Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone

Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone

Se re Se Ithutang mo go Jesu

Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone

Ke eng se se ka dirang gore re itumele?

▪ Fa Jesu a simolola thero ya gagwe e e itsegeng, o ne a umaka go itumela. O ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) O ne a kaya eng? Ke eng se re se tlhokang semoyeng?

Gore re tswelele re tshela, re tlhoka go hema, go nwa metsi le go ja, fela jaaka diphologolo. Mme gore re itumele, re tlhoka selo se diphologolo di se nang sone—go tlhaloganya lebaka la go bo re tshela. Mme ke Mmopi fela a ka re bolelelang lone. Ka jalo, Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Batho ba ba tshwenyegileng ka se ba se tlhokang semoyeng ba itumetse ka gonne ba atamalana le Jehofa, “Modimo yo o itumetseng” mme o ba naya sengwe se se botlhokwa gore ba itumele—tsholofelo.—1 Timotheo 1:11.

Jesu o ne a naya batho tsholofelo jang?

▪ Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Jesu o ne a naya batho tsholofelo ka go fodisa balwetse le go tsosa baswi. Gape molaetsa wa gagwe o ne o naya batho tsholofelo. O ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Batho ba ba ikobelang Modimo ba tla itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Akanya o tshela le batho ba ba bonolo e bile o sa tsofale. Ga go gakgamatse go bo Lefoko la Modimo le re: “Ipeleng mo tsholofelong.” (Baroma 12:12) Gape Jesu o ne a tlhalosa kafa re ka bonang boitumelo ka gone gompieno.

Ke tsela efe e e itumedisang ya botshelo e Jesu a neng a ruta ka yone?

▪ Jesu o ne a naya kgakololo e e molemo malebana le dikgang tse di jaaka go dirisana le batho ba bangwe, lenyalo, boikokobetso le go leba dithoto ka tsela e e tshwanetseng. (Mathaio 5:21-32; 6:1-5, 19-34) Go latela kgakololo ya ga Jesu go tla go thusa go bona boitumelo.

Bopelotshweu bo lere boitumelo. (Ditiro 20:35) Ka sekai, Jesu o ne a re: “Fa o dira modiro wa mokete, laletsa batho ba ba humanegileng, ba ba golafetseng, ba ba tlhotsang, ba ba foufetseng; mme o tla itumela, ka gonne ga ba na sepe se ba ka go duelang ka sone.” (Luke 14:13, 14) O nna le boitumelo fa o thusa batho ba bangwe gore ba itumele, e seng fa o akanya fela ka gore o iitumedise.

Selo se segolo se se ka dirang gore o itumele ke eng?

▪ Go direla batho ba bangwe dilo go ka go itumedisa, mme go direla Modimo gone go ka go itumedisa le go feta. Boitumelo jo re nnang le jone fa re direla Modimo bo bogolo go na le jwa batsadi ba ba ratang bana ba bone. Seno se bonala sentle mo go se se neng sa direga ka nako nngwe fa Jesu a ne a ruta phatlalatsa. “Mosadi mongwe mo boidiiding a tlhatlosa lentswe la gagwe mme a mo raya a re: ‘Go itumela sebopelo se se neng sa go tshola le mabele a o a antseng!’ Mme ene a re: ‘Nnyaa, go na le moo, Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!’”—Luke 11:27, 28.

Jesu o ne a kgotsofala a bo a itumela ka gonne a ne a dira thato ya ga Rraagwe yo o kwa legodimong. Thato ya Modimo ke gore batho ba utlwe ka tsholofelo ya go tshelela ruri. Nako nngwe, fa Jesu a sena go tlhalosetsa motho yo o kgatlhegang ka tsholofelo eno, o ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:13, 14, 34) Le wena o ka itumelela go dira sengwe se se itumedisang Modimo ka go bolelela batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 1 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Boitumelo jwa boammaaruri bo nna gone fa re kgotsofatsa keletso ya rona ya go tlhaloganya lebaka la go bo re tshela