Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bua ka Diteme—A go Tswa Kwa Modimong?

Go Bua ka Diteme—A go Tswa Kwa Modimong?

Go Bua ka Diteme—A go Tswa Kwa Modimong?

DEVON a re: “Tota ga ke tlhaloganye. Beke le beke fa ke le kwa kerekeng go lebega batho ba le bantsi ba newa moya o o boitshepo ba bo ba bua dipuo tse di farologaneng ka kgakgamatso. Bangwe ba bone ba dira boitsholo jo bo sa siamang. Mme nna ke leka go tshela ka melao ya Baebele. Le fa gone ke rapelela mpho eno ya moya, ga ke ise ke ko ke o newe. Ke ka ntlha yang fa ke sa o newe?”

Gabriel le ene o tsena kereke e kwa go yone go lebegang batho ba le bantsi ba newa moya o o boitshepo e bile ba bua ka diteme. O tlhalosa jaana: “Se se ntshwenyang ke gore fa ke ntse ke rapela, batho ba bangwe ba ntitaya tsebe ka go buela kwa godimo ka puo e nna le bone re sa e tlhaloganyeng. Ruri ga go na ope yo o solegelwang molemo ke se se buiwang. A mpho ya moya wa Modimo ga e a tshwanela go dira sengwe se se ka solegelang batho molemo?”

Se se diragaletseng Devon le Gabriel se dira gore re ipotse potso eno e e kgatlhang, A ruri go bua ka diteme go go dirwang mo dikerekeng dingwe gompieno go tswa kwa Modimong? Gore re arabe potso eno, go ka nna molemo gore re sekaseke mpho ya go bua ka kgakgamatso ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

Ba ne Ba “Simolola go Bua ka Diteme Tse di Farologaneng”

Mo Baebeleng, re bala ka banna bangwe le basadi ba ba neng ba newa maatla a go bua dipuo tse ba iseng ba ko ba di ithute. Seno se ne sa diragala la ntlha ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., dibeke di le mmalwa morago ga loso lwa ga Jesu Keresete. Mo letsatsing leo kwa Jerusalema, barutwa ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ne ba “tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng.” Baeng ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne “ba akabala, ka gonne mongwe le mongwe o ne a ba utlwa ba bua ka puo ya gagwe.”—Ditiro 1:15; 2:1-6.

Baebele e umaka balatedi ba bangwe ba bogologolo ba ga Jesu ba ba neng ba na le bokgoni jono jo bo gakgamatsang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a newa maatla ke moya o o boitshepo gore a kgone go bua diteme tse di farologaneng ka kgakgamatso. (Ditiro 19:6; 1 Bakorintha 12:10, 28; 14:18) Mme mpho nngwe le nngwe ya moya o o boitshepo wa Modimo e tshwanetse ya bo e ne e na le boikaelelo jo bo molemo. Ka jalo, boikaelelo jwa go bua ka diteme mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele e ne e le bofe?

Bosupi Jwa Gore Modimo O ne A ba Ema Nokeng

Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba phuthego ya motse wa Korintha, ba go lebegang bangwe ba bone ba ne ba bua ka diteme, o ne a tlhalosa gore “diteme ke tsa sesupo . . . mo go ba ba sa dumeleng.” (1 Bakorintha 14:22) Ka jalo, maatla a go bua ka diteme le dikgakgamatso tse dingwe tse ba neng ba di dira, e ne e le bosupi mo bathong ba ba neng ba lebile jwa gore Modimo o ne a amogela phuthego e e sa tswang go tlhongwa ya Bokeresete e bile a e ema nokeng. Dimpho tseo tsa moya o o boitshepo di ne di tshwana le matshwao a a mo mmileng a a neng a kaela batho ba ba batlang boammaaruri kwa ba neng ba ka bona batho ba ba tlhophilweng ke Modimo gone.

Sa botlhokwa ke gore ga go na mo Baebele e umakang teng gore Jesu kgotsa mongwe wa baporofeti ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ne ba bua ka kgakgamatso ka diteme tse ba neng ba sa di itse. Go bonala sentle gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba neilwe mpho ya go bua ka diteme ka boikaelelo jo bongwe gape.

Sengwe se se Thusang go Anamisa Dikgang Tse di Molemo

Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba rerele Bajuda fela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 10:6; 15:24) Ka ntlha ya seno, barutwa ba ne ba ya go rera ka sewelo kwa mafelong a e seng a Bajuda. Mme seno se ne se tloga se fetoga.

Moragonyana fela ga loso lwa ga Jesu ka 33 C.E., o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” Gape o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore e tla nna basupi ba gagwe “le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Mathaio 28:19; Ditiro 1:8) E le gore ba anamisetse dikgang tse di molemo go ya bokgakaleng joo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go bua diteme tse dingwe tse dintsi ntle le Sehebera.

Le fa go ntse jalo, bontsi jwa barutwa bao ba bogologolo ba ne ba sa ‘rutega e bile e le batho fela.’ (Ditiro 4:13) Ka jalo, ba ne ba ka kgona jang go rera kwa mafelong a a kgakala a kwa go one go buiwang dipuo tse ba iseng ba ko ba di utlwe, e bile ba ise ba ke ba ithute go di bua? Moya o o boitshepo o ne wa dira ka kgakgamatso gore bangwe ba bareri bao ba ba tlhoafetseng ba kgone go rera ka tsela e e utlwalang ka dipuo tse ba iseng ba ko ba ithute go di bua.

Ka jalo, mpho ya go bua ka diteme e ne e diragatsa maikaelelo a mabedi a botlhokwa. Sa ntlha, e ne e le bosupi jwa gore Modimo o ema nokeng phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Sa bobedi, e ne e le sengwe se se neng se thusa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga go diragatsa thomo ya bone ya go rerela batho ba dipuo tse di farologaneng. A go bua ka diteme go go dirwang mo dikerekeng tse dintsi gompieno go diragatsa maikaelelo ano?

A go Bua ka Diteme Gompieno ke Sesupo sa Gore Modimo o Ema Nokeng Batho ba ba Buang ka Tsone?

O ne o ka baya kae letshwao gore le bonwe ke batho ba le bantsi mo lefelong la lona? Mo teng ga kago e nnye? Nnyaa, le e seng! Pego e e buang ka letsatsi la Pentekosete ya re “batho ba le bantsi” ba ba neng ba feta foo ba ne ba bona sesupo sa baaposetoloi sa go bua ka kgakgamatso ka diteme. Ka ntlha ya seno, phuthego ya Bokeresete e ne ya “okediwa ka meya e ka nna dikete di le tharo” ka letsatsi leo! (Ditiro 2:5, 6, 41) Fa e le gore gompieno go na le batho ba ba reng ba bua ka diteme mme ba dira jalo mo teng ga kereke fela, go bua jalo ka diteme e ka nna sesupo jang mo bathong ba le bantsi ba ba sa dumeleng?

Lefoko la Modimo le umaka kgokafalo le “ditiro [tse dingwe] tsa nama” le re di kgoreletsa moya o o boitshepo mme le oketsa ka go re “ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (Bagalatia 5:17-21) Fa o bona batho ba dira dilo tse Modimo a sa di amogeleng mme ba bua ka diteme, go tla bo go tshwanela gore o ipotse jaana, ‘A ga se selo se se sa utlwaleng—e bile se timetsa—gore moya o o boitshepo wa Modimo o newe batho ba ba nnelang go dira ditiro tse Lefoko la Modimo le di kgalang?’ Seo se tla bo se tshwana le go tlhoma letshwao la mmila le le kaelang batho go sele.

A go Bua ka Diteme Gompieno ke Sengwe se se Thusang go Anamisa Dikgang Tse di Molemo?

Go tweng ka boikaelelo jo bongwe jwa mpho ya moya o o boitshepo mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga? A go bua ka diteme go go dirwang mo dikerekeng go thusa mo tirong ya go rerela batho ba dipuo tse di farologaneng dikgang tse di molemo? Gakologelwa gore batho ba ba neng ba le teng kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba tswa kwa mafelong a le mantsi, mme ba ne ba tlhaloganya ka botlalo dipuo tse barutwa ba neng ba di bua ka kgakgamatso. Go farologana le seo, gantsi batho ba ba buang ka diteme gompieno ba bua puo e e ka se tlhaloganngweng ke ope.

Ga go na pelaelo gore go bua ka diteme go go dirwang gompieno go farologane thata le mpho ya moya o o boitshepo e balatedi ba ga Jesu ba neng ba e newa. Tota e bile ga go na pego e e ka ikanngwang ya gore mongwe o ne a amogela maatla a kgakgamatso a a tshwanang le ao morago ga loso lwa baaposetoloi. Seno ga se gakgamatse batho ba ba balang Baebele. Paulo o ne a porofeta jaana malebana le dimpho tsa kgakgamatso, go akaretsa le go bua ka diteme: “Di tla kgaotsa.” (1 Bakorintha 13:8) Ka jalo, o ka itse jang gore ke mang yo o nang le moya o o boitshepo gompieno?

Ke Bomang ba go Bonalang Sentle Gore Ba na Le Moya o o Boitshepo?

Jesu o ne a itse gore mpho ya go bua ka diteme e ne e tla kgaotsa ka bonako fela morago ga gore go tlhomiwe phuthego ya Bokeresete. Ka bonako fela pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a umaka sesupo kgotsa letshwao le le neng le tla tlhaola balatedi ba gagwe ba boammaaruri go ya go ile. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Tota e bile, temana e mo go yone Lefoko la Modimo le bolelelang pele gore kgabagare dimpho tsa kgakgamatso di ne di tla kgaotsa, ya re: “Lorato ga lo ke lo fela.”—1 Bakorintha 13:8.

Lorato ke nonofo ya ntlha mo dinonofong tse robongwe tse di tlhagisiwang ke moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Ka jalo, batho ba ruri ba nang le moya wa Modimo—mme ka jalo Modimo a ba eme nokeng—ba ne ba tla ratana ka lorato lwa mmatota. Mo godimo ga moo, nonofo ya boraro e e tlhagisiwang ke moya ke kagiso. Ka jalo, gompieno batho ba ba nang le moya o o boitshepo ba tla rata kagiso, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tila mekgwa ya lefatshe e e jaaka go nna manganga, tlhaolele le thubakanyo.

Gape, gakologelwa boporofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Ditiro 1:8. O ne a bolelela pele gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla newa maatla a gore e nne basupi ba gagwe “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” Gape Jesu o ne a bontsha gore tiro eno e ne e tla tswelela “go ya bokhutlong jwa lefatshe.” (Mathaio 28:20, Baebele ya Tswana Central) Ka jalo, tiro eno ya go rera e e dirwang mo ditšhabeng tsotlhe e ne e tla tswelela e le letshwao le le tlhaolang batho ba ruri ba nang le moya o o boitshepo.

O akanyang? Gompieno, ke setlhopha sefe sa batho ba go nang le bosupi jwa gore ba na le moya o o boitshepo? Ke bomang mo lefatsheng lotlhe ba ba bontshang dinonofo tse di tlhagisiwang ke moya, segolobogolo lorato le kagiso, mo ba felelang ba bogisiwa ke dipuso ka gonne ba gana go ya ntweng? (Isaia 2:4) Ke bomang ba ba iketleeleditseng go tila ditiro tsa nama tse di jaaka kgokafalo, e bile ba tlosa batho ba ba sa ikwatlhayeng ba ba dirang dilo tseo mo diphuthegong tsa bone? (1 Bakorintha 5:11-13) Ke bomang ba ba rerang dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe tsa gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo ka nayang batho tsholofelo?—Mathaio 24:14.

Bagatisi ba kgatiso eno ga ba okaoke go bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba dira go dumalana le se Baebele e se tlhalosang ka batho ba ba nang le moya o o boitshepo. Go ka nna molemo gore o ba itse botoka mme o bone gore a ruri Modimo o ba ema nokeng.