Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diponatshegelo Tsa Lefelo la Moya

Diponatshegelo Tsa Lefelo la Moya

Diponatshegelo Tsa Lefelo la Moya

LE FA o ka tlhoma matlho kwa loaping ka lobaka lo lo kae, ga o ka ke wa bona motho wa moya. Le fa o ka reetsa jang ga o ka ke wa mo utlwa a bua. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o tlhomamisegile gore ditshedi tsa semoya di teng. Dibopiwa tsa moya di botlhale thata e bile di na le maatla mme sengwe le sengwe sa tsone se na le leina le botho jwa sone. Tse dingwe di batla go re thusa mme tse dingwe di batla go re utlwisa botlhoko. Tsotlhe di batla go tlhotlheletsa tsela e re tshelang ka yone.

Modimo wa boammaaruri ke Moya. (Johane 4:24) O na le leina le le mo tlhaolang mo medimong e mentsi ya maaka. Leina la gagwe ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Mopesalema o ne a re: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa. O boitshega go feta medimo e mengwe yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke medimo e e se nang mosola; mme fa e le Jehofa ene, o dirile magodimo. Seriti le bontlentle di fa pele ga gagwe; nonofo le bontle di mo lefelong la gagwe le le boitshepo.”—Pesalema 96:4-6.

Diponatshegelo Tsa Modimo wa Boammaaruri

Baebele e re bolelela jaana: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18) Ga re kgone go tlhaloganya ka botlalo tebego le bontlentle jwa gagwe, fela jaaka motho yo o tshotsweng e le sefofu a sa kgone go itse gore mebala e ntse jang. Mme fela jaaka morutisi yo o nang le bokgoni a ka tlhalosetsa baithuti dikgang tse di raraaneng a dirisa dilo tse ba ka di tlhaloganyang, Modimo le ene o dirisa Lefoko la gagwe Baebele go tlhalosa dilo tse re ka se kgoneng go di bona ka tse re ka kgonang go di bona. Jehofa o dirisa diponatshegelo tse di tlhotlheleditsweng tse a neng a di bontsha batho ba ba ikanyegang ba bogologolo go re thusa go bona ka leitlho la mogopolo gore magodimo a ntse jang le gore re amana jang le dibopiwa tsa moya tse di nnang koo.

Ka sekai, ponatshegelo nngwe e e neng ya bontshiwa moporofeti Esekiele e tshwantsha kgalalelo ya ga Jehofa le molelo, phatsimo, leje la safire le motshe wa godimo. Mo ponatshegelong e nngwe moaposetoloi Johane o bona Jehofa a le mo setulong sa gagwe sa bogosi mme a re Modimo “o tshwana le leje la jasepere le leje la botlhokwatlhokwa la mmala o mohibidu,” a bo a oketsa ka go re “go dikologa setulo seno sa bogosi go na le motshe wa godimo o o tshwanang le emeraleda ka ponalo.” Ditlhaloso tse di ntseng jalo di bontsha gore kwa Jehofa a leng teng go na le bontle jo bo tsabakelang e bile bo sa tlwaelega, go monate gape go sisibetse.—Tshenolo 4:2, 3; Esekiele 1:26-28.

Moporofeti Daniele le ene o ne a bona ponatshegelo e e tlhalosang Jehofa mme mo go yone o ne a bona dibopiwa tsa moya di le “dikete di le lesome di menagane ga dikete di le lesome tse di neng di eme fa pele ga [ga Jehofa].” (Daniele 7:10) Ruri se a se boneng se tshwanetse sa bo se ne se gakgamatsa! Go bona moengele a le mongwe, le fa e le mo ponatshegelong fela, go tshwanetse ga bo go ne go ka gakgamatsa, mme a ko o leke go akanya o bona baengele ba ba itekanetseng ba le diketekete!

Mo Baebeleng go buiwa ka baengele ka makgetlho a ka nna 400, mme ditlhopha tsa bone di akaretsa boserafe le ditšheruba. Lefoko la Segerika mmogo le la Sehebera a a ranotsweng go twe “moengele” mo Baebeleng a kaya “morongwa.” Ka jalo baengele ba ka kgona go buisana, e bile mo nakong e e fetileng ba ne ba buisana le batho. Baengele ga se batho ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng. Jehofa o ne a bopa dibopiwa tseno tsa moya lobaka lo loleele pele a bopa motho.—Jobe 38:4-7.

Mo ponatshegelong ya ga Daniele, matshutitshuti a baengele a ne a phuthegetse go tla go bona tiragalo nngwe e e tlhomologileng. Ka nako eo Daniele o ne a bona “mongwe yo o tshwanang le morwa motho” a atamela setulo sa ga Jehofa sa bogosi gore a newe “bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.” (Daniele 7:13, 14) “Morwa motho,” yo o nang le maemo kwa lefelong la moya, ke Jesu Keresete yo o tsositsweng, yo o neilweng bobusi mo lefatsheng lotlhe. Go ise go ye kae, puso ya gagwe e tla busa mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa batho mme e fedise bolwetse, khutsafalo, kgatelelo, khumanego le e leng loso.—Daniele 2:44.

Ruri go tlhomiwa ga ga Jesu e le kgosi go ne ga lere boitumelo jo bogolo mo baengeleng ba bantsintsi ba ba ikanyegang, ba ba batlelang batho dilo tse di molemo. Ka maswabi, ga se dibopiwa tsotlhe tsa moya tse di neng tsa itumela.

Baba ba Modimo le Batho

Kwa tshimologong, fa go sena go bopiwa batho ba ntlha, mongwe wa baengele yo o neng a batla go obamelwa o ne a tlhanogela Jehofa mme a itira Satane, ke gore, “Moganetsi.” Satane ke sebopiwa sa moya se se bosula go di gaisa tsotlhe mme o kgatlhanong le Jehofa yo o lorato go gaisa batho botlhe. Baengele ba bangwe ba ne ba tsuologa le Satane. Baebele e ba bitsa madimona. Fela jaaka Satane, madimona a fetogile baba ba ba setlhogo ba batho. Tlhotlheletso ya bone e bakile pogo e ntsi e e leng teng mo lefatsheng, go tlhoka tshiamiso, bolwetse, khumanego le dintwa.

Le fa mo dikerekeng tse dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete go sa tlhole go buiwa thata ka Satane, buka ya Baebele ya ga Jobe e re fa lesedi ka gore moengele yono wa motsuolodi ke motho yo o ntseng jang le gore maikaelelo a gagwe ke afe. Ya re: “Jaanong ya nna letsatsi le bomorwa Modimo wa boammaaruri ba neng ba tsena ba tla go ema fa pele ga ga Jehofa ka lone, mme Satane le ene a tsena mo gare ga bone.” Mo puisanong e e neng ya latela, Satane o ne a bua ka lenyatso a re Jobe o direla Modimo fela ka ntlha ya dilo tse a neng a mo naya tsone. Satane o ne a leka go supa maiphako a gagwe ka go tlisetsa Jobe mathata a mantsi, a bolaya diruiwa tsa gagwe le bana ba gagwe botlhe ba ba lesome. Morago ga foo, o ne a itaya Jobe ka ditlhagala tse di kotsi mo mmeleng otlhe. Maano otlhe a ga Satane ga a ka a kgona go supa maiphako a gagwe.—Jobe 1:6-19; 2:7.

Jehofa o na le mabaka a a utlwalang a go bo a letleletse Satane gore a tswelele a tshela ka lobaka lo loleele jaana, mme ga a kitla a mo tlogelela ruri. Go ise go ye kae, Diabolo o tla fedisiwa. Go setse go tserwe dikgato tsa ntlha tsa go mo fedisa mme di tlhalosiwa mo bukeng ya Tshenolo, e e senolang tiragalo e nngwe ya botlhokwa e e neng ya direga kwa lefelong la moya e re neng re ka se ka ra e bona. Re bala jaana: “Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele [Jesu Keresete yo o tsositsweng] le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela [Satane], le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana mme ya se ka ya fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba bonelwa bonno kwa legodimong. Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”—Tshenolo 12:7-9.

Ela tlhoko gore ga twe Satane ‘o tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ O tsietsa batho ka go rotloetsa dithuto tsa maaka tsa bodumedi gore di ba katosetse kgakala le Jehofa le Lefoko la gagwe. Nngwe ya dithuto tseo tsa maaka ke gore mongwe le mongwe yo o swang o ya kwa lefelong la moya. Go na le dikgopolo tse dintsi tse di sa tshwaneng malebana le thuto eno. Ka sekai, mo Afrika le kwa Asia, batho ba le bantsi ba dumela gore fa batho ba swa ba ya kwa lefelong la moya le bagologolwane ba bone ba nnang kwa go lone. Thuto ya pakatori le ya dihele le tsone di theilwe mo kgopolong ya gore motho o tswelela a tshela fa a sena go swa.

A fa Motho a Sena go Swa O ya Go Tshela Kwa Legodimong?

Mme go tweng ka thuto e e dumelwang ke batho ba le bantsi mo lefatsheng ya gore batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong? Gone ke boammaaruri gore go na le batho ba ba siameng ba ba yang kwa legodimong, mme palo ya bone e nnye fa e bapisiwa le dibilione tsa batho ba ba tlhokafetseng. Baebele ya re batho ba le 144 000 ba tla ‘rekwa mo lefatsheng’ mme ba tla direla e le “baperesiti” le ‘dikgosi tse di tla busang lefatshe.’ (Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3) Bone le Morwa motho e bong Jesu Keresete ba tla busa mo pusong ya kwa legodimong e leng Bogosi jwa Modimo. Puso eo e tla fedisa Satane le madimona a gagwe mme e tla dira lefatshe paradaise. Bontsi jwa batho ba ba suleng ba tla tsosiwa mo isagweng gore ba tshelele ruri mo lefatsheng leo la Paradaise.—Luke 23:43.

Ka bokhutshwane, go na le batho ba le bantsi ba moya ba ba tshelang kwa lefelong la moya. Yo mogolo mo go bone ke Jehofa Modimo, Mmopi wa dilo tsotlhe tse di tshelang. Go na le dimiriate tsa baengele ba ba mo direlang ka boikanyegi. Baengele ba bangwe ba ba neng ba eteletswe pele ke Satane ba ne ba tlhanogela Jehofa mme ba leka go tsietsa batho. Mo godimo ga moo, go na le palo e nnye ya batho ba ba “rekilweng” kgotsa ba ba tlhophilweng mo lefatsheng gore ba ye go nna le maikarabelo a a kgethegileng kwa legodimong. Re akantse ka seno, jaanong a re sekasekeng gore ke mang yo re ka buisanang le ene yo o kwa lefelong la moya le gore re ka buisana le ene jang.