Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o na le tshimologo?

A Modimo o na le tshimologo?

Babadi Ba a Botsa . . .

A Modimo o na le tshimologo?

▪ Baebele ya re Modimo ga a na tshimologo. Modimo ga a bolo go nna teng. Le fa go le thata go tlhaloganya gore Modimo o nnetse ruri ka bosakhutleng, ga re ka ke ra itlhokomolosa kgang eno fela ka gonne re sa kgone go e tlhaloganya ka botlalo.

A go a utlwala gore re solofele gore re tla tlhaloganya ditsela tsotlhe tsa Modimo? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!” (Baroma 11:33) Ga re ka ke ra tlhaloganya ka botlalo bogolo jwa botlhale le kitso ya Modimo fela jaaka losea lo ka se tlhaloganye sengwe le sengwe ka motsadi wa lone. Le fa mafoko ano a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng a bua segolobogolo ka botlhale le bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo tlhomologileng, a bontsha gore go na le dinonofo tsa ga Jehofa Modimo le tsela e a dirang dilo ka yone, e go leng thata go e tlhaloganya. Kgang ya gore Modimo ga a na tshimologo ke nngwe ya tsone. Le fa go ntse jalo, re ka ikanya ka botlalo se Baebele e se rutang ka Modimo. Jesu Keresete o ne a bua jaana ka mekwalo e e boitshepo: “Lefoko la gago ke boammaaruri.”—Johane 17:17.

Moshe o ne a rapela Jehofa jaana: “Ga o bolo go nna o le teng e bile o tla tswelela o le teng.” (Pesalema 90:2, The Holy Bible, New Century Version) Fano Moshe o tlhalosa go nna gone ga Modimo ka ditsela tse pedi. Tsela e nngwe e bua ka isagwe. Jehofa ke “Yo o tshelang ka bosaengkae le go ya go ile.” (Tshenolo 4:10) Ka jalo, Modimo o tla nna a le gone ka bosakhutleng. Tsela e nngwe ke ya gore Modimo ga a bolo go nna a le teng. Ka mafoko a mangwe, Modimo ga a bopiwa e bile ga a na tshimologo.

Go thata gore batho ba le bantsi ba tlhaloganye dilo tse ba sa di boneng. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe re tshwanelwa ke go dumela dikgang dingwe tse di thata, jaaka go bala dinomoro. Go bala dinomoro e ka nna selo se se sa feleng, o balela kwa morago kgotsa kwa pele. Go ntse fela jalo le ka go nna gone ga Mmopi.

Ka jalo, go a tshwanela go bo e le Modimo fela a nang le sereto seno se se sa tshwaneng le sepe, “Kgosi ya bosakhutleng.” (1 Timotheo 1:17) Akanya fela: Jesu Keresete, dimiriate tsa baengele kwa legodimong le batho mo lefatsheng, botlhe ba na le kwa ba simologileng gone ka gonne ba bopilwe. (Bakolosa 1:15, 16) Ga go a nna jalo ka Modimo. Go gatelela ntlha ya gore Modimo o tshwanetse a bo a bopilwe go dira gore go nne le dikganetsano tse di sa utlwaleng malebana le gore Mmopi o bopilwe ke mang. Jehofa a le esi o ne a ntse a le gone “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” (Pesalema 90:2) Ka mafoko a mangwe, Jehofa o gone “go ya bosakhutleng jotlhe.”—Jude 25.

Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore kgang ya gore Modimo ga a bolo go nna teng ga se kgang fela ya go ijesa dijo tsa ditoro. Fa re sekaseka thapelo ya ga Moshe ka kelotlhoko, e re senolela gore go nna teng ga Modimo ka bosakhutleng go tlhomamisa tsholofetso e e itumedisang ya gore re tla tshelela ruri. Go farologana le botshelo jo re bo tshelang gone jaanong jo bokhutshwane, Modimo o tlhalosiwa e le “bonno jwa rona jwa mmatota mo kokomaneng morago ga kokomana.” E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, ga a bolo go ema batho ba gagwe nokeng, o ntse a dira jalo e bile o tla tswelela a dira jalo. E kete o ka gomodiwa ke boammaaruri jono jo bo itumedisang!—Pesalema 90:1.