Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bokhutlo” ke Eng?

“Bokhutlo” ke Eng?

“Bokhutlo” ke Eng?

“. . . mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—MATHAIO 24:14.

BOSHENG jaana batho ba le bantsi ba bua thata ka bokhutlo jwa lefatshe. Dibuka, difilimi le dimakasine, go simolola ka tsa metlae go ya kwa go tse di theilweng mo saenseng, di bontsha dilo tse di farologaneng tse di tla diragalang ka letsatsi la katlholo e kgolo ya masetlapelo. Di akaretsa go gailwa ka ntwa ya nuklea, go thulana ga dipolanete tse dinnye, dibaerase tse di bolayang, maemo a a sa laolegeng a bosa kgotsa go tlhaselwa ke ditshedi tse di tswang kwa dipolaneteng tse dingwe.

Madumedi le one a leba kgang eno ka ditsela tse di farologaneng; a le mantsi a ruta gore “bokhutlo” bo tla fedisa sengwe le sengwe se se tshelang mo lefatsheng. Fa moithutabodumedi mongwe a akgela ka Mathaio 24:14 o ne a kwala mafoko ano a a masisi: “Temana eno ke nngwe ya tse di botlhokwa thata mo Lefokong lotlhe la Modimo . . . Kokomana ya rona e lebane le timetso e kgolo thata mo e leng gore bontsi jwa rona ga re leke le go akanya ka gore e tla nna jang.”

Gantsi dikgopolo tse di ntseng jalo di dira gore re tlodise ntlha eno ya botlhokwa matlho: Jehofa Modimo o ‘tlhomamisitse lefatshe thata’; ‘ga a le bopela lefela mme o le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18) Ka jalo, fa Jesu a ne a bua ka “bokhutlo,” o ne a sa reye gore lefatshe le tla senngwa; kgotsa gore batho ba tla nyelelediwa ruri. O ne a raya gore baikepi—batho ba ka botlhogoethata ba ganang go tshela go ya ka kaelo e e lorato ya ga Jehofa—ba ne ba tla senngwa.

Akanya ka sekai seno. A re re o na le ntlo e ntle mme o letla batho go nna mo go yone o sa ba duedise. Bangwe ba banni bao ba tshedisana ka kagiso le ba bangwe e bile ba tlhokometse ntlo ya gago sentle. Le fa go ntse jalo, banni ba bangwe ba baka mathata, ba a lwa e bile ba bogisa banni ba ba molemo ba ba dirisang ntlo eno le bone. Ba senya ntlo ya gago e bile ba tswelela ba e senya le fa o leka go ba thiba.

Ke eng se o ka se dirang go rarabolola bothata? A o tla senya ntlo ya gago? Le e seng. Gongwe o ka ntsha banni ba ba bosula o bo o baakanya se ba se sentseng.

Jehofa o tla dira se se tshwanang. O ne a tlhotlheletsa mopesalema go kwala jaana: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe. Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:9-11.

Moaposetoloi Petere o ne a bua ka se se tshwanang. O ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Go ne go na le magodimo go tswa bogologolong le lefatshe le eme le kitlane go tswa mo metsing e bile le le mo gare ga metsi ka lefoko la Modimo; mme lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi.” (2 Petere 3:5, 6) Fano moaposetoloi o bua ka Morwalela wa motlha wa ga Noa. Go ne ga senngwa lefatshe, ke gore, batho ba ba boikepo, e seng lefatshe le go nniwang mo go lone. Morwalela oo wa lefatshe lotlhe o ne o “tlhomela baikepi sekao sa dilo tse di tla tlang.”—2 Petere 2:6.

Go tswa foo, Petere o ne a re: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo.” Fa re ne re ka se bale go ya pele re ne re ka nna ra nna le kgopolo e e seng yone. Mme ela tlhoko gore temana eno fa e tswelela ya re: ‘Le go senngwa ga baikepi.’ Ga go senngwe lefatshe mme go senngwa baikepi. Morago ga foo go diregang? Petere o ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha [Bogosi jwa Modimo jo Mesia e tla nnang kgosi ya jone] le lefatshe le lesha [batho ba ba siameng] tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:7, 13.

Gape boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore nako ya gore “bokhutlo” bo tle e atametse. Bala Mathaio 24:3-14 le 2 Timotheo 3:1-5 go bona dilo dingwe tse di bontshang gore seo se boammaaruri. *

A o gakgamadiwa ke go bo Mathaio 24:14, temana e tota le ngwana a ka e tlhaloganyang, e tlhakanya batho tlhogo thata jaana? Go na le mabaka a go bo go ntse jalo. Satane o foufaditse batho gore ba se ka ba bona boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo mo Lefokong la Modimo. (2 Bakorintha 4:4) Gape Modimo o fitlhetse ba ba ikgodisang maikaelelo a gagwe mme a a senolela ba ba ikokobeditseng. Jesu o ne a bolela jaana malebana le kgang eno: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno mme o di senoletse masea.” (Mathaio 11:25) Ruri ke tshiamelo go nna mongwe wa batho ba ba ikokobeditseng ba ba tlhaloganyang gore tota Bogosi jwa Modimo ke eng e bile ba ka lebelela pele masego a bo tla a leretseng batho botlhe ba ba bo emang nokeng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bogosi bo tla dira gore boikepo jotlhe jo bo mo lefatsheng bo ye ‘bokhutlong’