Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Batla Gore re Ipolele Maleo?

A Modimo o Batla Gore re Ipolele Maleo?

A Modimo o Batla Gore re Ipolele Maleo?

Mo dikerekeng di le dintsi, go ipolela maleo mo moruting e sa ntse e le sengwe se se tlwaetsweng e bile e le tsela e e dirisiwang mo kobamelong. Le fa go ntse jalo, gompieno mo lefatsheng le le letlelelang sengwe le sengwe, a go ipolela maleo go botlhokwa e bile go a tlhokega?

BATHO ba ikutlwa ka ditsela tse di farologaneng ka kgang eno. Ka sekai, lokwalodikgang lwa National Post lwa kwa Canada lo bua ka motho mongwe yo o dumelang gore le fa go le thata go bolelela mongwe ka sengwe se se phoso se o se dirileng, “o ikutlwa o le botoka fa mongwe a go itsise gore o tlhaloganya se o se dirileng, a rapela le wena a bo a go bolelela se o tshwanetseng go se dira gore o baakanye phoso eo.” Go farologana le seo, buka ya Bless Me, Father, for I Have Sinned (Ntshegofatsa Rara, ke Leofile) e nopola monna mongwe yo o neng a re: “Go ipolela maleo ke nngwe ya ditlwaelo tse di utlwisang botlhoko thata tse di dirwang mo Kerekeng. Go dira gore batho ba nne ba tlhobaela.” Baebele ya reng ka kgang eno?

Se Baebele e se Buang

Mo Molaong o Modimo a o neileng setšhaba sa Iseraele, re fitlhela ditaelo tse di tlhamaletseng tsa se motho a neng a tshwanetse go se dira fa a leofile. Ka sekai, fa motho a leofetse motho yo mongwe kgotsa a tlodile mongwe wa melao ya Modimo, o ne a tshwanetse go ipolela kwa moperesiting yo o tlhomilweng wa lotso lwa Lefi, yo o neng a tla mo direla tetlanyo ka go mo ntshetsa setlhabelo kwa Modimong gore a itshwarelwe boleo.—Lefitiko 5:1-6.

Makgolo a dingwaga moragonyana, fa moporofeti Nathane a ne a kgalemela Kgosi Dafide ka ntlha ya maleo a gagwe, Dafide o ne a itshwara jang? O ne a amogela seo ka yone nako eo mme a re: “Ke leofetse Jehofa.” (2 Samuele 12:13) Gape o ne a rapela a kopa Modimo gore a mmontshe kutlwelobotlhoko. Go ile ga felela ka eng? Moragonyana Dafide o ne a kwala jaana: “La bofelo ke ne ka ipolela boleo jwa me mo go wena, mme ka se ka ka bipa tlolo ya me. Ke ne ka re: ‘Ke tla ipolela ditlolo tsa me mo go Jehofa.’ Mme o ne wa itshwarela tlolo ya maleo a me.”—Pesalema 32:5; 51:1-4.

Tota le mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, Modimo o ne a lebeletse gore batho ba ipolele maleo. Jakobe morwarraagwe Jesu ka mmaagwe yo e neng e le mongwe wa banna ba ba neng ba eteletse phuthego pele kwa Jerusalema, o ne a rotloetsa Bakeresete ka ene a re: “Ipolelelaneng maleo ka tshosologo lo bo lo rapelelane, gore lo fole.” (Jakobe 5:16) Ka jalo, Bakeresete ba tshwanetse go ipolela eng mme kwa go mang?

Ke Eng se se Tshwanetseng go Ipolelwa?

Letsatsi le letsatsi, rona batho ba ba sa itekanelang re ka dira dilo re sa akanya kgotsa ra bua dilo tse di ka kgopisang mme ka go dira jalo re leofelana. (Baroma 3:23) A seo se raya gore re tshwanetse go ipolela tlolo nngwe le nngwe e e ntseng jalo kwa go mongwe yo o tlhophilweng yo o nang le maemo?

Le fa Modimo a sa itumelele maleo otlhe, o kutlwelobotlhoko mme o amogela gore re tla dira diphoso ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng. Ee ruri, mopesalema o ne a lemoga seno: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema? Gonne o na le boitshwarelo jwa boammaaruri, gore o tle o boifiwe.” (Pesalema 130:3, 4) Ka jalo, re tshwanetse go dira eng fa re direla ba bangwe diphoso le go ba leofela, gongwe re sa ikaelela? Gakologelwa gore thapelo ya sekao e Jesu a neng a e ruta balatedi ba gagwe gore ba e rapele e ne e akaretsa kopo eno: “Re itshwarele maleo a rona, gonne le rona ka borona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona.” (Luke 11:4) Ee, Modimo o tla re itshwarela fa re kopa maitshwarelo mo go ene ka leina la ga Jesu.—Johane 14:13, 14.

Ela tlhoko gore Jesu o ne a re le rona re tshwanetse go itshwarela ba ba “molato le rona.” Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola badumedi mmogo le ene jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baefeso 4:32) Fa re itshwarela ba bangwe diphoso tsa bone, re tla bo re na le lebaka le le utlwalang la go lebelela gore Modimo a re itshwarele tsa rona.

Mme gone, go tweng ka maleo a a masisi a a jaaka go utswa, go bua maaka ka boomo, go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go tagwa, jalo le jalo? Mongwe le mongwe yo o dirang maleo a a ntseng jalo o tlola melao ya Modimo mme ka jalo o leofela Modimo. Re tshwanetse go dirang?

Re Tshwanetse go Ipolela Maleo mo go Mang?

Modimo ga a naya motho ope maatla a go itshwarela maleo a batho ba ba mo leofelang; ke ene fela yo o ka dirang jalo. Baebele e re bolelela jaana: “Fa re ipolela maleo a rona, [Modimo] o a ikanyega e bile o tshiamo mo a tla re itshwarelang maleo a rona le go re phepafatsa mo tshiamololong yotlhe.” (1 Johane 1:9) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ipolela maleo a a ntseng jalo kwa go mang?

E re ka e le Modimo fela yo o ka re itshwarelang, re tshwanetse go ipolela maleo mo go ene. Ke sone se Dafide a neng a se dira, jaaka re bone. Le fa go ntse jalo, re ka itshwarelwa fa re dira eng? Baebele ya re: “Ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa mo go Jehofa.” (Ditiro 3:19) Ee, go itshwarelwa ga go a ikaega fela ka gore motho a amogele gore o leofile a bo a ipolela maleo mme gape go ikaegile ka gore a motho o ikaeletse go tlogela dilo tse di phoso tse a neng a di dira. Gantsi go dira jalo ke gone go leng thata. Mme go na le sengwe se se ka re thusang.

Gakologelwa mafoko a ga morutwa Jakobe a a umakilweng pelenyana: “Ipolelelaneng maleo ka tshosologo lo bo lo rapelelane, gore lo fole.” Jakobe o ne a tswelela ka go re: “Mokokotlelo wa motho yo o siameng, fa o dira, o na le maatla a magolo.” (Jakobe 5:16) “Motho yo o siameng” e ka nna mongwe wa “banna ba bagolwane ba phuthego” ba Jakobe a buang ka bone mo go temana 14. Mo phuthegong ya Bokeresete go na le “banna ba bagolwane” ba ba godileng semoyeng kgotsa bagolwane ba ba tlhomilweng go thusa batho ba ba batlang gore Modimo a ba itshwarele. “Banna ba bagolwane” bano ga ba kgone go itshwarela maleo ka gonne ga go na motho ope yo o filweng maatla a go itshwarela motho yo mongwe yo o leofetseng Modimo. * Le fa go ntse jalo, ba na le ditshwanelego tsa semoya tsa go kgalemela le go lolamisa motho yo o dirileng boleo jo bo masisi, ba mo thusa gore a lemoge bomasisi jwa boleo jwa gagwe le gore go tlhokega gore a ikwatlhaye.—Bagalatia 6:1.

Ke Goreng Motho a Tshwanetse go Ipolela Maleo?

Go sa kgathalesege gore boleo bo masisi kana nnyaa, motho yo o bo dirileng o sentse kamano ya gagwe le motho yo a mo leofetseng mmogo le Modimo. Seo se ka nna sa dira gore a tlhobaele. A ka ikutlwa jalo ka ntlha ya segakolodi se Mmopi wa rona a re neileng sone. (Baroma 2:14, 15) Ke eng se a ka se dirang?

Fa re boela gape mo bukeng ya Jakobe, re fitlhela mafoko ano a a kgothatsang: “A go na le motho yo o bobolang [semoyeng] mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.”—Jakobe 5:14, 15.

Le fano, banna ba bagolwane kgotsa bagolwane, ba bolelelwa gore ba thuse letsomane ka se le se tlhokang. Jang? E seng fela ka go reetsa fa le ipolela maleo. Go na le moo, e re ka motho a tla bo a lwala semoyeng, go tshwanetse ga dirwa sengwe go “fodisa yo o bokoa.” Go na le dilo tse pedi tse Jakobe a di umakileng tse di ka dirwang.

Sa ntlha, go na le go ‘tlotsa ka leokwane.’ Seno se raya maatla a a fodisang a Lefoko la Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo,” mme le ame mogopolo le pelo ya motho. (Bahebera 4:12) Banna ba bagolwane ba ka dirisa Baebele ka botswerere go thusa motho yo o lwalang semoyeng gore a bone gore bothata jwa gagwe bo bakilwe ke eng mme a dire se a ka se kgonang go baakanya kamano ya gagwe le Modimo.

Gape go na le “thapelo ya tumelo.” Le fa dithapelo tsa banna ba bagolwane di ka se fetole tshiamiso ya Modimo, dithapelo tseo di botlhokwa mo Modimong, yo o iketleeditseng go itshwarela boleo mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. (1 Johane 2:2) Modimo o iketleeditse go thusa moleofi mongwe le mongwe yo o ikwatlhayang tota mme a “dira ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.”—Ditiro 26:20.

Lebaka le legolo la go ipolela maleo—a o a diretseng motho kgotsa Modimo—ke gore o nne le kamano e e siameng le Modimo. Jesu Keresete o ne a bontsha gore re tshwanetse go baakanya bothata bope fela jo re ka tswang re na le jone le morwarraarona re bo re dira kagiso le ene pele re ka obamela Modimo ka segakolodi se se phepa. (Mathaio 5:23, 24) Diane 28:13 ya re: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” Fa re ikokobeletsa Jehofa Modimo re bo re kopa gore a re itshwarele, o tla re utlwela botlhoko mme o tla re godisa mo nakong e e tshwanetseng.—1 Petere 5:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Bangwe ba tsaya gore mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 20:22, 23 a raya gore motho a ka itshwarela motho yo mongwe maleo. Gore o bone dintlha tse di oketsegileng ka kgang eno, bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1996, tsebe 28-29.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Jehofa o tla itlhokomolosa makoa a rona mme a re itshwarele fa re mo kopa re dirisa leina la ga Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Lebaka le legolo la go ipolela maleo ke gore o nne le kamano e e siameng le Modimo