ditlamoragong tsa boleo—mme a batla go bontsha gore o leboga thulaganyo eo—o tshwanetse go lwela go tshela go dumalana le se Modimo a batlang gore a se dire. Seno se akaretsa go tlhaloganya se Modimo a batlang gore a se dire, go thapisa segakolodi sa gagwe ka melao ya Baebele le go tshela ka yone.—Johane 17:3, 17.

Go dira dilo tse di sa siamang go senya kamano ya rona le Jehofa Modimo. Ga go pelaelo gore Kgosi Dafide o ne a tlhabiwa ke ditlhong tota fa a sena go lemoga kafa go dira boaka le Bathesheba le go bolaya monna wa gagwe e leng boleo jo bo masisi ka gone. Mme gone se se mo tshwentseng le go feta—mme go tshwanela—ke gore maleo a gagwe a ne a kgopisitse Modimo. O ne a ikwatlhaya a bo a bolelela Jehofa jaana: “Ke leofetse wena, wena fela, ke dirile se se bosula mo matlhong a gago.” (Pesalema 51:4) Ka tsela e e tshwanang, fa Josefa a ne a raelwa gore a dire boaka, segakolodi sa gagwe se ne sa dira gore a botse jaana: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?”—Genesise 39:9.

Ka jalo, boleo ga se fela kgang ya gore re tlhabisitswe ditlhong ke go bo re ka tswa re bonwe re dira sengwe se se phoso. Ga se kgang fela ya gore re tshwanetse go tlhalosetsa batho lebaka la go bo re ka tswa re dirile boleo bongwe. Go se ikobele melao ya Modimo e e ka ga tlhakanelodikobo, go ikanyega, go tlotla ba bangwe, kobamelo le melao e mengwe, go senya kamano ya rona le ene. Fa re dira boleo ka boomo, re itira baba ba Modimo. Jono ke boammaaruri jo re tshwanetseng go bo akanyetsa sentle.—1 Johane 3:4, 8.

Ka jalo, a boleo bo sa ntse bo le teng? Boammaaruri ke gore boleo bo sa ntse bo le teng. Batho ba ne ba simolola go bo bitsa ka maina a a farologaneng ka tsholofelo ya gore ga bo kitla bo lebega bo le masisi go le kalo. Ba le bantsi ba itlhokomolosa digakolodi tsa bone. Batho botlhe ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go tila mokgwa oo. Jaaka re bone, dituelo tsa boleo ga se fela gore motho a ikutlwe e se wa sepe kgotsa a tlhabiwe ke ditlhong mme ke loso. Boleo ke kgang ya botshelo le loso.

Dikgang tse di molemo ke gore re ka itshwarelwa maleo a rona ka go rekololwa ka setlhabelo sa ga Jesu fa re ikwatlhaya go tswa pelong e bile re a tlogela. Paulo o ne a re: “Go itumela ba ba lebaletsweng ditiro tsa bone tsa botlhokamolao le ba maleo a bone a bipilweng; go itumela motho yo Jehofa a se kitlang a tsaya tsia boleo jwa gagwe ka gope.”—Baroma 4:7, 8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Go tlhaloganya ka botlalo kafa loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo lo nang le maatla a go boloka batho ba ba kutlo ka gone, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? mo go tsebe 47 go ya go 54, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kereke e Fetola Dithuto Tsa Yone

Bontsi jwa batho ba ba tsenang kereke ya Katoliki ga ba bolo go palelwa ke go tlhaloganya thuto ya Limbo. Mo masomeng a dingwaga a a fetileng, thuto eno e ile ya nyelela ka iketlo—mo e leng gore e ne ya se ka ya tlhagelela mo katekasimeng. Ka 2007, Kereke ya Katoliki e ne ya tlhalosa semolao gore e tlogela go ruta thuto ya Limbo, mo setlankaneng se se umakang “mabaka a thutabomodimo le meetlo ya sedumedi a gore go na le tsholofelo ya gore fa masea a swa a sa kolobediwa a tla bolokwa a bo a isiwa kwa go nang le boitumelo jo bo sa khutleng gone.”—International Theological Commission.

Ke eng fa kereke e ne e fetola thuto eno? Seno se ile sa dira gore kereke e ikgogele morago mo go se mokwaladikgang wa Mofora e bong Henri Tincq a reng ke “mokgweleo o o boima o Kereke e nang le one, o e o sireleditseng go tswa kwa Metlheng ya Bogare go ya kwa lekgolong la bo20 la dingwaga, e e neng e dirisa thuto ya Limbo go pateletsa batsadi gore ba kolobetse bana ba bone ka bonako jo bo kgonegang.” Le fa go ntse jalo, go fetolwa ga thuto ya Limbo go ne ga tsosa dipotso tse dingwe gape.

A ke Ngwao Kgotsa Thuto ya Dikwalo? Go ya ka hisitori, go dumela thuto ya Limbo go ne ga simolola ka lekgolo la bo12 la dingwaga fa go ne go ganetsanwa ka pakatori. Kereke ya Katoliki e ne e ruta gore fa motho a swa moya o tswelela o tshela, ka jalo e ne e tshwanetse go tlhalosa gore go diregang ka meya ya bana e e sa yeng kwa legodimong ka gonne ba ne ba sa kolobediwa e bile meya ya bone e ne e sa tshwanela go ya kwa diheleng. Seno se ne sa dira gore go nne le kgopolo ya Limbo.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e rute gore fa motho a swa moya o tswelela o tshela. Ga e re meya ya batho e tswelela e tshela mme ya re meya e e leofang e ka “senngwa” e bile ‘e tla swa.’ (Ditiro 3:23; Esekiele 18:4) E re ka moya o swa, lefelo le le jaaka Limbo ga le yo. Mo godimo ga moo, Baebele e bua ka loso e le go sa ikutlwe e bile e lo tshwantsha le boroko.—Moreri 9:5, 10; Johane 11:11-14.

Baebele e bontsha gore Modimo o leba bana ba bannye ba Bakeresete ba le boitshepo. (1 Bakorintha 7:14) Ntlha eno e ne e ka se utlwale fa e le gore go kolobetsa masea go ne go tlhokega gore bana bano ba bone poloko.

Ruri thuto ya Limbo e ne e tlhapatsa Modimo, e mo tshwantsha le mogateledi yo o setlhogo yo o atlholang batho ba ba se nang molato go na le go nna Rre yo o lorato le wa tshiamiso. (Duteronome 32:4; Mathaio 5:45; 1 Johane 4:8) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo thuto eno e e seng ya Dikwalo e ise e tsamaye e utlwale mo Bakereseteng ba ba peloephepa!

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Go tshela go dumalana le Lefoko la Modimo go dira gore motho a nne le kamano e e molemo le Modimo le batho