Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele le Fetola Matshelo a Batho

Baebele le Fetola Matshelo a Batho

Baebele le Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se se neng sa tlhotlheletsa motho yo pele e neng e le lesole la motsuolodi e bile e le legodu gore a fetole botshelo jwa gagwe? Ke ka ntlha yang fa mmampodi wa motshameko wa go lwa go sa dirisiwe dibetsa a ne a fetola mekgele ya gagwe? Ke eng se se neng sa diragala ka go bo Rre mongwe a ne a sa tlhoboga morwawe? Bala dipego tseno gore o bone dikarabo.

“Le fa ke ne ke tshela ka tsela e e sa itumediseng mo nakong e e fetileng, gone jaanong ke itumetse.”—GARRY P. AMBROCIO

DINGWAGA: 47

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: PHILIPPINES

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: LESOLE LA MOTSUOLODI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa motsaneng wa Vintar. Re ne re nna mo dipoeng tsa mokgatšha tse di neng di dikologilwe ke dithaba tse di tletseng ditlhare tse ditala, dinoka tse di phepa e bile go foka phefo e e monate mo go tsone. Le fa re ne re nna mo lefelong le le didimetseng, botshelo bo ne bo le thata. Batho ba ne ba utswa leruo la rona ba bo ba re thubela mo ntlong.

Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke nwa thata le ditsala tsa me, ke goga motsoko e bile ke utswa madi gore ke reke motsoko le bojalwa. Ke ne ka ba ka utswela mmèmogolo dibenyane. Masole a ne a belaela gore ke mo setlhopheng sa batsuolodi se se bidiwang New People’s Army (NPA) mme gantsi ba ne ba ntitaya botlhoko. Ka ntlha ya seno, ke ne ka swetsa ka gore ke tsene mo setlhopheng seo sa batsuolodi. Ke ne ka nna kwa dithabeng le masole a NPA ka dingwaga di le tlhano. Botshelo bo ne bo le thata. Re ne re nna re le mo tseleng, re tshaba masole. Kgabagare ke ne ka lapisiwa ke go iphitlha mo dithabeng, ka jalo ke ne ka ineela kwa mmusing wa kwa Ilocos Norte. O ne a ntshwara sentle a bo a nthusa go bona tiro e e siameng. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka latlha mekgwa ya me e e bosula, go thuba mo matlong le go tshosetsa batho.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Kwa ke neng ke bereka gone go ne go na le mosadi mongwe yo o bidiwang Loida yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a nkopanya le Jovencio yo o neng a simolola go ithuta Baebele le nna. Mme go ne go le thata go tlogela tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ke ne ke goga motsoko pele Jovencio a tla go ithuta Baebele le nna e bile ke ne ke sa ntse ke dira ditiro tsa tlolomolao. Kgabagare mapodise a ne a ntshwara ke tlola molao mme ke ne ka tswalelwa dikgwedi di le 11 mo kgolegelong. Ka nako eo, ke ne ka rapela Jehofa ke mo kopa gore a nthuse. Ke ne ka kopa gore a intshwarele le gore a nneye moya wa gagwe o o boitshepo gore o nkaele le go nnonotsha.

Moragonyana, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a nketela kwa kgolegelong mme a ntlela Baebele. Ke ne ka e bala mme ka ithuta gore Jehofa o pelotlhomogi e bile o lorato le gore o itshwarela maleo. Ke ne ka lemoga gore Jehofa o ne a nkutlwetse botlhoko e bile a nneile tshono ya go ithuta ka ga gagwe. Ke ne ka mo kopa gore a nnonotshe gore ke tlogele mekgwa e e sa siamang. Mafoko a ke neng ka a bala mo go Diane 27:11 a ne a ntlhotlheletsa fela thata. Ke ne ke tsaya gore Jehofa o bua le nna ka tlhamalalo ka mafoko ao. A re: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”

Fa ke sena go gololwa kwa kgolegelong, ke ne ka simolola go ithuta Baebele gape le Basupi, ka simolola go ya dipokanong tsa bone le go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa me. Kgabagare ke ne ka kgona go latlha mekgwa e e bosula ka thuso ya ga Jehofa. Go tswa foo, ke ne ka ineela mo go Jehofa Modimo.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Le fa ke ne ke tshela ka tsela e e sa itumediseng mo nakong e e fetileng, gone jaanong ke itumetse. Le fa ke ne ke tshwakgotswe ke mekgwa e e sa siamang, jaanong ke apere botho jo bosha. (Bakolosa 3:9, 10) Gompieno ke na le tshiamelo ya go kopanela mmogo le batho ba ga Jehofa ba ba phepa le go thusa batho ba bangwe go ithuta ka Modimo Mothatayotlhe, Jehofa.

“Ke ne ke batla go tshamekela Brazil.”—JULIANA APARECIDA SANTANA ESCUDEIRO

DINGWAGA: 31

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE:BRAZIL

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MMAMPODI MO MOTSHAMEKONG WA GO LWA O SA DIRISE DIBETSA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa Londrina. Le fa bontsi jwa batho ba ne ba humanegile, kgaolo eno e ne e le lefelo le le phepa le le le didimetseng. Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, nkgonne o ne a nkgothaletsa gore ke tsamaye le ene ke ye go ikatisetsa motshameko wa go lwa o sa dirise dibetsa o o bidiwang tae kwon do, e e rayang “go dirisa diatla le maoto.” Rre o ne a sa rate gore ke ithute motshameko ono, mme go ise go ye kae o ne a ineela.

Ke ne ka dira ka natla fa ke ikatisa mme ka nna mmampodi mo dikgaisanong di le dintsi tsa tae kwon do kwa kgaolong ya Parana. Moragonyana ke ne ka nna mmampodi mo dikgaisanong tsa naga yotlhe, mme ka 1993 go ne ga itsisewe gore ke mmampodi wa tae kwon do kwa Brazil. Ke ne ke batla go tsenela dikgaisano tsa bommampodi tsa ditšhabatšhaba. Le fa go ntse jalo, ba lelapa la gaetsho ba ne ba humanegile mme ba se na madi a go ntuelela gore ke ye moseja.

Ke ne ke solofetse gore tae kwon do e ne e tla tsenngwa mo metshamekong ya Diolimpiki mme kgabagare e ne ya tsenngwa. Ke ne ke batla go tshamekela Brazil kwa Metshamekong ya Diolimpiki, ka jalo ke ne ka dira ka natla fa ke ikatisa mme ka thusiwa ka madi gore ke kgone go ya dikgaisanong kwa Fora, Vietnam, Korea Borwa le kwa Japane le kwa dikgaisanong tsa South American Games. Morago ga foo mokgele wa me e ne ya nna gore ke tsenele dikgaisano tsa Pan American Games mme ke ne ka dira sentle thata mo ke neng ka tlhophiwa gore ke nne mongwe wa batho ba bararo ba ba neng ba tla tsenela dikgaisano tseo kwa Santo Domingo, Dominican Republic ka 2003.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Ka 2001, nna le lekau la me re ne ra kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ba ne ba simolola go re ruta Baebele. Kwa tshimologong ke ne ke sa kgatlhegele thuto eno go le kalo. Ke ne ke nna ke lapile ka metlha e bile ke thulamela fa thuto e ntse e tsweletse. Le fa go ntse jalo, se ke neng ke se ithuta se ne sa nkama pelo—seo se ne sa bonala mo kgaisanong e kgolo e ke neng ka ya kwa go yone moragonyana.

E re ka ke ne ke tlhophilwe go nna mo setlhopheng sa Pan American Games, bakatisi ba tae kwon do ba ne ba dira gore ke tsenele dikgaisano tse di nnang gone pele ga metshameko eo. Fa go tla nako ya gore ke lwe, ke ne ka ema fela ke sa dire sepe—ke sa kgatlhegele go lwa gotlhelele. Jaanong ke ne ke lemoga gore Mokeresete ga a tshwanela go lwa le ba bangwe—tota le fa e le mo motshamekong! Ke ne ka gopola taelo e e mo Baebeleng e e reng “o rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 19:19) Ke ne ka retologa mme ka tswa mo lefelong le go lwelwang mo go lone ke sa ikwatlhaye le go ikwatlhaya. Batho ba ne ba ntebelela ba sa dumele se ba se bonang.

Fa ke tsena kwa lapeng, ke ne ka simolola go ipotsa gore ke tlile go dirang ka botshelo jwa me. Ke ne ka tsaya boroutšhara jo bo gatisitsweng ke Basupi jo bo neng bo tlhalosa gore Modimo o batla gore re direng. Ke ne ka bona temana ya Pesalema 11:5 e e buang jaana ka ga Jehofa: “Moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” Mafoko ao a mopesalema a ne a nkama pelo mme ka swetsa ka gore ke tlogele tae kwon do.

Bakatisi ba me ba tae kwon do ba ne ba sa itumelela seo. Ba ne ba leka go dira gore ke fetole mogopolo ka go mpolelela gore ke ne ke gaisa ba bangwe botlhe mo nageng yotlhe le gore go ne go setse go le gaufi gore ke tsenele dikgaisano tsa Metshameko ya Olimpiki. Mme gone ke ne ke setse ke dirile tshwetso.

Nna le lekau la me re ne re setse re nyalane ka nako eo. O ne a setse a tsamaya le Basupi mo tirong ya bone ya go rera phatlalatsa. O ne a tle a boele gae a itumetse mme a mpolelela ka metlotlo yotlhe e a nnileng le yone le batho ba bangwe. Ke ne ke itse gore le nna fa ke ne ke batla go dira tiro eno, ke ne ke tla tshwanelwa ke go fetola botshelo jwa me. Ke ne ka tlogela bodumedi jwa me jwa pele mme kgabagare ka tshwanelega go nna Mosupi yo o kolobeditsweng.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Nna le monna wa me re itumetse thata e bile re seoposengwe ka gonne re leka go dirisa melaometheo ya Baebele mo lenyalong la rona. Ke itumelela go mo ema nokeng fa a ntse a thusa go tlhokomela phuthego e re kopanelang le yone. Ke ne nka dira ka natla gore ke gape sekgele sa gouta ke bo ke tume. Mme ke akanya gore ga go sepe se se mo lefatsheng leno le le nang le tshiamololo se se ka tshwanang le tshiamelo ya go direla Jehofa Modimo.

“Rre ga a ka a ntlhoboga.”—INGO ZIMMERMANN

DINGWAGA: 44

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: JEREMANE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MODISA WA TLELAPA YA TANTSHE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe mo lelapeng la batsadi ba ba neng ba le mo madumeding a a farologaneng kwa toropong ya moepo wa malatlha ya Gelsenkirchen. Rre e ne e le Mosupi wa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, Mmè o ne a mo ganetsa fa a leka go godisa nna, morwarre le bokgaitsadiake ba babedi go ya ka se a se dumelang. O ne a bereka diura di le lesome kgotsa go feta ka letsatsi a kgweetsa diteraka. Gantsi o ne a simolola tiro ka ura ya bobedi kgotsa ya boraro mo mosong. Le fa go ntse jalo, o ne a dira ka natla go re thusa gore re nne le kamano le Modimo. Mme ke ne ke sa anaanele se a neng a se dira.

Fa ke le dingwaga di le 15 ke ne ke lapisiwa ke go ya dipokanong tsa bodumedi tse a neng a nkisa kwa go tsone, mme ke ne ka tsuologa. Morago ga ngwaga, ke ne ka tsena mo tlelapeng ya go lwa ka mabole. Mo dingwageng di le pedi tse di latelang, ke ne ka opisa Rre tlhogo ka tsela e ke neng ke itshwara ka yone. Ke ne ka tswa mo gae fa ke tshwara dingwaga di le 18.

Ke ne ke rata metshameko ka pelo ya me yotlhe mme ke ne ke ikatisa mo e ka nnang makgetlho a le marataro ka beke—ke simolola ka ntwa ya mabole go tswa foo ke bo ke tsholetsa ditshipi. Ka mafelobeke nna le ditsala tsa me re ne re tlhola re ya kwa ditlelapeng tsa tantshe. Nako nngwe ke ne ka lwa le mongwe yo o neng a tlile tlelapeng yo o neng a lebega a tshosa mme ka mo fenya motlhofo fela. Mong wa tlelapa eo o ne a lemoga seo mme ka yone nako eo a nkopa gore ke nne modisa wa tlelapa. O ne a tla ntuela madi a a kgotsofatsang, ka jalo ke ne ka dumela.

Mafelobeke mangwe le mangwe ke ne ke ema mo kgorong ya tlelapa ke bo ke dira tshwetso ya gore ke mang yo o tshwanelang go tsena kgotsa yo o sa tshwanelang go tsena. Ka dinako tse dingwe go ne go a tle go tle batho ba ka nna 1 000, ka jalo ke ne ke nna ke semeletse. Gantsi go ne go lowa. Ke ne ke tshosediwa ka ditlhobolo le ka mabotlolo a a thubegileng. Bangwe ba batho ba ke neng ke gana ba tsena kgotsa ke ba leleka mo tlelapeng ba ne ba nkemela kwa ntle gore ba tle go leka go ipusolosetsa. Ke ne ke na le dingwaga di le 20 mme ke ne ke akanya gore ga go na ope yo o ka ntirang sepe. Mme tota ke ne ke sa laolege—ke le dikgoka, ke ikgogomosa, ke rata maemo e bile ke le tlhogoethata.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Rre ga a ka a ntlhoboga. O ne a rulaganya gore ke romelelwe dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! * Di ne tsa koelana mo phaposing ya me—ke sa di bale. Mme letsatsi lengwe ke ne ka tsaya dingwe tsa tsone ka di leba. Ditlhogo tse ke neng ka di bala tse di bontshang gore tsamaiso ya dipolotiki, ya itsholelo le ya bodumedi e tla fela, di ne tsa ntlhotlheletsa gore ke founele kgaitsadiake. Ene le monna wa gagwe e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ithaopa go ithuta Baebele le nna mme ke ne ka dumela.

Molaomotheo o o mo go Bagalatia 6:7 o ne wa ntlhotlheletsa gore ke dire diphetogo mo botshelong jwa me. Ke ne ke setse ke lemogile mo botshelong gore se ke se dirang, se ke se buang kgotsa ditshwetso tse ke di dirang di tla ama botshelo jwa me mo isagweng. Gape ke ne ka kgothadiwa thata ke mafoko a a mo go Isaia 1:18 a a reng: “‘Tlang jaanong, mme re tlhamalatseng dilo fa gare ga rona,’ go bua Jehofa. ‘Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.’” Temana eno e ke e boneng fa ke simolola go ithuta e ne ya nthusa gore ke se ka ka ikutlwa ke sa tshwanelege kgotsa go akanya gore nka se kgone go boela kwa go Jehofa.

Mo dikgweding di le thataro, ke ne ka dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa me mme go ne go se motlhofo. Ke ne ke tshwanetse go tswa mo tikologong e e sa siamang e ke neng ke bereka mo go yone le go tlogela batho ba ba ratang dikgoka ba ke neng ke tshela le bone. Ka jalo ke ne ka simolola go bolelela ditsala tsa me gore ke ne ke ithuta Baebele mme ka ba tlotlela se ke neng ke se ithuta. Ba ne ba simolola go nkatoga mme ba mpitsa moruti. Kgaitsadiake o ne a nthusa go bona tiro e nngwe e e botoka.

Gape ke ne ka simolola go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi e kgaitsadiake le monna wa gagwe ba neng ba ya kwa go yone le fa e ne e le bokgakala jwa dikilometara di le 30 go tswa kwa ke nnang gone. Go ne go na le Holo ya Bogosi gaufi le kwa ke neng ke nna teng mme ke ne ke tshaba go kopana le batho ba ba neng ba nkitse go tloga ke sa le monnye. Gape ke ne ke boifa go rera ka ntlo le ntlo mo tikologong e ke neng ke nna kwa go yone. Ke ne ke tla dirang fa ke ne nka kopana le motho yo ke neng ka mo leleka kwa tlelapeng bosheng kgotsa mongwe yo ke neng ke mo neile diokobatsi? Le fa go ntse jalo, ke ne ka dirisa sengwe se ke neng ke se ithutile fa ke ikatisa—dilo tse go leng thata go di dira fa o ikatisa ke tsone tse di botlhokwa thata. Ka jalo, e ne ya re fela fa ke tshwanelega, ka simolola go rera gantsi ka fa ke neng nka kgona ka gone.

Go ne go na le kgwetlho e nngwe e ke neng ke tshwanetse go e fenya—ke ne ke sa rate go bala kgotsa go ithuta. Mme gone ke ne ke itse gore fa ke batla go nna le tumelo e e nonofileng, ke ne ke tshwanetse go ithuta boammaaruri jwa Baebele ka tlhagafalo. Ke ne ka lemoga gore fela jaaka fa motho a dira fa a tsholetsa ditshipi, ke ne ke tshwanetse go dira maiteko gore ke nne le maatla.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Se se itumedisang ke gore ke ne ka tlogela mekgwa e e sa siamang e ise e mpolaye! Ke sa ntse ke tlhoka go ikela tlhoko gore ke se ka ka ineela mo makoeng a me. Le fa go ntse jalo, jaanong ke itumelela botshelo jwa lelapa le mosadi wa me, yo o nang le botho jo bo molemo jwa Bokeresete. Ke na le ditsala tsa mmatota tse nka di ikanyang tsa Basupi ba ga Jehofa. Rre o ne a tlhokafala dingwaga di le tlhano tse di fetileng, mme pele a tlhokafala o ne a itumelela go amogela morwawe gape.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 34 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.