Gomotsa ba ba Swetsweng, Jaaka Jesu A ne A Dira
Gomotsa ba ba Swetsweng, Jaaka Jesu A ne A Dira
LASARO, yo o neng a nna kwa Bethani o ne a lwala thata. Bokgaitsadie e bong Maratha le Marea ba ne ba roma barongwa kwa go Jesu, tsala ya bone e kgolo. Mme Lasaro o ne a tlhokafala ka ntlha ya bolwetse. Fa a ntse a le mo lebitleng, ditsala le baagelani ba ne ba etela Maratha le Marea “gore ba ba gomotse.” (Johane 11:19) Kgabagare, Jesu o ne a goroga kwa Bethani mme a ya go bona ditsala tsa gagwe tse a di ratang. Fa re akanya ka se a neng a se bua le se a neng a se dira, re ka ithuta sengwe malebana le kafa re ka gomotsang ka teng batho ba ba swetsweng.
Go ya Kwa Bathong ba ba Swetsweng go Bontsha Gore o Amega ka Bone
Fa Jesu a ya kwa Bethani, o ne a tshwanelwa ke go tsamaya malatsi a ka nna mabedi, a kgabaganya Noka ya Joredane, a tsamaya mo tseleng e e motsopodia e e palamelang e e tswang kwa Jeriko. Ka bonako, Maratha o ne a ya go dumedisa Jesu kwa ntle ga motse. Moragonyana fa Marea a utlwa gore Jesu o teng, le ene o ne a itlhaganela a ya go mmona. (Johane 10:40-42; 11:6, 17-20, 28, 29) Ruri bokgaitsadie Lasaro ba ba ngomogileng pelo ba ne ba gomodiwa ke go tla ga ga Jesu.
Le gompieno fa re ya kwa bathong ba ba mo kutlobotlhokong, seo se ka ba gomotsa. Scott le Lydia ba morwa wa bone wa dingwaga tse thataro e bong Theo a neng a swela mo kotsing, ba re: “Re ne re tlhoka gore ditsala le ba lelapa ba re eme nokeng. Ba ne ba rwala masigo ka tlhogo ba tla go re tlhola kwa bookelong.” Ditsala tseno di ne tsa reng? “Ka nako eo re ne re sa tlhoke gore ba bue sepe. Go tla ga bone fela go ne go bontsha gore tota ba amega ka rona.”
Baebele ya re fa Jesu a bona ba ba neng ba lela ka gonne Lasaro a sule, o ne “a tshwenyega” mme “a tsholola dikeledi.” (Johane 11:33-35, 38) Jesu o ne a sa tseye go lela fa pele ga batho ba bangwe e le bokoa. O ne a utlwa botlhoko jo ba neng ba bo utlwa ka gonne ba swetswe. Re ithuta eng? Fa re etetse batho ba ba swetsweng, ga re a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke go lela le ba ba lelang. (Baroma 12:15) Ka fa letlhakoreng le lengwe, o se ka wa akanya gore o tshwanetse go pateletsa motho yo o swetsweng gore a lele. Ba bangwe ba ka nna ba tlhopha go lela ba le bosi.
Reetsa ka Kutlwelobotlhoko
Jesu o ka tswa a ne a akantse mafoko mangwe a a neng a ka gomotsa Maratha le Marea ka one, mme go lebega a ne a ba letla gore ba bue pele. (Johane 11:20, 21, 32) Fa a bua le Maratha, o ne a mmotsa potso a bo a mo reetsa.—Johane 11:25-27.
Go reetsa ka kelotlhoko go bontsha gore tota o a amega. O tshwanetse go reetsa sentle gore o kgone go gomotsa motho yo o swetsweng. Re ka bontsha gore re bareetsi ba ba molemo ka go botsa batho ba ba swetsweng dipotso tse di dirang gore ba kgone go go bulela mafatlha. Le fa go ntse jalo, o nne kelotlhoko gore fa ba sa batle go tlotla, o se ka wa ba pateletsa go dira jalo. Ba ka tswa ba lapile mme ba tlhoka go ikhutsa.
Batho ba ba mo khutsafalong ba ka nna ba kgoberega maikutlo mme ka dinako tse dingwe ba ka boaboeletsa dilo tse ba di buileng. Ba bangwe ba tlhalosa kafa ba ikutlwang ka gone. Marea le Maratha ba ne ba raya Jesu mafoko a a tshwanang ba re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” (Johane 11:21, 32) Jesu o ne a dirang? O ne a reetsa ka bopelotelele e bile a bontsha gore o ba utlwela botlhoko. Ga a ka a ba bolelela gore ba tshwanetse go ikutlwa jang. Kwa ntle ga pelaelo o ne a tlhaloganya gore ba ne ba utlwile botlhoko thata.
Fa o sa itse gore o reng fa o etetse motho yo o swetsweng, o ka simolola motlotlo ka go botsa jaana, “A o ka rata go tlotla ka kgang eno?” Go tswa foo o bo o mo reetsa ka tlhoafalo fa a araba. Tlhoma mogopolo mo go se a se buang. Mo lebe mo matlhong mme o leke go tlhaloganya tsela e a ikutlwang ka yone.
Ga go motlhofo go tlhaloganya tsela e motho yo o swetsweng a ikutlwang ka yone. Lydia a re: “Se re neng re se tlhoka mo bathong se ne sa fetoga. Ka dinako tse dingwe re ne re sa kgone go itshwara re bo re thubega ka selelo fa pele ga baeng. Se re neng re se batla fela e ne e le gore batho ba tlhaloganye tsela e re ikutlwang ka yone. Ditsala tsa rona di ne tsa leka ka natla go tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone.”
Jesu ke sekao se se molemo sa go dira jalo. O ne a itse gore mongwe le mongwe o na le “sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe.” (2 Ditiragalo 6:29) Jesu o ne a araba Marea le Maratha ka ditsela tse di sa tshwaneng fa a ne a kopana le bone. Maratha o ne a tswelela pele a bua, ka jalo Jesu o ne a tlotla le ene. E re ka Marea a ne a lela, Jesu ga a ka a bua le ene lobaka lo loleele. (Johane 11:20-28, 32-35) Re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe? Go ka nna molemo gore o letle gore motho yo o swetsweng e nne ene a etelelang motlotlo pele. A ka gomodiwa thata ke go bona kafa o iketleeleditseng ka gone go mo reetsa fa a tlhalosa kafa a utlwileng botlhoko ka teng.
Mafoko a a Fodisang
Fa Marea le Maratha ba ne ba raya Jesu ba re: “Fa o ka bo o ne o le fano,” ga a ka a pega ope molato kgotsa a kgopisiwa ke se ba neng ba se bua. O ne a araba Maratha a mo tlhomamisetsa jaana: “Kgaitsadio o tla tsoga.” (Johane 11:23) Jesu o ne a dirisa mafoko ao a makhutshwane go mo thusa gore a se ka a itlhoboga mme a mo gakolola ka bopelonomi gore go ne go na le tsholofelo.
Fa o bua le batho ba ba swetsweng, gakologelwa gore mafoko a a tswang pelong le a a kgothatsang, le fa a ka nna makhutshwane go le kana kang, a ka kaya go le gontsi. O ka ba kgothatsa ka go bua le bone kgotsa ka go ba kwalela. E re ka motho a ka kgona go boa a bala lekwalo kgotsa karata gape, e ka mo gomotsa ka lobaka lo loleele. Dikgwedi di le robongwe monna wa ga Kath e bong Bob a sena go tlhokafala, Kath o ne a boa a bala gape dikarata tsotlhe tse a neng a di amogetse. O ne a re, “Di ne tsa nthusa thata ka nako eo go feta fa ke ne ke di amogela. Ke gone ke neng ka gomotsega.”
Ke eng se o ka se kwalang ka bokhutshwane go gomotsa motho yo o swetsweng? O ka kwala ka ga motho yo o tlhokafetseng—sengwe se o kileng wa se dira le ene kgotsa nonofo nngwe e o neng o e rata ka ene. Kath a re: “Dilo tse di molemo tse di neng di buiwa ka Bob le botho jwa gagwe di ne di intumedisa e bile di nkama pelo. Dilo tse di kgatlhang tse di neng di kwadilwe ka ga gagwe di ne di ntshegisa mme di nkgopotsa dinako tse re neng ra di itumelela mmogo. Dikarata di le dintsi tse ke di ratang thata di nopotse ditemana tsa Baebele.”
Ba Thuse Ka se Ba se Tlhokang
Jesu o ne a thusa lelapa la gaabo Lasaro ka go dira sengwe se rona re ka se kang ra kgona go se dira. O ne a tsosa Lasaro mo baswing. (Johane 11:43, 44) Mme rona re ka dira dilo tse re ka di kgonang tse di ka ba solegelang molemo, tse di jaaka go ba apeela, go naya baeng ba bone boroko, go ba tlhatswetsa diaparo, go ba tlhokomelela bana, go ba direla ditiro tse ba tlhokang go di dira kgotsa go ba thusa ka sepalangwa. Kwantle ga pelaelo, batho ba ba swetsweng ba tla anaanela ditiro tse dinnye tse di bontshang lorato lwa mmatota.
Go a utlwala gore ka dinako tse dingwe batho ba ba utlwileng botlhoko ba ka nna ba tlhoka go nna ba le bosi. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa nna o ba tlhola ka nako e e tshwanetseng. Mmè mongwe yo o tlhokafaletsweng ke ngwana a re: “Ga go na lobaka lo lo rileng lo motho a tshwanetseng go hutsafala ka lone kgotsa nako e e rileng e a tshwanetseng go ikutlwa botoka ka yone.” Bangwe ba leka go gopola motho yo o swetsweng fa e le letlha la tiragalo nngwe ya botlhokwa, jaaka letlha la lenyalo kgotsa la loso. Fa o nna teng ka dinako tse di tshwanang le tseno, o ka nna tsala ya botlhokwa tota ka dinako tseno tse di thata.—Diane 17:17.
Mafoko a a gomotsang a ga Jesu a ne a akaretsa tsholofelo eno e a neng a e naya barutwa ba gagwe: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.” (Johane 11:11) Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore go tla nna le tsogo ya baswi. O ne a botsa Maratha a re: “A o dumela seno?” Maratha o ne a re: “Ee, Morena.”—Johane 11:24-27.
A o dumela gore Jesu o tla tsosa baswi? Fa go le jalo, bolelela batho ba ba swetsweng ka tsholofelo eno ya botlhokwa. Ba thuse ka se ba se tlhokang. Se o se buang le se o se dirang se tla ba gomotsa.—1 Johane 3:18.
[Mmapa mo go tsebe 9]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
PEREA
Noka ya Joredane
Jeriko
Bethani
Lewatle la Letswai
Jerusalema
SAMAREA