Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Fenya Jang Maikutlo a a Kgobang Marapo?

O ka Fenya Jang Maikutlo a a Kgobang Marapo?

O ka Fenya Jang Maikutlo a a Kgobang Marapo?

AO A tle o kgobege marapo? Ruri seno se diragalela mongwe le mongwe. Gompieno batho ba le bantsi ba amiwa ke maemo a a thata a itsholelo, thubakanyo e e mo lefatsheng lotlhe le tshiamololo e e feteletseng. Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba na le maikutlo a go ipona molato ka tsela e e feteletseng le go ikutlwa e se batho ba sepe.

Maikutlo a a ntseng jalo a ka nna kotsi. A ka dira gore re se ka ra itshepa, ra akanya sentle le go itumela. Baebele ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Re tlhoka maatla le nonofo gore re kgone go tswelela re tshela mo lefatsheng leno le le nang le mathata. Ka jalo, go botlhokwa gore re laole maikutlo a a kgobang marapo. *

Baebele e re naya dilo tse di ka re thusang thata go fenya maikutlo a a kgobang marapo. Jehofa Modimo, Mmopi le Moneibotshelo, ga a batle gore re fekeediwe ke maikutlo a go tlalelwa kgotsa go felelwa ke tsholofelo. (Pesalema 36:9) Ka jalo, a re sekasekeng ditsela di le tharo tse Lefoko la gagwe le ka re thusang ka tsone go fenya go kgobega marapo.

O Se ka Wa Lebala Gore Modimo O a Go Kgatlhegela

Batho ba bangwe ba akanya gore Modimo o tshwaregile thata ka dilo tse dingwe gore a ka amega ka maikutlo a bone. A ke kafa o ikutlwang ka gone? Tota Baebele e re tlhomamisetsa gore Mmopi wa rona o amega ka maikutlo a rona. Mopesalema o ne a re: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Ruri go a gomotsa go itse gore Molaodimogolo mothatayotlhe o gaufi le rona fa re ngomogile pelo.

Modimo o amega ka rona e bile ga a kgakala le rona. Baebele ya re “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) O rata batho mme o amega ka ba ba bogang. Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba le kwa bokgobeng kwa Egepeto dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, o ne a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang. Mme ke a fologa go ya go ba golola.”—Ekesodo 3:7, 8.

Modimo o tlhaloganya maikutlo a rona sentle. Mo godimo ga moo, “ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona.” (Pesalema 100:3) Ka jalo, le fa re akanya gore batho ba bangwe ga ba tlhaloganye kafa re ikutlwang ka gone, re ka tlhomamisega gore Modimo ene o a tlhaloganya. Lefoko la Modimo la re: “Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:7) Tota le tsela e re ikutlwang ka yone Modimo o kgona go e bona.

Ke boammaaruri gore gape Jehofa o bona diphoso le makoa a rona. Mme re lebogela gore Mmopi wa rona yo o lorato o a itshwarela. Mokwadi wa Baebele yo o tlhotlheleditsweng e bong Dafide, o ne a re: “Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:13, 14) Le fa re ka tswa re lemoga fela dilo tse di bosula mo go rona, Modimo ene o re leba ka tsela e e farologaneng. O leba dilo tse di molemo mme o tlhokomologa tse di bosula, fa fela re ikwatlhaela maleo a rona.—Pesalema 139:1-3, 23, 24.

Ka jalo, fa re gateletswe ke maikutlo a go inyatsa, re tshwanetse go ikemisetsa go a lwantsha. Re tshwanetse go gakologelwa kafa Modimo a re lebang ka gone!—1 Johane 3:20.

Nna le Kamano e e Gaufi le Modimo

Re solegelwa molemo jang fa re iteba kafa Modimo a re lebang ka gone? Go tla nna motlhofo go tsaya kgato e nngwe e e ka re thusang gore re se ka ra kgobega marapo, e leng go nna le kamano e e gaufi le Modimo. A ruri go dira jalo go ka kgonega?

E re ka Jehofa Modimo e le Rre yo o lorato, o iketleeleditse go re thusa gore re nne le kamano e e gaufi le ene. Baebele e re kgothatsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Akanya ka ntlha eno e e gakgamatsang: Le fa re le bokoa e bile re dira boleo, re ka kgona go nna le kamano e e gaufi le Molaodimogolo wa lobopo.

Modimo o ile a re itshenolela mo Baebeleng gore re kgone go mo itse sentle. Fa re bala Baebele ka metlha, re ka ithuta ka dinonofo tsa Modimo tse di itumedisang. * Fa re ntse re tlhatlhanya ka kitso eno, re tla nna re atamalane thata le Jehofa. Re tla bona se tota a leng sone—Rre yo o lorato le yo o pelotlhomogi.

Go akanya thata ka se re se balang mo Baebeleng go re thusa le ka ditsela tse dingwe gape. Re atamalana thata le Rraarona yo o kwa legodimong ka go tsenya dikakanyo tsa gagwe mo mogopolong le mo pelong ya rona, re di letla gore di re kgalemele, di re gomotse le go re kaela. Re tshwanetse go dira jalo segolobogolo fa re tshwenyegile kgotsa re tlhobaela. Mopesalema o tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke tshwenyegile thata, o ne wa nkgomotsa mme wa dira gore ke se ka ka boifa.” (Pesalema 94:19, Contemporary English Version) Ruri Lefoko la Modimo le ka re gomotsa. Fa re ntse re amogela molaetsa wa gagwe wa boammaaruri ka boikokobetso, maikutlo a a re kgobang marapo a ka fela ka iketlo mme ra bona kgomotso le kagiso tse e leng Modimo fela a ka re nayang tsone. Ka jalo, Jehofa o re gomotsa fela jaaka motsadi a ka nametsa ngwana yo o utlwileng botlhoko.

Selo se sengwe se se ka re thusang go nna tsala ya Modimo ke go bua le ene ka metlha. Baebele e re tlhomamisetsa gore “go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, [Modimo] o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Le fa re ka tswa re boifa kgotsa re tlhobaela ka sepe fela, re ka rapela Modimo mme re mo kope gore a re thuse. Fa re rapela Modimo go tswa pelong, re tla nna le kagiso ya mogopolo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

Fa o ntse o latela thulaganyo ya go bala Baebele, go tlhatlhanya le go rapela o le esi, ga go pelaelo gore o tla nna le kamano e e gaufi le Rraago yo o kwa legodimong. Kamano e e ntseng jalo e ka re thusa thata go fenya maikutlo a a kgobang marapo. Ke eng gape se se ka re thusang?

Tlhoma Mogopolo mo Tsholofelong e e Tlhomameng ya Isagwe

Le fa re le mo maemong a a thata, re ka kgona go nna re akanya ka dilo tse di molemo. Re ka dira seo jang? Modimo o re naya tsholofelo e e tlhomameng ya isagwe. Moaposetoloi Petere o ne a sobokanya tsholofelo eno e e molemo ka go re: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Seo se kayang?

Polelwana e e reng “magodimo a masha” tota e kaya puso—Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong bo eteletswe pele ke Jesu Keresete. “Lefatshe le lesha” le kaya mokgatlho o mosha wa batho o o amogelwang ke Modimo gone mo lefatsheng. Fa re tla bo re busiwa ke “magodimo a masha,” mokgatlho wa batho ba lefatshe le lesha o tla bo o golotswe mo dilong tsotlhe tse di dirang gore batho ba kgobege marapo. Fa Baebele e bua ka batho ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba tshela ka nako eo, e re tlhomamisetsa gore Modimo o “tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

Kwantle ga pelaelo o tla dumela gore tseno ke dikgang tse di itumedisang, tse di kgothatsang. Ke gone ka moo Baebele e reng isagwe e Modimo a e neileng Bakeresete ke “tsholofelo e e itumedisang.” (Tito 2:13) Fa re tlhoma mogopolo mo go se Modimo a se solofeditseng batho mo isagweng—le mo mabakeng a go bo ditsholofetso tseo di ka ikanngwa e bile di tla diragala—re ntsha dikakanyo tse di kgobang marapo mo mogopolong wa rona.—Bafilipi 4:8.

Baebele e tshwantsha tsholofelo ya rona ya poloko le tlhoro ya phemelo. (1 Bathesalonika 5:8) Mo metlheng ya bogologolo, lesole le ne le ka se leke le go tsena mo tlhabanong le sa rwala tlhoro ya lone ya phemelo. Le ne le itse gore e ne e ka dira gore le se ka la utlwisiwa botlhoko thata ke dilo tse le konopiwang ka tsone le gore motswi o se ka wa phunyeletsa mme wa le gobatsa. E re ka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo, tsholofelo le yone e sireletsa mogopolo. Go nna re akantse ka dilo tse di re nayang tsholofelo go tla dira gore re se ka ra kgobega marapo le go boifa.

Ka jalo, go a kgonega go fenya maikutlo a a kgobang marapo. Le wena o ka kgona! Akanya kafa Modimo a go lebang ka teng, atamalana thata le ene mme o tlhome mogopolo mo tsholofelong e o nang le yone ka isagwe. Mme o ka tlhomamisega gore o tla bo o le teng fa go tla bo go sa tlhole go na le maikutlo a a kgobang marapo!—Pesalema 37:29.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Batho ba ba nang le bolwetse jo bo sa foleng kgotsa jo bo masisi jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ba ka nna ba tshwanelwa ke go bona ngaka e e itseng bolwetse joo.—Mathaio 9:12.

^ ser. 14 Makasine wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2009, o na le thulaganyo e e solegelang molemo ya go bala Baebele.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

“Ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.”—EKESODO 3:7, 8

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

“Fa ke ne ke tshwenyegile thata, o ne wa nkgomotsa mme wa dira gore ke se ka ka boifa.”—PESALEMA 94:19, CONTEMPORARY ENGLISH VERSION

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

“Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.”—BAFILIPI 4:7

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Ditemana Tse di Gomotsang Tse di Buang ka Jehofa Modimo

“Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.”—EKESODO 34:6.

“Matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 DITIRAGALO 16:9.

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—PESALEMA 34:18.

“Wena, Jehofa, o molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela.”—PESALEMA 86:5.

“Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.”—PESALEMA 145:9.

“Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—ISAIA 41:13.

“A go bakwe . . . Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.” —2 BAKORINTHA 1:3.

“Re tla tlhomamisetsa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe ka ga selo le fa e le sefe se dipelo tsa rona di ka re bonang molato mo go sone, ka gonne Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.”—1 JOHANE 3:19, 20.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Ba Lebana ka Katlego le Maikutlo a a Kgobang Marapo

“Rre ke lekgoba la bojalwa, mme o ne a mpogisa. Ga ke bolo go ikutlwa ke le motho yo e seng wa sepe. Mme fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ile ka ithuta ka tsholofetso ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Tsholofelo eno e ile ya dira gore ke nne ke itumetse. Go bala Baebele ka metlha e ne ya nna karolo ya botshelo jwa me. Ke dira gore ka metlha Baebele e nne e le gaufi. Fa ke utlwa ke kgobegile marapo thata, ke bula Baebele ke bo ke bala ditemana tse di gomotsang. Go bala ka dinonofo tsa Modimo tse di itumedisang go ntlhomamisetsa gore ruri ke botlhokwa mo matlhong a gagwe.”—Mosadi wa dingwaga di le 33 e bong Kátia. *

“Ke ne ke tshwakgotswe ke bojalwa, marijuana, cocaine, crack cocaine e bile ke goga glue. Fa ke sena go felelwa ke mo e ka nnang dilo tsotlhe tse ke neng ke na le tsone, ke ne ka simolola go nna mokopi. Mme fa ke sena go simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka fetola botshelo jwa me gotlhelele. Ke ne ka simolola go nna le kamano e e gaufi le Modimo. Le fa gone ke sa ntse ke lwa le maikutlo a go ipona molato le go ikutlwa ke se motho wa sepe, ke ithutile go ikaega ka kutlwelobotlhoko ya Modimo le bopelonomi jwa gagwe jwa lorato. Ke tlhomamisegile gore Modimo o tla tswelela a nnonotsha gore ke fenye maikutlo a a kgobang marapo. Go itse boammaaruri jwa Baebele ke sengwe se se molemo go di gaisa tsotlhe se se kileng sa ntiragalela.”—Monna wa dingwaga di le 37 e bong Renato.

“Go tswa bonnyaneng ke ne ke tle ke ipapise le nkgonne. Ka metlha ke ne ke ipona ke se motho wa sepe fa ke ipapisa le ene. Ke sa ntse ke inyatsa e bile ke ipelaela. Mme ke ikemiseditse go fenya ntwa eno. Ke rapetse Jehofa ke sa kgaotse, mme o nthusitse go fenya maikutlo a go inyatsa. Go itse gore Modimo o a nthata le go nkgathalela go nkgothatsa tota!”—Mosadi wa dingwaga di le 45 e bong Roberta.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 45 Maina mangwe a fetotswe.