Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O ne A Itse Gore Adame Le Efa Ba ne Ba Tla Leofa?

A Modimo O ne A Itse Gore Adame Le Efa Ba ne Ba Tla Leofa?

A Modimo O ne A Itse Gore Adame Le Efa Ba ne Ba Tla Leofa?

BATHO ba le bantsi ba botsa potso eno ka gonne tota ba batla go itse. Gantsi fa go tsoga kgang ya gore ke eng fa Modimo a letleletse boikepo, go felela go tlotliwa ka go leofa ga banyalani ba ntlha kwa tshimong ya Edene. Kgang ya gore ‘Modimo o itse sengwe le sengwe’ e ka dira gore bangwe ba akanye gore Modimo o tshwanetse a bo a ne a itse go sa le gale gore Adame le Efa ba ne ba tla tlola molao wa gagwe.

Fa e le gore ruri Modimo o ne a itse go sa le gale gore banyalani bano ba ba itekanetseng ba ne ba tla leofa, seno se ne se tla kaya eng? Kgopolo e e ntseng jalo e ne e ka dira gore Modimo a lebege a le bosula ka ditsela tse dintsi. O ne a tla lebega a se lorato, a se na tshiamiso e bile a se peloephepa. Bangwe ba ka nna ba go tsaya e le bosetlhogo gore Modimo a tsenye batho ba ntlha mo seemong se a neng a itse gore se tla nna le ditlamorago tse di botlhoko. Seo se ka dira gore go lebege e kete Modimo ke ene a bakileng—kgotsa o nnile le seabe—gore go nne le bosula jotlhe le go boga mo go ileng ga diragala go tla go fitlha gone jaanong. Batho ba bangwe ba ne ba tla tsaya gore Mmopi wa rona ke seeleele.

A Jehofa Modimo yo o tlhalosiwang mo Dikwalong o tshwanelwa ke tlhaloso e e ntseng jalo e e bosula? A re arabeng potso eo ka go sekaseka se Baebele e se buang ka ditiro tsa ga Jehofa tsa popo le ka botho jwa gagwe.

‘Se ne Se le Molemo Tota’

Pego ya Genesise e bolela jaana ka popo ya Modimo, e e akaretsang le batho ba ntlha mo lefatsheng: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Genesise 1:31) Adame le Efa ba ne ba bopilwe ba itekanetse gore ba kgone go nna mo lefatsheng. Go ne go se na sepe se se tlhaelang mo tseleng e ba bopilweng ka yone. E re ka ba bopilwe ba le “molemo tota,” ruri ba ne ba ka kgona go nna le boitshwaro jo bo molemo jo ba neng ba tshwanetse go nna le jone. Ba ne ba bopilwe “mo setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27) Ka jalo ba ne ba ka kgona go bontsha ka selekanyo se se rileng dinonofo tse di molemo tse di jaaka botlhale, lorato lo lo ikanyegang, tshiamiso le bomolemo. Go bontsha dinonofo tse di ntseng jalo go ne go tla ba thusa go dira ditshwetso tse di neng di tla ba solegela molemo le go itumedisa Rraabone yo o kwa legodimong.

Jehofa o ne a naya dibopiwa tseno tse di itekanetseng tse di botlhale kgololesego ya go itlhophela. Ka jalo, ruri ba ne ba sa bopelwa gore go itiragalele fela gore ba itumedise Modimo—jaaka e kete ke roboto e e diretsweng go dira tiro nngwe. Akanya fela. Ke mpho efe e o ka e itumelelang thata—e o e newang e le go ikgolola fela kgotsa e e tswang pelong? Karabo ga e gake. Ka tsela e e tshwanang, fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba tlhopha go ikobela Modimo, a ka bo a ile a anaanela go nna kutlo ga bone fela thata. Kgololesego ya go itlhophela e ne e dira gore banyalani ba ntlha ba kgone go ikobela Jehofa ka go bo ba mo rata.—Duteronome 30:19, 20.

O Tshiamo, O na Le Tshiamiso e Bile o Molemo

Baebele e re senolela dinonofo tsa ga Jehofa. Dinonofo tseno di dira gore a se ka a amana le boleo ka gope. Pesalema 33:5 ya re Jehofa “ke morati wa tshiamo le tshiamiso.” Ka jalo, Jakobe 1:13 ya re: “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” E re ka Modimo a le tekatekano e bile a amega ka batho, o ne a tlhagisa Adame jaana: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Banyalani ba ntlha ba ne ba newa tshono ya gore ba tlhophe botshelo jo bo sa khutleng kgotsa loso. A e ne e tla bo e se boitimokanyi gore Modimo a ba tlhagise ka boleo jo bo rileng mme a ntse a itse gore ba tlile go bo dira? E re ka Jehofa e le “morati wa tshiamo le tshiamiso,” o ne ka se re batho ba na le kgololesego ya go itlhophela mme e seyo.

Gape Jehofa o molemo thata. (Pesalema 31:19) Jesu o ne a tlhalosa bomolemo jwa Modimo jaana: ‘Motho ke mang mo go lona yo fa morwawe a mo kopa senkgwe—ga a na go mo naya leje, ga ke re? Kgotsa, gongwe, o tla kopa tlhapi—ga a na go mo naya noga, ga ke re? Jalo, fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rraalona yo o kwa magodimong a tla naya bogolo jang ne dilo tse di molemo ba ba mo kopang?’ (Mathaio 7:9-11) Modimo o naya dibopiwa tsa gagwe “dilo tse di molemo.” Tsela e batho ba neng ba bopilwe ka yone le legae la Paradaise le ba neng ba le baakanyeditswe le bontsha bomolemo jwa Modimo. A Molaodimogolo yo o molemo o ne a ka nna setlhogo jalo mo a neng a ka naya batho legae le lentle le a neng a setse a itse gore ba tla le amogiwa? Nnyaa. Mmopi wa rona yo o tshiamo e bile a le molemo ga se ene a bakileng botsuolodi jwa batho.

O “Botlhale a le Nosi”

Gape Dikwalo di bontsha gore Jehofa o “botlhale a le nosi.” (Baroma 16:27) Baengele ba Modimo ba ba kwa legodimong ba ne ba bona dilo tse dintsi tse di bontshang botlhale jono jo bo se nang selekanyo. Ba ne ba simolola go “goa ba baka” fa Jehofa a bopa dibopiwa tsa gagwe tsa mo lefatsheng. (Jobe 38:4-7) Kwantle ga pelaelo, dibopiwa tseno tse di botlhale tsa semoya di ne di lebeletse ditiragalo tsa kwa tshimong ya Edene di batla go bona se se tla diragalang. Ka jalo, a go ne go tla bo go utlwala gore e re Modimo yo o botlhale a sena go bopa lobopo lo lo gakgamatsang le dilo tse dintsi tse di molemo tse di mo lefatsheng, a bo a dira dibopiwa tse pedi tse di sa tshwaneng le dipe, bomorwawe ba baengele ba ntse ba lebeletse, mme a ntse a itse gore di ka se atlege? Ruri go ne go tla bo go sa utlwale go rulaganya masetlapelo a a ntseng jalo.

Le fa go ntse jalo mongwe a ka ganetsa a re, ‘Mme go ka tla jang gore Modimo yo o botlhale thata jaana a bo a ne a sa itse?’ Gone ke boammaaruri gore karolo nngwe ya botlhale jo bogolo jwa ga Jehofa ke gore o kgona go itse “bokhutlo go tswa kwa tshimologong.” (Isaia 46:9, 10) Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore a dirise bokgoni jono jwa gagwe, fela jaaka a sa tlhoke go dirisa maatla a gagwe a magolo ka botlalo ka dinako tsotlhe. Jehofa ka botlhale o tlhopha gore o dirisa leng bokgoni jwa gagwe jwa go itse dilo go sa le gale. O bo dirisa fa a bona go utlwala go dira jalo e bile maemo a tshwanela.

Bokgoni jwa go se dirise kitso ya go itse dilo go sa le gale bo ka tshwantshiwa le sengwe sa botegeniki jwa bosheng. Fa motho a lebeletse motshameko mongwe o o rekotilweng a ka kgona go tlhopha go lebelela pele karolo ya one ya bofelo. Mme ga a patelesege go simolola jalo. Ke mang yo o ka mo tshwayang phoso fa a tlhopha go lebelela motshameko oo go tswa fela kwa tshimologong ya one? Ka tsela e e tshwanang, Mmopi ga a ka a tlhopha go bona gore dilo di ne di tla felela jang. Go na le moo, o ne a tlhopha go leta pele mme fa ditiragalo di ntse di direga, a bone gore bana ba gagwe ba mo lefatsheng ba ne ba itshwara jang.

Jaaka go bontshitswe pelenyana, Jehofa ka botlhale jwa gagwe ga a ka a bopa batho ba ntlha ba tshwana le diroboto tse di dirilweng gore di dire dilo ka tsela e e rileng. Go na le moo, ka lorato o ne a ba naya kgololesego ya go itlhophela. Fa ba tlhopha tsela e e tshwanetseng, ba ne ba tla bontsha gore ba a mo rata, ba a leboga e bile ba kutlo, mme ka jalo ba oketse boitumelo jwa bone ba bo ba itumedise Jehofa yo e leng Rraabone yo o kwa legodimong.—Diane 27:11; Isaia 48:18.

Dikwalo di bontsha gore mo makgetlong a mantsi Modimo ga a ka a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go itse dilo go sa le gale. Ka sekai, fa Aborahame yo o ikanyegang a ne a leka go ntsha morwawe setlhabelo, Jehofa o ne a ka re: “Jaanong ruri ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana ka morwao yo o esi fela mo go nna.” (Genesise 22:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, gape go na le makgetlo a mo go one boitshwaro jo bo sa siamang jwa batho bangwe bo neng jwa dira gore Modimo a ‘utlwe botlhoko.’ A o ne a ka bo a utlwile botlhoko jalo fa a ne a sa bolo go itse gore ba tla dirang?—Pesalema 78:40, 41; 1 Dikgosi 11:9, 10.

Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore Modimo yo o botlhale go gaisa ga a ka a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go itse dilo go sa le gale gore a itse gore batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tla leofa. O ne a se seeleele mo a neng a ka bopela batho fela gore ba tshele botshelo jo bo nang le ditiragalo tse di nang le ditlamorago tse di botlhoko tse a neng a itse go sa le gale gore di tla diragala.

“Modimo ke Lorato”

Mmaba wa Modimo e bong Satane o ne a simolola botsuolodi jwa kwa Edene jo bo neng jwa nna le ditlamorago tse di sa siamang, go akaretsa boleo le loso. Ka jalo Satane e ne e le “mmolai.” Gape o ne a itshupa e le “moaki le rra one maaka.” (Johane 8:44, Baebele e e Boitshepo) E re ka a tlhotlhelediwa ke maitlhomo a gagwe a a sa siamang, o leka go dira gore go lebege Mmopi wa rona yo o lorato a na le maitlhomo a a sa siamang. A ka rata go pega Jehofa molato wa gore ke ene a dirileng gore batho ba leofe.

Nonofo ya lorato ke lebaka le le utlwalang la go bo Jehofa a ile a tlhopha gore a se ka a itse go sa le gale gore Adame le Efa ba ne ba tla leofa. Lorato ke nonofo ya Modimo ya konokono. Lekwalo la 1 Johane 4:8 la re: “Modimo ke lorato.” Lorato lo molemo, ga lo bosula. Lo batla se se molemo mo bathong ba bangwe. Ee, Jehofa Modimo o ne a tlhotlhelediwa ke lorato gore a batlele banyalani ba ntlha se se molemo.

Le fa bana ba Modimo ba mo lefatsheng ba ne ba ka itlhophela go dira tshwetso e e seng botlhale, Modimo wa rona yo o lorato o ne a sa belaele dibopiwa tsa gagwe tse di itekanetseng gore di ka dira bosula. O ne a ba neile sotlhe se ba neng ba se tlhoka mo botshelong le go ba itsise sengwe le sengwe se ba neng ba tlhoka go se itse. Go ne go tshwanela gore Modimo a ka lebelela gore ba mo ikobele ka gonne ba mo rata, e seng gore ba mo tsuologele. O ne a itse gore Adame le Efa ba ne ba ka kgona go ikanyega, jaaka seo se ile sa supiwa moragonyana ke banna ba ba sa itekanelang, ba ba jaaka Aborahame, Jobe, Daniele le ba bangwe ba bantsi.

Jesu o ne a re: “Mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” (Mathaio 19:26) Seo se a gomotsa. Lorato lwa ga Jehofa, mmogo le dinonofo tse dingwe tsa gagwe tsa konokono e leng tshiamiso, botlhale le maatla di tlhomamisa gore fa nako e ntse e ya a ka kgona e bile o tla fedisa ditlamorago tsotlhe tsa boleo le loso.—Tshenolo 21:3-5.

Go bonala sentle gore Jehofa o ne a sa itse go sa le gale gore banyalani ba ntlha ba ne ba tla leofa. Le fa Modimo a ne a utlwisiwa botlhoko ke go sa nne kutlo ga batho le go boga mo go neng ga latela, o ne a itse gore seemo seno sa nakwana se ne se ka se thibele go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe jwa gore lefatshe le nnele ruri le batho ba ba mo go lone. Ke eng fa o sa batle tshedimosetso e e oketsegileng ka boikaelelo joo le kafa o ka solegelwang molemo ka gone ke go diragadiwa ga jone ka tsela e e galalelang? *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 23 Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Jehofa ga a ka a bopa batho ba ntlha ba tshwana le diroboto tse di dirilweng gore di dire dilo ka tsela e e rileng

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Modimo o ne a itse gore Adame le Efa ba ne ba ka kgona go dira dilo ka boikanyegi