Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boleo—Ke Eng Se se Fetotseng Tsela E re Bo Lebang ka Yone?

Boleo—Ke Eng Se se Fetotseng Tsela E re Bo Lebang ka Yone?

Boleo—Ke Eng Se se Fetotseng Tsela E re Bo Lebang ka Yone?

“BATHO ba le bantsi ga ba rate kgopolo ya gore ba ruile boleo mo batsading ba rona ba ntlha. Ga ba rate le kgopolo ya gore boleo bo teng. . . . Batho ba ba jaaka Adolf Hitler le Josef Stalin ba ka tswa ba ile ba leofa, le fa go ntse jalo rona ga re na molato.”—The Wall Street Journal.

Jaaka mafoko a a nopotsweng fa godimo a bontsha, go bonala kgang ya boleo e le bothata jo bo masisi gompieno. Ka ntlha yang? Ke eng se se fetogileng? Tota e bile boleo jono jo bo kgopisang batho ke eng?

Go na le dikarolo tse pedi tsa boleo—boleo jo re bo ruileng le jo re bo dirang. Boleo jwa ntlha ke jo re nang le jone, re rata kgotsa re sa rate mme jwa bobedi ke jo re bo dirang. Mma re sekaseke karolo nngwe le nngwe ya jone.

A Tota re Amiwa ke Boleo Jwa Batsadi ba Rona ba Ntlha?

Baebele ya re boleo jo bo dirilweng ke batsadi ba rona ba ntlha bo ne jwa fetela kwa bathong botlhe. Ka ntlha ya seo, rotlhe re tshotswe re sa itekanela. Baebele ya re: “Tshiamololo yotlhe ke boleo.”—1 Johane 5:17.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ga ba kgone go tlhaloganya kgotsa go dumela gore ba tshotswe ba sa itekanela ka ntlha ya boleo bongwe jo ba sa bo dirang. Porofesa ya thutabomodimo e bong Edward Oakes a re: “Thuto eno e dira gore batho ba ba tsenang dikereke ba tlhabisiwe ditlhong ke gore kereke e ruta gore boleo bo teng, ba bangwe ga ba dumele gotlhelele gore bo teng kgotsa bangwe ba dumela gore bo teng le fa gone ba sa akanye gore bo ama tsela e ba tshelang ka yone.”

Sengwe se se dirang gore go nne thata gore batho ba se ka ba amogela kgopolo ya gore batho ba ntlha ba ne ba leofa, ke se dikereke di se rutang ka kgang eno. Ka sekai, kwa Lekgotleng la Trent (1545-1563), kereke e ne ya kgala mongwe le mongwe yo o neng a sa dumele gore lesea le tshwanetse go kolobediwa gore le itshwarelwe maleo a lone. Baithutabodumedi ba ne ba re fa lesea le ka swa le sa kolobediwa, maleo a lone a a sa tlosiwang a tla le thibela ka bosakhutleng gore le se ka la tsena kwa legodimong. Calvin o ne a bo a ruta gore masea ‘a tsholwa a setse a atlholetswe go ya diheleng.’ Calvin o ne a re boleo jo masea a tsholwang a na le jone ‘bo bogolo thata mo e leng gore Modimo o a tlhoile.’

Batho ba le bantsi ba tsaya gore masea a a sa tswang go tsholwa ga a na molato le gore go tla bo go sa siama go akanya gore a tshwanetse go boga ka ntlha ya boleo jo a bo ruileng. Ka jalo go motlhofo go lemoga gore ke eng fa dithuto tsa kereke di fapositse batho mo thutong ya gore re ruile boleo jwa batsadi ba rona ba ntlha. Tota e bile baeteledipele bangwe ba dikereke ba ka se ka ba re lesea le le sa kolobediwang le ya diheleng. Mo go bone e sa ntse e le kgang e e raraaneng mo go tsa bodumedi gore masea a felela kae. Le fa gone thuto eno e ise e tsamaye e rutiwe kwa kerekeng, kereke ya Katoliki e ne e ruta ka makgolokgolo a dingwaga gore meya ya batho ba ba sa kolobediwang le ya ba ba se nang molato e ya kwa lefelong le go sa nneng ope kwa go lone kwa Limbo. *

Lebaka le lengwe le le dirileng gore batho ba se ka ba dumela gore re na le boleo jo re bo ruileng mo batsading ba ntlha ke bafilosofi le baitsesaense mme baithutabodumedi ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ne ba simolola go ipotsa gore a dipego tsa Baebele di ka tsewa di le boammaaruri. Thuto ya ga Darwin ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba akanye gore kgang ya ga Adame le Efa ga e boammaaruri. Seno se feletse ka gore batho ba le bantsi ba lebe Baebele e le dikgopolo tsa bakwadi le se ba se dumelang e seng e tswa kwa Modimong.

Seno se dira gore thuto ya gore re ruile boleo e felele kae? Ga go pelaelo gore fa batho ba ba tsenang kereke ba tlhotlheleditswe go dumela gore Adame le Efa ga se batho ba mmatota ba ba kileng ba tshela, go lebega go utlwala go dumela gore ga go na boleo bope jo bo dirilweng. Tota le batho ba ba dumelang gore re dira diphoso, kgang ya gore re ruile boleo ga ba e lebe e le lone lebaka le le bontshang gore ga re a itekanela.

Ka jalo, fa e le gore ga re a rua boleo go tweng ka maleo a motho a a dirang? Go tweng ka kgopolo ya gore maleo a motho a a dirang—kwantle ga jo a bo ruileng—ga a itumedise Modimo?

A Ruri Seno ke go Leofa?

Fa batho ba bodiwa gore ba akanya gore boleo ke eng, ba le bantsi ba akanya ka Melao e e Lesome—go ilediwa go bolaya, go sa ikanyege mo lenyalong, keletso ya tlhakanelodikobo, go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, go utswa, jalo le jalo. Dikereke di tlwaetse go ruta gore fa motho ope fela a ka swa a sa ikwatlhaela maleo ao, o tla fisiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. *

Go re motho a se ka a fisiwa kwa diheleng, Kereke ya Katoliki e batla gore batho ba ipolele maleo a bone kwa moruting yo ba reng o na le maatla a go tlosa maleo. Le fa go ntse jalo, Bakatoliki ba le bantsi ba tsaya mokgwa o o tlwaelegileng wa go ipobola, go itshwarelwa maleo le go dira selo sengwe se se bontshang gore motho o a ikwatlhaya e le dilo tsa bogologolo. Ka sekai, patlisiso ya bosheng e senola gore Bakatoliki ba Bantadiana ba feta diperesente di le 60 ga ba tlhole ba ya go ipolela maleo.

Go bonala sentle gore kgopolo e e tlwaelegileng ya gore motho o dira boleo le diphelelo tsa jone—jaaka e tlhalosiwa ke dikereke—ga e a thusa batho gore ba se ka ba dira boleo. Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ga ba tlhole ba dumela gore dilo tseno tsotlhe di phoso. Ka sekai, bangwe ba tle ba re ga go na bothata fa batho ba babedi ba dumalana go tlhakanela dikobo mme go se na motho yo mongwe yo o amegang yo o ka utlwisiwang botlhoko ke seo.

Lebaka le le ka tswang le dira gore batho ba akanye jalo ke gore ga ba a tlhomamisega ka se ba se rutilweng ka boleo. Ke boammaaruri gore bontsi jwa bone ba fitlhela go le thata go dumela gore Modimo yo o lorato a ka tlhokofatsa baleofi kwa diheleng. Gongwe dipelaelo tseno di bontsha lebaka la go bo “boleo” bo sa tlhole bo tsewa bo le masisi. Mme gone go na le mabaka a mangwe a a dirang gore batho ba se tlhole ba leba boleo bo le masisi.

Go Itlhokomolosa Botlhokwa Jwa Melao ya Boitsholo

Ditiragalo tsa mo makgolong a le mmalwa a dingwaga di dirile gore go nne le diphetogo tse dikgolo mo setšhabeng le mo tseleng e batho ba akanyang ka yone. Dintwa tse pedi tsa lefatshe, dintwa tse dintsi tse dinnye le go gailwa ga batho go ne ga dira gore batho ba le bantsi ba ipotse gore a go botlhokwa go latela melao ya boitsholo. Ba ipotsa jaana: ‘A go botlhokwa gore mo nakong eno e mo go yone thekenoloji e gatetseng pele re tshele ka melao e e tlhomilweng bogologolo e bile e sa dumalane le se se diregang bosheng jaana?’ Batho ba le bantsi ba ba reng motho o tshwanetse go sekaseka dilo pele a di dumela le ba ba amegileng ka melao ya boitsholo ba sweditse ka gore ga go tlhokege. Ba dumela gore batho ba tshwanetse go itlhokomolosa melao eo ya bogologolo le go ithuta gore ba fitlhelele se ba ka se kgonang.

Tsela eno e batho ba akanyang ka yone e dirile gore batho ba katogele kgakala le Modimo. Mo dinageng di le dintsi tsa kwa Yuropa, ke batho ba le mmalwa fela ba ba yang kwa kerekeng. Batho ba le bantsi ga go na sepe se ba dumelang mo go sone mme ba bangwe ba bantsi ga ba dumalane le melao ya dikereke, ba tsaya gore ga e utlwale. Fa e le gore batho ba tswa mo ditsheding tse dingwe e bile Modimo ga a yo, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega gore re se ka ra leofa ka go tlola melao ya boitshwaro?

Mokgwa wa go sa latele melao ya boitsholo kwa Bophirima mo lekgolong la bo20 la dingwaga o dirile gore go nne le se se bidiwang diphetogo mo go tsa tlhakanelodikobo. Go tsuologa ga baithuti, mekgatlho e e sa dumalaneng le setso le dithibela pelegi tse di rebotsweng, tseno tsotlhe di dirile gore batho ba itlhokomolose melao ya se se siameng. Kgabagare melao ya Baebele e ne ya itlhokomolosiwa. Kokomana e ntšha e ne ya simolola go tshela ka melao e mesha ya boitshwaro le go leba boleo ka tsela e ntšha. Mokwadi mongwe a re fa e sa le go tloga ka nako eo, “molao o le mongwe fela o o neng o le teng e ne e le wa lorato”—o o neng wa bidiwa jalo ka ntlha ya go anama ga tlhakanelodikobo e e sa siamang.

Bodumedi jo bo Dirang Gore Batho ba Itshepe

Fa makasine wa Newsweek o tlhalosa boemo jwa kwa United States, o bua jaana o sa fitlhe sepe: “Baruti ba le bantsi ba a itse gore batho ba ka ya kwa dikerekeng di sele, ka jalo ba ruta fela dilo tse ba itseng gore di tla kgatlha batho.” Ba boifa gore fa ba ka bolelela batho ba ba ba rerelang gore ba itshware sentle, ba ka se tlhole ba nna maloko a dikereke tsa bone. Batho ga ba batle go bolelelwa gore ba nne le nonofo ya boikokobetso, boikgapo le go nna molemo kgotsa ba reetse digakolodi tsa bone tse di ba tsibosang le gore ba ikwatlhaele maleo a bone. Le fa go ntse jalo, go ya ka Chicago Sun-Times, dikereke di le dintsi di simolotse go ruta batho “molaetsa o ba o tsayang e le wa Bokeresete mme tota o bua thata ka dilo tse di amang batho mme di itlhokomolosa se efangele e se rutang.”

Seno se felela ka bodumedi jo bo tlhalosang Modimo ka tsela ya jone, dikereke tse di sa tlhomeng mogopolo mo go ruteng batho ka Modimo le se a batlang gore re se dire mme di bua thata ka batho le kafa ba ka dirang ka gone gore ba itshepe. Boikaelelo jo bogolo ke go bua ka dilo tse phuthego e di tlhokang. Seno se felela ka gore go nne le bodumedi jo bo sa ruteng dithuto dipe. The Wall Street Journal e botsa jaana: “Go tlile jang gore kereke e se tlhole e ruta melao ya Bokeresete ya boitsholo? Molao o le mongwe fela wa boitsholo ke gore motho a utlwele batho ba bangwe botlhoko.”

Dilo tseno tsotlhe di dira gore batho ba nne le boikutlo jwa gore bodumedi bope jo bo sa kgalemeleng dilo tse di sa siamang bo itshiametse fela. The Wall Street Journal ya re motho ope fela yo o nang le boikutlo joo “a ka tsena kereke nngwe le nngwe fa fela e sa batle gore a latele melao mengwe ya boitsholo—e gomotsa mme e sa atlhole.” Dikereke di iketleeleditse go amogela batho “go ya ka se ba leng sone” di sa ba pateletse gore ba latele melao mengwe.

Dilo tseno di ka gakolola batho ba ba balang Baebele ka boporofeti jo bo kwadilweng ke moaposetoloi Paulo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. O ne a re: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe; mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring.”—2 Timotheo 4:3, 4.

Fa baeteledipele ba bodumedi ba mpampetsa boleo, ba latola gore bo teng e bile ba ‘tsikitla’ ditsebe tsa maloko a bone a dikereke ka go ba bolelela se ba batlang go se utlwa go na le se Baebele e se buang, ba ruta batho dilo tse di sa siamang. Molaetsa o o ntseng jalo ga o boammaaruri e bile o kotsi. Molaetsa oo o sokamisa nngwe ya dithuto tsa botlhokwa tsa Bokeresete. Boleo le go itshwarelwa ke nngwe ya dilo tse di botlhokwa mo dikgannyeng tse di molemo tse Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba di ruta. Gore o tlhaloganye seno, re go laletsa gore o tswelele ka go bala makasine ono.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Limbo ga se thuto ya Dikwalo mme e ile ya tlhakanya batho tlhogo, gongwe ke lone lebaka le le dirileng gore e ntshiwe mo katekasimeng ya bosheng ya kereke ya Katoliki. Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Kereke e Fetola Dithuto Tsa Yone” mo go tsebe 10.

^ ser. 14 Tumelo ya gore batho ba fisiwa ka bosakhutleng kwa diheleng ga e rutiwe ke Baebele. Go bona dintlha tse di oketsegileng bona kgaolo 6 ya setlhogo se se reng “Baswi ba Kae?” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Bodumedi jo bo dirang gore batho ba ikutlwe ba se na boleo bo na le matswela a a sa siamang

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Boleo? “Ga re Tlhole re bo Leba e le Selo se se Tshwenyang”

▪ “Gompieno kgang eno ke nngwe ya dikgoreletsi tse dikgolo mo kerekeng. Ga re tlhole re iteba re le ‘baleofi’ ba ba tlhokang go itshwarelwa. Gongwe mo nakong e e fetileng boleo e kile ya bo e le bothata mme gone jaanong ga e tlhole e le bothata. Le fa kereke e na le tharabololo ya bothata jwa boleo, Baamerika ba le bantsi ba bo leba e se bothata—e le selo se se sa tshwenyeng go le kalo.”—John A. Studebaker, Jr., mokwadi mongwe wa bodumedi.

▪ “Batho ba re: ‘Ke lebeletse gore nna le batho ba bangwe re tshele ka melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo, le fa go ntse jalo, rotlhe ga re a itekanela mme ke batla go dira sotlhe se nka se kgonang.’ Re tshela ka melao ya boitsholo e re akanyang gore e re siametse. Re baagelani ba ba molemo. Mme re itlhokomolosa kgang e kgolo ya boleo.”—Albert Mohler, poresidente ya Seminara ya Thutabomodimo ya Southern Baptist.

▪ “Gone jaanong batho ba ikgogomosa ka dilo tse di neng di tsewa di tlhabisa ditlhong [tse di jaaka tse di bidiwang maleo a le supa a a kotsi]: batsadi ba re go ikgodisa go ka thusa bana gore ba itshepe mme ba ba kgothaletsa go dira jalo; setlhopha se se ntseng se oketsega sa baapei ba Bafora se ne sa bolelela Ba-Vatican gore go ja bobe ga se boleo. Bopelotshetlha bo dira gore batho ba kgatlhiwe ke metswedi e e itsegeng ya tshedimosetso. Babapatsi ba dira gore batho ba nne le keletso ya go reka dilo tse ba di rekisang; go galefa go tsewa e le selo se se itshiametseng fela fa motho a kgopisitswe. Ka dinako tse dingwe ga ke batle go dira sepe.”—Nancy Gibbs, go tswa mo makasineng wa Time.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Batho ba le bantsi ba leba pego ya ga Adame le Efa e le kinane