Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A tota ditshoswane di baakanya dijo tsa tsone ka selemo le go phutha dijo tsa tsone ka nako ya thobo?

Diane 6:6-8 ya re: “Tsamaya o ye kwa tshoswaneng, wena setshwakga; bona ditsela tsa yone mme o tlhalefe. Le fa e se na molaodi, modiredi kgotsa mmusi, e baakanya dijo tsa yone selemo; e phuthile dijo tsa yone ka nako ya thobo.”

Ditshoswane tsa mefuta e e farologaneng di boloka dijo. Gongwe mofuta wa ditshoswane o Solomone a neng a bua ka one—le o o tlwaelegileng thata kwa Iseraele gompieno—ke tshoswane ya thobo (Messor semirufus).

Go ya ka buka nngwe, “ditshoswane tsa thobo di tswa mo mosimeng wa tsone fa maemo a bosa a siame go ya go batla dijo . . . [mme] di kokoanya dipeo mo dikgweding tse di bothito mo ngwageng.” Di ka tsaya dipeo tseno mo dimeleng kgotsa mo mmung. Ditshenekegi di epa mesima ya tsone gaufi le masimo, mabolokelo a dijo kgotsa mo go phothiwang gone mo di ka bonang gone dijo tsa ditlhaka.

Mo mesimeng eno, ditshoswane di boloka dijo mo mafelong a a farologaneng a a golaganeng. Bophara jwa mabolokelo ano a tsone ke disentimetara di ka nna 12 le bogodimo jwa sentimetara e le nngwe. Ga twe ditshoswane tseno tsa thobo di kgona go nna mo mabolokelong ano “dikgwedi di feta nnè di sa tswele kwa ntle go batla dijo kgotsa metsi.”

Go nna motsholasenwelo wa kgosi go ne go akaretsa eng?

Nehemia e ne e le motsholasenwelo wa Kgosi Aretaserese wa Peresia. (Nehemia 1:11) Mo dikgotlatshekelong tsa segosi tsa kwa Botlhabagare jwa bogologolo, go nna motsholasenwelo wa kgosi e ne e se go nna motlhanka wa maemo a a kwa tlase. Go na le moo, e ne e le go nna modiredi wa maemo a a kwa godimo. Dibuka tsa bogologolo le ditshwantsho di le dintsi tsa bogologolo tsa batsholasenwelo di re thusa go bona gore Nehemia o ne a dira tiro efe kwa kgotlatshekelong ya kwa Peresia.

Motsholasenwelo o ne a nwa beine ya kgosi go se kae pele kgosi e e nwa gore e se ka ya nwa botlhole. Ka jalo kgosi e ne e ikanya motsholasenwelo thata. Mokanoki Edwin M. Yamauchi a re: “Maano a batho ba neng ba tlwaetse go a loga kwa kgotlatshekelong ya Achaemenid [Peresia] a bontsha sentle gore go ne go tlhokega batlhokomedi ba kgotlatshekelo ba ba ikanyegang.” Gape go bonala gore motsholasenwelo e ne e le modiredimogolo yo o neng a ratiwa thata ke kgosi e bile a ka kgona go tlhotlheletsa kgosi. Go bereka gaufi le kgosi letsatsi lengwe le lengwe go ne go dira gore a swetse gore ke mang yo o ka letlelelwang go bona kgosi.

Go bonala maemo ao e le one a a dirileng gore kgosi e letle Nehemia gore a boele kwa Jerusalema go ya go aga dipota tsa teng sesha. Nehemia o tshwanetse a bo a ne a ratiwa thata ke kgosi. The Anchor Bible Dictionary ya re: “Kgosi e ne ya mo araba ka go re ‘O tla boa leng ka bonako?’”—Nehemia 2:1-6.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Setshwantsho sa ntlo ya segosi ya Peresia ya Peresepolisa

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Motsholasenwelo

Kgosana xerxes yo o Neng a Tla Tlhatlhama Kgosi fa e Sena go Swa

Dario yo Mogolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

© The Bridgeman Art Library International