Batho ba le Bantsi ba Boifa Eng?
Batho ba le Bantsi ba Boifa Eng?
“Ga o tlhoke go nna modumedi gore o bone gore isagwe ya batho e letobo.”—STEPHEN O’LEARY, POROFESA YA YUNIBESITHI YA KWA BORWA JWA CALIFORNIA. *
A O DUMALANA le se se buiwang fa godimo? Motseletsele ono wa ditlhogo o tlile go sekaseka mangwe a mabaka a go bo batho ba boifa isagwe. Mme gape di tla bontsha gore ke ka ntlha yang fa o ka tlhomamisega gore botshelo bo tla tswelela bo le gone mo lefatsheng. Go na le lebaka le le utlwalang tota la go nna le tsholofelo, le fa dintlha tse o tla tlogang o di bala di sa itumedise.
Matshosetsi a ntwa ya nuklea a ntse a oketsega. Ka 2007, makasine wa Bulletin of the Atomic Scientists o ne wa tlhagisa jaana: “Lefatshe le ile la lebana le go dira ditshwetso tse di masisi fa e sa le go latlhelwa dibomo tsa ntlha tsa atomo kwa Hiroshima le kwa Nagasaki.” Ke ka ntlha yang fa batho ba tshwenyegile? Makasine wa Bulletin o ne wa bega gore ka 2007 go ne go sa ntse go na le dibetsa tsa nuklea di ka nna 27 000 le gore di le 2 000 tsa tsone di ne di ka “thuntshiwa nako nngwe le nngwe.” Tota le fa go ne go ka thuntshiwa dibomo tseno di le mmalwa fela, ditlamorago e ne e tla nna masetlapelo a magolo!
A matshosetsi a ntwa ya nuklea a ile a fokotsega fa e sa le ka nako eo? SIPRI Yearbook 2009 * * ya re, dinaga tse tlhano tse di nang le dibetsa tse dintsi tsa nuklea—China, Fora, Russia, United Kingdom le United States—tsotlhe fela “di dira thulaganyo e ntšha ya sebetsa sa nuklea kgotsa di dirile kitsiso ya gore di ikaeletse go e dira.” Mme buka eo ya re dinaga tseo ga se tsone fela tse di nang le dibetsa tsa nuklea. Babatlisisi ba fopholetsa gore India, Pakistan le Israel di na le dibomo tsa nuklea di le 60 go ya go di le 80. Gape ba re gone jaanong mo lefatsheng lotlhe go na le dibetsa tsa nuklea di le 8 392 mme di ka thuntshiwa nako nngwe le nngwe!
Go fetoga ga tlelaemete ya lefatshe go ka nna ga felela ka masetlapelo. Makasine wa Bulletin of the Atomic Scientists o o umakilweng fa godimo wa re:
“Dikotsi tse di bakwang ke go fetoga ga tlelaemete di ka nna kotsi fela jaaka tsa dibetsa tsa nuklea.” Borasaense ba ba tseelwang kwa godimo, ba ba jaaka Stephen Hawking, porofesa kwa Yunibesithing ya Cambridge le Motlotlegi Martin Rees, Morutisi kwa Trinity College ya Yunibesithi ya Cambridge, le bone ba tlhagisa jalo. Ba akanya gore go sa dirise dilo tsa botegeniki sentle le tsela e batho ba senyang tikologo ka yone e ka nna ya fetola botshelo gotlhelele mo lefatsheng kgotsa le e leng go nyelediwa ga batho.Batho ba le dimilione ba tshwenngwa ke kgang ya gore go fopholediwa gore ba tla nyelela. Kwala mafoko ano, “end of the world” le ngwaga wa “2012” mo lefelong lengwe le le itsegeng thata la go dira dipatlisiso mo Internet, mme o tla fitlhela go fopholediwa thata gore bokhutlo bo tla tla mo ngwageng oo. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Khalendara ya bogologolo ya Ba-Maya, e e itsegeng e le “the Long Count,” e felela ka ngwaga wa 2012. Batho ba le bantsi ba boifa gore ka tsela nngwe seno se supa go nyelediwa ga batho.
Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ba dumela gore Baebele e ruta gore lefatshe le tlile go senngwa. Ba akanya gore badumedi botlhe ba ba ikanyegang ba tla tseelwa kwa legodimong fa batho ba bangwe botlhe ba tla tlogelwa gore ba boge mo lefatsheng le le tlhakatlhakaneng kgotsa ba latlhelwe mo diheleng.
A ruri Baebele ya re lefatshe le tla senngwa gotlhelele kgotsa la fedisiwa? Moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Go na le go dumela sengwe le sengwe fela se batho ba bangwe ba se buang, ke eng o sa bule Baebele ya gago mme o bone gore ya reng ka bokhutlo jwa lefatshe? O ka nna wa gakgamadiwa ke se e se rutang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 2 Go tswa mo setlhogong se se reng “Masetlapelo a Dira Gore Batho ba Fopholetse Gore ba Tla Nyelediwa,” se se gatisitsweng mo atereseng ya Internet ya MSNBC, October 19, 2005.
^ ser. 5 SIPRI e emela Stockholm International Peace Research Institute.
^ ser. 5 Pego e e mo go SIPRI Yearbook 2009 e ne ya kwalwa ke Shannon N. Kile, mmatlisisi yo mogolo le moeteledipele wa porojeke ya dibetsa tsa nuklea ya SIPRI Arms Control le Non-proliferation Programme; Vitaly Fedchenko, mmatlisisi wa SIPRI Arms Control le Non-proliferation Programme; le Hans M. Kristensen, mookamedi wa porojeke ya tshedimosetso ya nuklea ya Federation of American Scientists.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Mushroom cloud: U.S. National Archives photo; hurricane photos: WHO/League of Red Cross and U.S. National Archives photo